2012
O biditswe ke Modimo mme o Tlametswe ke Batho
Seetebosigo 2012


Molaetsa wa Boporesidente jwa Ntlha, Seetebosigo 2012

O biditswe ke Modimo mme o Tlametswe ke Batho

Setshwantsho
Ka Moporesidente Henry B. Eyring

Jaaka rele maloko a Kereke, re lalediwa gantsi go tlamela batho mo dipitsong go direla. Mo dingwageng tse di fitileng moithuti o o dingwaga tse 18 o ne a mpontsha gore go tewang go tlamela batlhanka ba Morena. Ke santse ke segofaditswe ke sekai sa gagwe sa boikokobetso.

O ne a sa tswa go simolola ngwaga wa ntlha wa gagwe kwa kholejeng. O ne a kolobeditswe mo go sa feteng ngwaga pele ga a tswa gae go ya go simolola dithuto tsa gagwe kwa unibesithing e tona. Koo Ke ne ke direla kele mobishopo wa gagwe.

Jaaka fa ngwaga wa sekolo o simologa, Ke ne ka nna le potsotherisanyo nae mo ofising ya ga bishopo. Ke gakologelwa go l gonnye ka puisanyo ya ntlha fa ese gore o ne a bua ka dikgwetlho tsa gagwe mo lefelong le lesha, mme ga Ke kitla ke lebala puisanyo ya rona ya bobedi.

O ne a kopa go mpona mo ofising yame. Ke ne ka gakgamala fa a ne are, “A re ka se rapele mmogo, A mme nka se nne lentswe?” Ke ne ke tloga kere Ke setse ke rapetse mme ke ne ke solofetse gore le ene o dirilefela jalo. Mo boemong joo Ke ne ka dumela.

O ne a simolola thapelo ya gagwe ka bopaki jwa gore o itse gore bishopo o biditswe ke Modimo. O ne a kopa Modimo gore a mpolelele gore ke dire eng mo mathateng a ditlhamorago tse dikgolo tsa semowa. Monna yo mmotlana o ne a bolelela Modimo gore o na le netefatso ya gore bishopo o setse a itse ditlhoko tsa gagwe le gore o tlaa fiwa kgakololo eo a e tlhokang go utlwa.

Jaaka fa a ne a bua, dikotsi tse di lebaganeng tseo a tlileng go di bona dine tsa tla mo tlhaloganyong yame. Kgakololo e ne ele motlhofo mme e filwe ka tlhamalalo e kgolo: rapela ka metlha, obamela melao, mme o se boife.

Monna yo mmotlana yo, a le ngwaga ele nngwe mo Kerekeng, o rutile ka sekai se Modimo a ka se dirang le moeteledipele jaaka fa a tlamelwa ka tumelo le dithapelo tsa bao a ba bileditsweng go ba direla. Monna yo mmotlana o ne a mpontsha maatla a molao wa kutlwisiso mo Kerekeng (bona D&C 26:2). Le fa tota Morena a bitsa batlhanka ba Gagwe ka tshenolo, ga ba kake ba bereka fa e se fela ba tlametswe ke bao ba ba ba bileditsweng go ba direla.

Ka tlhopho ya rona ya go tlamela, re dira ditsholofetso tse di masisi. Re solofetsa go rapelela batlhanka ba Morena le gore o tlaa ba etelelapele a ba thatafatsa (bona D&C 93:51). Re beeletsa gore re tla lebelela gape re solofele go ikutlwa tlhotlheletso gotsweng Modimong mo kgakololong ya bone le fa ba dira mo pitsong tsa bone gongwe le gongwe (bona D&C 1:38).

Tsholofetso eo e tlhoka go nne e shafadiwa mo dipelong tsa rona kgapetsa kgapetsa. Moruti wa gago wa Sekolo sa Sontaga o tlaa leka go ruta ka Mowa, mme fela jaaka o ka nna wa leka, moruti wa gago o kanna a dira diphoso fa pele ga tlelase. Wena, le fa go ntse jalo, o ka tsaya tshwetso ya go reetsa le go lebelela dinakwana tseo otlaa ikutlwang tlhotlheletso etla. Ka nako o tlaa lemoga diphoso tse di mokawana mme kgapetsa kgapetsa bosupi jwa gore Modimo o tlamela moruti yoo.

Jaaka fa re tsholetsa seatla go tlamela motho, re itlama go berekela maikaelelo a Morena a motho yo o a a bileditsweng go a diragatsa. Fa bana ba rona bane ba le bannye, mogatsaka o ne a bileditswe go ruta bana ba bannye mo wateng ya rona. Ke ne ke sa tsholetsa seatla same fela go mo tlamela, Ke ne gape ke mo rapelela mme ka kopa tletla ya go mo thusa. Dithuto tseo Ke di filweng tsa malebogo a se basadi ba se dirang le lorato la Morena go bana dintse di segofatsa lelwapa lame le botshelo jwa me.

Ke ne ke bua maabanyane ka monna mmotlana yo o tlametseng bishopo wa gagwe dingwaga tse di fitileng. Ke ne ka ithuta gore Morena le batho ba mo tlametse mo pitsong ya gagwe ele morongwa, ele moporesidente wa seteiki, gape ele ntate. O ne are jaaka fa puisanyo ya rona e ne e fela, “Ke ntse ke a go rapelela malatsi otlhe.”

Re ka ikemisetsa go rapelele malatsi otlhe motho yo o biditsweng ke Modimo go re direla. Re ka leboga motho yo o re segofaditseng ka ditirelo tsa gagwe. Re ka tsaya tshwetso go gatela pele fa mongwe yo re mo tlametseng a kopa baithaopi.1

Bao ba ba tshegeletsang godimo batlhanka ba Morena mo bogosing jwa Gagwe ba tlaa tlamelwa ke maatla a Gagwe ka botlalo. Rotlhe re tlhokana le lesego leo.

Ntlha

  1. BonaDithuto tsa Boporesidente jwa Kereke: Joseph F. Smith (1998),211–12.

Go ruta go tswa Molaetseng o.

Morago ga o sena go abelana molaetsa o, akanyetsa go bala khoute e e latelang: “Morena o tlaa go dira sedirisiwa mo diatleng tsa Gagwe fa o le boikokobetso, boikanyego, le tlhagafalo. … O tlaa amogela kokeletso ya thata fa o tlamelwa ke phuthego gape o beilwe diatla” (Teaching, No Greater Call [1999], 20). Tla lelwapa le kgobokanele godikologa sengwe seo se leng bokete mme o botse motho ale mongwe go leka go se tsholetsa. Go oketsa motho a le mongwe ka nako, go laletsa maloko a mangwe a lelwapa go thusa go se kuka. Buisanya gore go direga eng fa mongwe le mongwe a thusa. Akanyetsa go gatelela kgakololo ga ga Moporesidente Eyring ka ga ditsela tseo di diradiwang tseo re ka tlamelang ba bangwe mo dipitsong tse dingwe.

Gatisa