2012
Matlhoko a a Kgethegileng le Tirelo e e Filweng
Lwetse 2012


Molaetsa wa Thuto ya Ketelo, Lwetse 2012

Matlhoko a a Kgethegileng le Tirelo e e Filweng

Bala sedirisiwa se, fa go tlhokega, buisanya le bakaulengwe bao ba etelang. Dirisa dipotso go thusa gore o thatafatse bakaulengwe ba gago mme o dire Mokgatlho wa Thuso gore e nne ntlha nngwe ya botshelo jwa gago e e tlhaga.

Setshwantsho
Kano ya Mokgatlho wa Thuso

Tumelo, Lelwapa, Thuso

“Matlhoko a ba bangwe a nna a le teng,” ga bua Moporesidente Thomas S. Monson, “mme mongwe le mongwe wa rona a ka dira sengwe go thusa mongwe. … Fa e se fela re itatlhela mo tirelong go ba bangwe, go na le maikemisetso a manyenyane mo matshelong a rona.”1

Jaaka rele baruti ba ketelo re ka bopelontle ra tla go itse le go rata bakaulengwe bao re ba etelang. Tirelo go bao re ba etelang e tla a tshololegela ka tlholego go tsweng mo loratong lwa rona go bone (bona Johane 13:34–35).

Re ka itse jang matlhoko a semowa le a senama a bakaulengwe ba rona gore re kgone go tlisa tirelo fa e tlhokafala? Jaaka fa re le baruti, ke monyetla wa rona gore re amogele tlhotlheletso fa re rapela ka ga bao re ba etelang.

Go nna re tshegeditse tshwaragano kgapetsa kgapetsa le bakaulengwe ba rona le gone go botlhokwa. Diketelo ka bo rona, teletso ya megala, ntlha ya mokwalo ya kgothatso, makwalo a ditlhaeletsanyo (e mail), go nne fatshe le ene, go mo akgolela ka bopelontle, go mo otlololela kwa kerekeng, go mo thusa ka nako ya a lwala kgotsa ya fa a tlhoka, le ditirelo tse dingwe tsotlhe dire thusa go lebelela le go thatafatsa mongwe ka rona.2

Baruti ba Ketelo ba kopiwa gore ba fe pego ka ga botsogo, matlhoko ape a a kgethegileng a bakaulengwe, le tirelo eo e filweng go bone. Mefuta e ya dipego le ditirelo tsa rona go bakaulengwe go re thusa gore re supegetse borutwana jwa rona.3

Go tsweng mo Mafokong a tumelo

John 10:14–16; 3 Nephi 17:7, 9; Moroni 6:3–4

Gotsweng mo Ditsong tsa Rona

Go fa tirelo go ba bangwe e sale e nnile mo pelong ya thuto ya ketelo. Ka tirelo e e tsweletseng re tlisa bopelontle le botsala jo bo potang ketelo ya kgwedi ka kwa. Ke go kgathala ga rona mo go balelwang.

“Keletso yame ke go ikuela go bakaulengwe ba rona gore ba emise go tshwenyega ka teletso ya mogala kgotsa ka ketelo ya kotara kgotsa ya kgwedi,” ga bua Mary Ellen Smoot, moporesidente wa kakaretso wa bo 13 wa Mokgatlho wa Thuso. O ne a re kopa gore re “itebaganye thata mo boemong ka go otla mewa eo e boleta.”4

Moporesidente Spencer W. Kimball (1895–1985) o ne a ruta gore, “Go botlhokwa thata gore re fe tirelo go mongwe le mongwe mo bogosing.” Gape o ne a lemoga gore ga se tsotlhe ditirelo tseo di tlhokang gore o nne mmampodi. “Gantsi, ditiro tsa ditirelo tsa rona e na le thotloetso e e motlhofo kgotsa go fa … go thusa ka ditiro tsa tlwaelesego,” o ne a bua, “mme a ditla morago tse di ka tshologelang ka phatshimo … go tsweng mo di dirweng tse di nnye tse re di baakanyeditseng!”5

Dintlha

  1. Thomas S. Monson, “What Have I Done for Someone Today?” Liahona, Nov. 2009, 85.

  2. Bona Handbook 2: Administering the Church (2010), 9.5.1.

  3. Bona Handbook 2, 9.5.4.

  4. Mary Ellen Smoot, mo Daughters in My Kingdom: The History and Work of Relief Society (2011), 117.

  5. Teachings of Presidents of the Church: Spencer W. Kimball (2006), 82.

Ke ka dirang?

  1. A ke batla tlhotlheletso ka bo nna ya go itse gore ke ka araba matlhoko a semowa le a senama jang a mongwe le mongwe wa bakaulengwe yo o ke mo filweng gore ke mo lebelele?

  2. Bakaulengwe ba ke ba lebeletseng ba itse jang gore ke a ba kgathalela le ba malwapa a bone?

Gatisa