2012
Go direla mo Tempeleng
Phatwe 2012


Bonana

Go direla mo Tempeleng

E ne ya re Ke nna 17, Ke ne ka simolola go akanya ka tlwaafalo ka ga isago yame, mme Ke ne ka rapela go Rraetsho yo o kwa Legodimong ka ga se ke ka se dirang go baakanyetsa go ya ko mmisheneng le go amogela Boporesiti jwa ga Melekheseteke. Ke ne ka ikutlwa gore ke tshwanetse go ya ko tempeleng gantsi ka gore ke ntlo ya Morena mme e tlaa nna lefelo koo ke tlaa ikutlwang kele gaufi le Rraetsho yo o kwa Legodimong.

Jalo Ke ne ka tlhoma sekgele go dira dikolobetso tse 1,000 mo ngwageng. Ke ne ka boammaaruri ke ikutlwa ke tlhoka go tlhoma sekgele se; Ke ne ka itima dijo go itse gore a se ke seo ke ka se dirang. Rraetsho yo o kwa Legodimong o ne a nkaraba, mme Ke ne ka simolola go ya ko tempeleng ya Tampico Mexico matlhatso mangwe le mangwe.

Morago ga ke sena go dira dikolobetso tse 500, Ke ne ka baya sekgele sa go dira tshekatsheko ka ditso tsa lelwapa ka badimong bame, mme ke ne ke ratile go dira tshekatsheko eo thata mo eleng gore ke ne ke sa kgone go robala ka gore ke ne ke batla maina. Ke ne ka bona maina ale 50 le losika go ya tlase lele robang bobedi la ditso tsa lelwapa lame; Ke ne ka thusa go dira tiro ya tempele go bone botlhe.

Ke ne ka feleletsa ka go dira go feta dikolobetso tse 1,300, le go aloga gotsweng mo seminareng, ka amogela Boporesiti jwa Melekheseteke, mme jaanong ke direla kele moanamisa tumelo wa nako tsotlhe, seo e neng ele dikgele dingwe tsa me tse di tona le go feta mo botshelong jwa me.

Gatisa