2012
Malebo go Moruti wa Me wa Sekolo sa Sontaga
Seetebosigo 2012


Bonana

Malebo go Moruti wa Me wa Sekolo sa Sontaga

Tlelase ya Sekolo sa me sa Sontaga ga e ke e nna ka metlha ka tshisibalo. Ke rata go reetsa thuto beke le beke, mme nako tse dingwe go lebega jaaka ekete bangwe mo tlelaseng ba sa batle. Gantsi ba bua ka bo bone kgotsa ba tshameka ka dilo tsa motlhakase fa moruti a leka go re ruta. Ka maswabi, Ke iphitlhela ke le karolo ya bothata jo.

Beke nngwe re ne re le maswe go gaisa malatsi a mangwe, mme fa tlelase e fela, moruti wa rona o ne a gogeletswe kwa go leleng ka gore go ne go sena yo o neng a reetsa thuto ya gagwe. Jaaka fa re ne re tswa mo tlelaseng ya gagwe, Ke ne ka mo utlwela botlhoko.

Sontaga yo o latelang moruti wa rona o ne a tlhalosa fa a rapetse thata beke eo, a senka kaelo, mme go ne ga tla mo go ene gore go tlhokega gore a re bontshe filimi ya Kereke. O ne a simolola motshikinyego, yo o neng o le ka ga botshelo jwa ga Jeso Keresete le dikgakgamatso tse A didirileng.

Jaaka Ke ne ke akanya ka ga filimi mantsiboeng ao, Ke ne ka ikutlwa sengwe se se pharologanyo. Ka bofefo Ke ne ka lemoga fa Ke ikutlwa Mowa, go gaisa thata gona le pele. Ka tshoganetso Ke ne ka tsaya tshwetso ya gore Ke batla go dira diphetogo mo botshelong jwa me gore Ke nne thata jaaka Mmoloki, mme Ke ne ka lemoga gore maitemogelo a me a Sekolo sa Sontaga ka letsatsi leo a thatafaditse thata bopaki jwame. Ke leboga thata moruti wame wa Sekolo sa Sontaga le sengwe le sengwe seo a se direlang tlelase ya rona beke le beke.

Gatisa