2012
Pitso ya Mmoloki ya go Direla
Phatwe 2012


Molaetsa wa Boporesidente jwa Ntlha, Phatwe 2012

Pitso ya Mmoloki ya go Direla

Setshwantsho
Moporesidente Thomas S. Monson

Botlhe bao ba ba ithutileng dipalo ba itse gore nomore e e tlwaelesegileng ke eng. Go Baitshepi ba Malatsi a Bofelo, go na le nomore e e tlwaelesegileng eo e re tshwaraganyang mmogo. Nomore eo e e tlwaelesegileng ke pitso e mongwe le mongwe wa rona a e amogelang ka bonosi go diragatsa thomo mo bogosing jwa Modimo fano mo lefatsheng.

A o nna o le molato ka go ngongorega fa pitso e tla go wena? Kgotsa a o amogela ka mpho ya malebogo tshono nngwe le nngwe go direla barwarre le barwadi, o itse gore Rraetsho yo o kwa Legodimong otlaa segofatsa bao A ba biditseng?

Ke solofela gore re tlaa seke re fetwe ke maikemisetso a rona a re a kgathegelang a tshono tsa go direla. Maikemisetso ao, sekgele seo sa bosakhutlheng, se tshwana le seo se builweng ke Morena mme se fitlhelwa mo Pereleng ya Tlhwatlhwa e Kgolo: “Gonne bonang, se ke tiro yame le kgalalelo — go tlisa go diragatsa bosasweng le botshelo jwa bosa khutlheng jwa motho.”1

A re gakologelweng gore mmentlele wa boloko mo Kerekeng ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo ga se thoro ya boleta mme ke kgole ya maikarabelo. Tiro ya rona mogodimo ga go ipholosa, Ke go kaela ba bangwe kwa bogosing jwa selesitale jwa Modimo.

Ka go tsamaya ka tshosologo tsela ya tirelo go Modimo, ga re kitla re nna mo seemong sa ga Shakespeare sa ga Cardinal Wolsey. A rotswe maatla a gagwe morago ga botshelo jwa tirelo go kgosi, o ne ka khutsafalo a ngunanguna are:

Fa ke ne ke diretse Modimo wame ka sephatlo sa tlhwaafalo

Ke diretse kgosi yame, O ne a ka seke ka mo ngwageng tsame

A ntlogela ke sa ikatega mo babeng bame.2

Ke mofuta ofe wa tirelo e legodimo le e batlang? “Morena o batla pelo le tlhaloganyo e e tshosologileng; mme ba ba dirang ka tshosologo le kobamelo ba tlaa ja bomolemo jwa lefatshe la Sione mo malatsing a a bofelo.”3

Ke a ema fa ke akanya ka mafoko a Moporesidente John Taylor (1808–87): “Fa o sa godise pitso ya gago, Modimo o tlaa go tshegetsa mo maikarabelong a bao o ka bong o ba pholositse fa o ne o diragaditse tiro ya gago.”4

Jaaka phatshimo ya lesedi le le senkang la bomolemo ke botshelo jwa ga Jeso jaaka a ne a direla gareng ga batho. “Ke gareng ga lona jaaka ene yo o direlang,”5 Jeso o ne a bega jaaka a ne A tlisa thata go maoto a segole, pono go matlho a sefofu, kutlo go ditsebe tsa susu, le botshelo go mmele wa moswi.

Ka pharabole ya Mosamarea yo o molemo, Mongarona o re rutile gore re rate baagisanyi jaaka re ithata.6 Ka karabo ya Gagwe go mmusi wa mohumi yo mmotlana, o re rutile gore re latlhe bopelo tshetlha.7 Ka go fepa bao ba ba 5,000, O re rutile gore re tlhokomele matlhoko a ba bangwe.8 Mme le ka Semone mo Thabeng, O re rutile gore re senke pele bogosi jwa Modimo.9

Mo lefatsheng le lesha, Morena yo o tsogileng baswing, o ne a bega are, “Ee lo itse dilo tse le tshwanetseng go di dira mo Kerekeng yame; gonne ditiro tse lo mponeng Ke di dira le tlaa di dira gape le lona; go nne se lo se boneng Ke se dira le tota lo tlaa se dira.”10

Re segofatsa ba bangwe jaaka fa re direla mo moriting wa ga “Jeso wa Nasaretha … yo o a ileng a direla ka bomolemo.”11 Modimo a re segofatse go bona boipelo mo go direleng Rraetsho yo o kwa Legodimong jaaka re direla bana ba Gagwe mo lefatsheng.

Go ruta go tswa Molaetseng o

“[Morena] ga a kitla a reletlelela gore re tlholwe fa re diragatsa karolo tsa rona. O tlaa re godisa le tota go pota go kgona ga rona le ditalente ka kwa. … Ke nngwe ya maitemogelo a a monate go gaisa a a ka tlang go motho” (Ezra Taft Benson, mo Teaching, No Greater Call [1999], 20). Akanyetsa go abelana maitemogelo fa wena kgotsa mongwe yo o mo itseng a ikutlwile fa Morena a mo godisitse kgotsa go kgona ga gagwe le ditalente. Laletsa lelwapa go abelana mangwe a maitemogelo a bone a a siameng jaaka fa ba ne ba fetogela mo “pitsong ya Mmoloki ya go direla.”

Gatisa