2012
Thapelo le Kagiso
Diphalane 2012


Bonana

Thapelo le Kagiso

Mantsiboa mangwe ke ne ka omana le mme wame mme ka seka ka ikutlwa sentle thata. Jalo Ke ne ka tsaya tshwetso ya gore Ke ya go rapela. Lentswa Ke ne ke se mo bothong jo bontle gape ke sa batle go nna ka “semowa,” Ke ne ke itse gore go rapela go tlaa nthusa gore ke ikutlwe keie boitumelo thata gape le go fokotsa komano. Morago ga mme wame a sena go tswa mo kamoreng, Ke ne ka simolola go rapela. “Go Rara wa Legodimo, Ke tsile go Wena bosigong jo ka gore … Nnyaa. Ke ne ka bula matlho ame le go phutholola matsogo ame; moo go ne go utlwala gole bokete. Ke ne ka leka gape. “Rraetsho yo o kwa Legodimong, Ke tlhoka …”Seo gape se ne se utlwala ele se sele. Ke ne ka ikutlwa Saatane a nkgogela mo go leseng go rapela go botsa Rraetsho yo o kwa Legodimong go nthusa.

Ka tshoganyetso Ke ne ka nna le tlhotlheletso ya go re ke re kealeboga! Jalo he Kene ka dira jalo, mme dikakanyo di ne tsa tshologela gotsweng mo tlhogong yame ya dilo tse dintsi tseo ke ka di lebogelang Rraetsho yo o kwa Legodimong ka tsone. E ne ya re Ke sena go Mo leboga, Ke ne ka buisanya nae ka bothata jo bo fa pele.

Morago ga moo Ke ne ka ikutlwa kagiso eo e gakgamatsang mo teng game, maikutlo a semowa a a bothitho a gore Ke itse fa Rraetsho yo o kwa Legodimong le batsadi bame ba nthata le gore Ke ngwana wa Modimo. Ke ne ka kgona go ikopa maitshwarelo go mme wame le go amogela maitshwarelo a gagwe.

Gatisa