2012
Go tlotla Dikgolagano tsa Rona
Diphalane 2012


Molaetsa wa Thuto ya Ketelo, Phalane 2012

Go tlotla Dikgolagano tsa Rona

Bala sedirisiwa se ka thapelo mme, fa go tlhokega, buisanya le bakaulengwe bao o ba etelang. Dirisa dipotso go thusa gore o thatafatse bakaulengwe mme o dire Mokgatlho wa Thuso gore e nne ntlha nngwe ya botshelo jwa gago e e tlhaga.

Setshwantsho
Kano ya Mokgatlho wa Thuso

Tumelo, Lelwapa, Thuso

Thuto ya Ketelo ke go bontsha borutwana jwa rona le tsela ya go tlotla dikgolagano tsa rona jaaka fa re direlana le go thatafatsana. Kgolagano ke tsholofetso eo e itshokelang ele boitshepo gareng ga Modimo le bana ba Gagwe. “Fa re lemoga gore re bana ba kgolagano, re itse gore re bo mang le gore Modimo o solofela eng go rona,” ga bua Mogolwane Russell M. Nelson wa khwaramo ya Baaposetole ba ba Lesome le Bobedi. “Molao wa gagwe o kwadilwe mo dipelong tsa rona. Ke Modimo wa rona gape re batho ba Gagwe.”1

Jaaka rele baruti ba ketelo re ka thatafatsa bao re ba etelang mo maitekong a go tshegetsa dikgolagano tsa bone tse di boitshepo. Ka go dira jalo, re ba thusa go baakanyetsa masego a botshelo jwa bosa khutlheng. “Mokaulengwe mongwe le mongwe mo Kerekeng e yo o dirileng dikgolagano le Morena o na le taelo ya selegodimo ya go thusa go pholosa mewa, go etelelapele basadi ba lefatshe, go thatafatsa magae a bone mo Sione, le go aga bogosi jwa Modimo,”2 ga bua Mogolwane M. Russell Ballard wa Khwaramo ya Baaposetola baba Lesome le Bobedi.

Jaaka fa re dira le go tshegetsa dikgolagano tse di boitshepo, re nna didirisiwa mo matsogong a Modimo. Retlaa bo re kgone go buisana sentle ditumelo le go thatafatsana ka tumelo mo go Rraetsho yo o kwa Legodimong le Jeso Keresete.

Gotsweng Mafokong a tumelo

1 Nephi 14:14; Mosiah 5:5–7; 18:8–13; Doctrine and Covenants 42:78; 84:106

Gotsweng mo Ditsong tsa Rona

Tempele ke “lefelo la gofamalebogo a baitshepi botlhe,” Morena o ne a senolela Moporofiti Joseph Smith ka 1833. Ke “lefelo la taelo go botlhe bao baba bileditsweng mo tirong ya boruti mo go gotlhe ga di pitso le di ofisi tse di farologanyeng tsa bone; gore batle banne ka botlalo mo go tlhaloganyeng boruti jwa bone, ka thiori, mo molawaneng, mo thutong, le mo go sengwe le sengweng seo eleng sa bogosi jwa Modimo mo lefatsheng” (D&C 97:13–14).

Bakaulengwe ba Mokgatlho wa Thuso ko Nauvoo, Illinois, ka dingwaga tsa bo 1840 di simologa ba ne ba thusanya go baakanyetsa ditlhomo tsa tempele. Mo ditlhomong tsa boperesiti jo bogolo jo Baitshepi ba Malatsi a Bofelo ba bo amogelang mo Tempeleng ya Nauvoo, “maatla a bomodimo [a ne a ] iponagatsa” (D&C 84:20). “Jaaka Baitshepi ba tshegetsa dikgolagano tsa bone, maatla a a thatafatsa le go ba tlamela ka diteko tsa bone mo malatsing le dingwaga tseo ditlang.”3

Mo Kerekeng gompieno, basadi ba ba boikanyego le banna lefatshe ka bophara ba direla mo tempeleng le go tswelela ka go bona masego ao a a amogelwang fela ka dikgolagano tsa tempele.

Dintlha

  1. Russell M. Nelson, “Covenants,” Liahona, Nov. 2011, 88.

  2. M. Russell Ballard, “Women of Righteousness,” Liahona, Dec. 2002, 39.

  3. Daughters in My Kingdom: The History and Work of Relief Society (2011), 133.

Ke ka dirang?

  • Dikgolagano tsa bone di nthatafatsa jang?

  • Ke thusa jang bakaulengwe bao Ke ba lebeletseng gore ba tshegetse dikgolagano tsa bone?

Gatisa