2012
Boitshwarelo bo Tlisa Boitumelo
Diphalane 2012


Bana

Boitshwarelo bo Tlisa Boitumelo

Moporesidente Uchtdorf o ruta gore re tshwanetse go itshwarela maloko a lelwapa la rona. Bona kafa goitlhopheleng ga ga Joseph le Anna goneng ga ama lelwapa la bone ka teng.

Joseph le kgaitsadie yo mmotlana, Anna, ba tshameka mmogo. Anna o phamolela thoe ya ga Joseph kgakala gotsweng go ene. Joseph o tshwanetse go dira eng?

Joseph o tenegela Anna. Anna o a lela. Mmaagwe Joseph o mo otlhaela go lwa le kgaitsadie. Joseph o swabetse gore o dirile tshwetso e e phoso.

Joseph o itshwarela Anna mme a bone thoe enngwe e a ka tshamekang ka yone. Ba tshameka mmogo ka boitumelo. Mmaabone o thabile gore Joseph o ne a le pelontle go kgaitsadie mme a tshegeditse kagiso mo lelwapeng. Joseph o ikutlwa a itumetse gore o itlhophetse go itshwarela.

Morago, Joseph le Anna ba tlhokana le go thusa mmabo go baakanyetsa sefitlholo. Joseph ga a thuse. Anna o tshwanetse go dira eng?

Anna o ngongoregela go mmaagwe. Anna o omana ka gore o ne a tshwenelwa ke go dira tiro ale nosi. Ka nako ya sefitlholo mongwe le mongwe ga a itumela ka go omana moo.

Anna o itshwarela Joseph mme a thuse ka sefitlholo. Mmabo o lebogela thuso ya ga Anna. Lelwapa le ipelela go nna mmogo ka nako ya sefitlholo. Anna o ikutlwa bomolemo gore o itlhophetse go itshwarela.

Go i tlhophela ga gago go itshwarela go ama jang boitumelo jwa ba lelwapa la gago?

Gatisa