2012
Go itse Seo Tshwanetseng Go se Bua
Lwetse 2012


Banana

Go itse Seo Tshwanetseng Go se Bua

Fa o ikutlwa o kare ga o itse mo go lekaneng ka ga efangele gore o e abelane le ba bangwe, ikgomotse ka ditsholofetso tse go tsweng mafokong a tumelong:

“Tsholeletsa lentswe la gago godimo go bathong ba; bua dikakanyo tseo Ke tlaa go di tsenyang mo dipelong tsa lona, mme ga lo kitla lo nna le kakabalo fa pele ga batho;

“Go nne o tlaa fiwa mo oureng ya teng tota, ee, ka nako tota eo, se o tshwanetseng go se bua” (D&C 100:5–6).

“Mogomotsi, yo o eleng Mowa o o Boitshepo, yo o Rara a tlaa mo romelang ka leina lame, o tlaa lo ruta tse tsotlhe, mme a tlise mo go lona kgakologelo, sepe fe se Ke lo se boleletseng” (Johane 14:26).

Tsena ke ditsholofetso tse dikgolo, mme go di bona, re tshwanetse go diragatsa karolo ya rona. Mo molaetseng o, Moporesidente Eyring o re rutile gore. “Baakanyetsa go abelana [efangele] ka go tlatsa tlhaloganyo ya gago malatsi otlhe ka boammaaruri jwa efangele.” O ka dira eng gore o tlatse tlhaloganyo ya gago ka boammaaruri jwa efangele?

Gatisa