2012
Tsaya Kgato ka Nako ya Letlhoko
Phatwe 2012


Molaetsa wa Thuto ya Ketelo, Phatwe 2012

Tsaya Kgato ka Nako ya Letlhoko

Bala sedirisiwa se, fa go tlhokega, buisanya le bakaulengwe bao ba etelang. Dirisa dipotso go thusa gore o thatafatse bakaulengwe mme o dire Mokgatlho wa Thuso gore e nne ntlha nngwe ya botshelo jwa gago e e tlhaga.

Setshwantsho
Kano ya Mokgatlho wa Thuso

Tumelo, Lelwapa, Thuso

Jaaka rele baruti ba ketelo, nngwe ya maikemisetso a rona Ke go thusa go thatafatsa malwapa le magae. Bakaulengwe bao re ba etelanang ba tshwanetse gore ba kgone gore, “Fa ke na le mathata, ke itse gore baruti ba ketelo ba tlaa nthusa ba sa emele gore ba bodiwe.” Mo go kgoneng go direla, re na le maikarabelo gore re nne le letswalo la ditlhoko tsa bakaulengwe bao re ba etelang. Fa re senka tlhotlheletso, re tlaa itse gore re ka araba jang mo ditlhokong tsa semowa le senama a mokaulengwe mongwe le mongwe yo re mo neilweng go mo etela. Jalo, re dirisa nako ya rona, botswerere, ditalente, dithapelo tsa tumelo, le tlhotlheletso ya semowa le maikutlo, re ka thusa go fa tirelo ya kutlwelobotlhoko ka sebaka sa bolwetsi, loso, le diemo tse dingwe tse di kgethegileng.1

Ka thuso ya dipego gotsweng go baruti ba ketelo, boporesidente jwa Mokgatlho wa Thuso bo itse bao ba ba nang le ditlhoko tse di kgethegileng ele tsa semowa, maikutlo a bolwetsi, dikotsi, matsalo, dintsho, bogole, bodutu, kgotsa dikgwetlho tse dingwe. Moporesidente wa Mokgatlho wa Thuso jalo a begele se a se boneng go mobishopo. Ka fa tlase ga kaelo ya gagwe, a lomaganye thuso.2

Jaaka rele baruti ba ketelo re ka nna le “lebaka le legolo… go ipela” ka gore “masego ao a re a filweng, gore re bo re dirilwe didirisiwa mo diatleng tsa Modimo tsa go tlisetsa tiro e kgolo e.” (Alma 26:1, 3).

Gotsweng Mafokong a tumelo

Matthew 22:37–40; Luke 10:29–37; Alma 26:1–4; Dithuto le Dikgologano 82:18–19

Gotsweng mo Ditsong tsa Rona

Mo dingwageng tsa pele tsa Kereke, boloko bo ne bole bonnye gape bo le kwa legareng. Maloko a ne a kgona go fetogela ka potlako fa mongwe a tlhoka. Gompieno boloko jwa rona bo feta didikadike tse 14 mme bo phatlhaletse lefatshe ka bophara. Boruti jwa ketelo ke karolo ya thulaganyo ya Morena ya go fa thuso go bana botlhe ba Gagwe.

“Tsamaiso e nngwe fela eo e ka fang thusego le kgomotso go kgabaganya mo kerekeng eo leng tona mo lefatsheng le le pharologanyo e ka nna ka batlhanka ka bonosi ba le gaufi le batho baba tlhokang,” ga bua Moporesidente Henry B. Eyring, Mogakolodi wa Ntlha mo Boporesidenting jwa Ntlha.

“… Mobishopo mongwe le mongwe le moporesidente wa lekalana lengwe le lengwe o na le moporesidente wa Mokgatlho wa Thuso yo a beileng mo go ene,” o ne a tswelela. “O na le baruti ba ketelo, bao ba ba itseng diteko le ditlhoko tsa mokaulengwe mongwe le mongwe. A ka kgona, ka bone, go itse dipelo tsa batho le malwapa. A ka kgona go itepatepanya le go thusa bishopo mo pitsong ya go otla batho le malwapa.”3

Dintlha

  1. Bona Handbook 2: Administering the Church (2010), 9.5.1; 9.6.2.

  2. Bona Handbook 2, 9.6.2.

  3. Henry B. Eyring, in Daughters in My Kingdom: The History and Work of Relief Society (2011), 110.

Ke ka dirang?

  1. A ke dirisa dimpho le ditalente tsame go segofatsa ba bangwe?

  2. A ba kaulengwe ba ke ba lebeletseng ba itse gore ke eletsa go ba thusa fa ba na le letlhoko?

Gatisa