2012
Thuto ya Ketelo, Thomo e e Boitshepo
Seetebosigo 2012


Molaetsa wa Thuto ya Ketelo, Seetebosigo 2012

Thuto ya Ketelo—Thomo e e Boitshepo

Bala sedirisiwa se, fa go tlhokega, buisanya le bakaulengwe bao ba etelang. Dirisa dipotso go thusa gore o thatafatse bakaulengwe mme o dire Mokgatlho wa Thuso gore e nne ntlha nngwe ya botshelo jwa gago e e tlhaga.

Setshwantsho
Letshwao la tlhwatlhwa la Mokgatlho wa Thuso

Tumelo, Lelwapa, Thuso

Jaaka fa lole baruti ba ketelo, re na le thomo ya botlhokwa ya semowa eo o tshwanetseng go e dira. “Bishopo, yo a tlhomilweng ele modisa wa wate, ga a kake a kgona go lebelela tsotlhe dinku tsa Morena ka nako ele nngwe. O ikaegile mo baruting bao ba ba tlhotlheleditsweng gore ba mo thuse.”1 Go senka le go amogela tshenolo ya gore ke mang yo o tshwanetseng go rongwa go lebelela mokaulengwe mongwe le mongwe go botlhokwa.

Tlhotlheletso e tla jaaka fa maloko a Mokgatlho wa Thuso a boporesidente a rapela ba buisana ditlhoko tsa batho le malwapa. Jalo, ka tetla ya ga bishopo, boporesidente jwa Mokgatlho wa Thuso ba fa thomo ka tsela eo e thusang bakaulengwe go tlhaloganya gore thuto ya ketelo e botlhokwa ele maikarabelo a semowa.2

Baruti ba ketelo ka bopelophepa ba tla go itse le go rata mokaulengwe mongwe le mongwe, ba mo thusa go thatafatsa tumelo ya gagwe, le go fa tirelo fa go tlhokega. Ba senka tlhotlheletso ya bone go itse gore ba ka itebaganya le ditlhoko tsa semowa le tsa selefatshe jang tsa mokaulengwe mongwe le mongwe.3

“Thuto ya ketelo e nna tiro ya Morena fa regoitebaganya ga rona go le mo bathong gona le diperesente. “Ka nnete, thuto ya ketelo ga e nke e fela. Ke tsela ya botshelo sentle gona le pereko.”4

Go tsweng mo Mafokong a a Boitshepo

Matthew 22:36–40; John 13:34–35; Alma 37:6–7

Gotsweng mo Ditsong tsa Rona

Eliza R. Snow, mogakolodi wa bobedi wa boporesidente jwa kakaretso wa Mokgatlho wa Thuso o ne a ruta gore, “Ke tsaya ofisi ya go ruta ele e e godimo ele ofisi e e boitshepo.” O gakolotse baruti ba ketelo go “go tlalwa ke Mowa wa Modimo, wa botlhale, wa boikokobetso, wa lorato” pele ga ba etela magae gore batle ba rurifatse ba ikopantshe le ditlhoko tsa semowa fela jaaka tsa selefatshe. O ne are, “O ka nna wa ikutlwa go bua mafoko a kagiso le kgomotso, mme fa o bona mokaulengwe a ikutlwa a tsidifetse, mo tseye o mo ise mo pelong ya gago jaaka o ka dira ngwana mo sehubeng sa gago go [mo] thuthahatsa.”5

Jaaka fa re gatela pele ka tumelo jaaka bakaulengwe ba pele ba Mokgatlho wa Thuso ba ne ba dira, re tlaa nna le Mowa o o Boitshepo go nna le rona le go re tlhotlheletsa go itse gore re ka thusa mokaulengwe mongwe le mongwe jang. “Tla [re] senkeng botlhale mo boemong jwa maatla,” ga bua Mokaulengwe Snow, “mme [re] tla nna le maatla otlhe[re] na le botlhale bo katisa.6

Dintlha

  1. Julie B. Beck, “Relief Society: A Sacred Work,” Liahona, Ngw. 2009, 114.

  2. Bona Handbook 2: Administering the Church (2010), 9.4.2.

  3. Bona Handbook 2, 9.5.1.

  4. Julie B. Beck, Liahona, Nov. 2009, 114.

  5. Eliza R. Snow, mo Daughters in My Kingdom: The History and Work of Relief Society (2011), 108.

  6. Eliza R. Snow, mo Daughters in My Kingdom, 45–46.

Gatisa