2012
Kabelano ya Efangele Pelo ka Pelo
Lwetse 2012


Molaetsa wa Boporesidente jwa Ntlha, Lwetse 2012

Kabelano ya Efangele Pelo ka Pelo

Setshwantsho
Ka Moporesidente Henry B. Eyring

Modimo o tlaa baya batho bao ba ipaakantseng mo tseleng ya batlhanka ba Gagwe ba ba ba ipaakantseng bao ba batlang go abelana efangele. O setse o nnile le moo go diragala mo botshelong jwa gago. Gore go diragala jalo ga kae go laolwa ke go ipaakanya ga tlhaloganyo le pelo ya gago.

Ke na le tsala yo o rapelang malatsi otlhe go kopana le mongwe yo o ipaakantseng go amogela efangele. O tsamaya ka kgatiso ya Buka ya ga Momone. Bosigo pele ga mosepele yo mokhutshwane, o ne a tsaya tshwetso gore a seka a tsaya kgatiso mme mo boemong a tseye karata ya phitiso. Mme e rile a ipaakanyetsa go tsamaya, tshenolelo ya semowa ya tla go ene: “Tsaya Buka ya ga Momone.” O ne a tsenya e nngwe mo bekeng ya gagwe.

E ne ya re fa mosadi yo a mo itseng a nna gaufi le ene mo mosepeleng, o ne a ipotsa gore, “A ke ene wa teng?” O ne a pagame le ene gape mo mosepeleng fa a bowa. O ne a akanya, “Ke tlaa tlisa puisanyo ya efangele jang?”

Mo boemong, o ne a re go ene, “O duela tsa bolesome ko kerekeng, a go ntse jalo?” O ne a re o dira jalo. O ne a re o tshwanetse go duela tsa bolesome ko kerekeng ya gagwe mme a sa dire jalo, Jalo o ne a botsa, “O ka mpolelelang ka Buka ya ga Momone?”

O ne a tlhalosa gore buka ke lefoko la tumelo, bosupi jo bongwe ka ga Jeso Keresete, e ranotswe ke Moporofiti Joseph Smith. O ne a lebega a kgatlhegile, jalo o ne a otlololela mo bekeng ya gagwe mme a re, “Ke ne ke senololetswe go tlisa buka e le nna. Ke akanya gore ke ya gago.”

O ne a simolola go e bala. Jaaka fa ba kgaogana, o ne a re, “Wena le Nna re ya go nna le dipuisano tse dintsi ka ga se.”

Se tsala yame a neng a sa ka ke a se itse—mme se Modimo a neng a se itse—ke gore o ne a batla kereke. Modimo o ne a itse gore o sale a lebile tsala yame mme a ipotsa gore ke eng fa kereke ya gagwe e mo dira gore a nne le boitumelo jo bogolo. Modimo o ne a itse gore o tlaa botsa ka ga Buka ya ga Momone le gore o tlaa nna le keletso ya go rutwa ke baanamisa efangele. O ne a baakantswe. Jalo le tsala yame. Nna le Wena gape re ka baakanyediwa.

Paakanyetso e re e tlhokang e mo tlhaloganyong le mo pelong tsa rona. Mosadi o ne a utlwile gape a gakologelwa mafoko ka ga Buka ya ga Momone, Kereke ya Morena ya puseletso, le molao wa go duela tsa bolesome go Modimo. Mme o ne a utlwile tshimologo ya bosupi jwa boammaaruri mo pelong ya gagwe.

Morena a re o tlaa re sedimosetsa boammaaruri ka tlhaloganyo tsa rona le ka pelo tsa rona ka Mowa o o Boitshepo (bona D&C 8:2). Batho ka bontsi bao o tlaa kopanang le bone ba setse ba simolotse ipaakanyetso eo. Ba setse ba utlwile kgotsa ba badile ka Modimo le ka lefoko la Gagwe. Fa dipelo tsa bone dile boleta thata, ba ikutlwile, le go ka tswa go le senene jang, tlhomamiso ya boammaaruri.

Mosadi yo o ne a baakanyeditswe. Jalo le tsala yame, ya Moitshepi wa Malatsi a —Bofelo yo o ithutileng Buka ya ga Momone. O ne a utlwile bosupi jwa gore e boammaaruri, le go lemoga kaelo gotsweng go Mowa go tsaya kgatiso. O ne a baakantswe mo tlhaloganyong ya gagwe le mo pelong ya gagwe.

Modimo o baakanyetsa batho go amogela bopaki jwa gago jwa puseletso. O batla tumelo ya gago le jalo tiro ya gago go abelana o sa boife seo se nnileng tlhwatlhwa go wena le bao o ba ratang.

Ipaakanyetse go abelana ka go tlatsa tlhaloganyo ya gago malatsi otlhe ka boammaaruri jwa efangele. Jaaka fa o tshegetsa melao gape o tlotla dikgolagano tsa gago, o tlaa utlwa bopaki jwa Mowa le lorato le le ntsi la Mmoloki go wena le bao o kopanang nabo.

Fa o diragatsa karolo ya gago, o tlaa nna ka kokeletso le maitemogelo a a monate a go kopana le batho bao ba baakanyeditsweng go utlwa bopaki jwa gago jwa boammaaruri— bofiwa go tsweng mo pelong ka pelo.

Go ruta go tswa Molaetsa o

Akanyetsa mo go baleng molaetsa o le lelwapa mme o buisanye ka temana eo e latelelang ya bofelo, ko Moporesidente Eyring a buisanyang ka go thatafatsa bopaki. Buisana le lelwapa ka ga botlhokwa jwa go fa bopaki le go abelana efangele. Bana mo lelwapeng ba ka nna ba bona go thusa go tshameka ka fa ba ka fang bopaki jwa bone ka teng le ditsala.

Gatisa