2012
Ngwe ya Senotlole sa Boitumelo jwa Lelwapa
Diphalane 2012


Molaetsa wa Boporesidente jwa Ntlha, Phalane 2012

Ngwe ya Senotlolesa Boitumelo jwa Lelwapa

Setshwantsho
Ka Moporesidente Dieter F. Utchtdorf

Mokwadi yo mogolo wa Morashia Leo Tolstoy o ne a simolola padi ya gagwe Anna Karenina ka mafoko a: “Malwapa a a boitumelo a tshwana otlhe; lelwapa le ngwe le le ngwe le le senang boitumelo ga le na boitumelo ka tsela ya lona.”1 Lentswa ke sena nepagatso ya ga Tolstoy ya gore malwapa a a boitumelo a a tshwana, Ke lemogile sengwe se le sengwe se malwapa a a boitumelo a nang naso ka bontsi: a na le tsela eo a itshwarelanang ka teng le go lebala makowa a ba bangwe le go lebelela molemo mo go ba bangwe.

Bao ba malwapa a a sa itumeleng, ka fa letsogong le lengwe, gantsi ba bona phoso, ba tshegetsa pelo ya lefoto, mme go lebega ba sa kgone go tlogela dikgopisego tse di fitileng.

“Ee, mme …” go simolola bao baba senang boitumelo. “Ee, mme ga o itse gore o nkutlwisetse botlhoko go le kae,” ga bua mongwe. “Ee, mme ga o itse gore o maswe jang,” ga bua o mongwe.

Gongwe botlhe ba nepagetse; gongwe nnyaa.

Go na le dikgopisego tse dintsi tse di farologanyeng ka selekanyo. Go na le kutlwiso botlhoko e ntsi e e farologanyeng ka seemo. Mme seo ke se lemogileng ke gore gantsi re siamisa tenego ya rona mme re kgotsofatse matswalo a rona ka go ipolelela dipolelo ka ga maikaelelo a ba bangwe a a atlholang ditiro tsa bone tse di sa itshwarelesegeng gape ele tsa bopelo tshetlha, mme ka nako e e tshwanang, re kuketsa maikaelelo a rona godimo go nna a a itshekileng a sena selabe sepe.

Ntŝa ya Kgosana

Go na le polelo ya bogologolo ya Weleshe gotsweng mo makgolong a bo 13 a dingwaga ka ga kgosana yo o a boetseng gae a fitlhela ntŝa ya gagwe e porotla madi go ya tlase mo sefatlhegong sa yone. Monna o ne a ragogela mo teng mme, ka poifo ya gagwe, a bona gore losea lwa gagwe la mosimane ga le yo mme setulo sa gagwe se retologile. Ka tenego kgosana o ne a ntsha tŝhaka ya gagwe mme a bolaya ntŝa ya gagwe. Moragonyana ga moo, o ne a utlwa selelo sa ngwana wa gagwe — losea lo ne lo tshela! Mo letlhakoreng la losea go ne go rapaletse phiri e sule. Ntŝa ka sebele, e ne e sireleditse ngwana wa kgosana gotsweng mo phiring e e neng e le ya se bolai.

Le ntswa polelo e le ya maikutlo godimo, e bontsha ntlha nngwe. E bula kgonagalo ya gore polelo eo re e ipolelelang ka gore keeng ba bangwe ba itshwara ka tsela nngwe ga se gore nako tsotlhe go tlaa dumalana le nnete eo — fa gongwe ga re batle go itse nnete. Re ka batla go ikutlwa re itshiamisitse mo tenegong ya rona ka go tshegetsa mo go betweng ga pelo le go sa rateng ga rona. Fa gongwe go tshwara ka pelo moo go ka tsaya dikgwedi kgotsa dingwaga. Fa gongwe go ka tsaya botshelo jotlhe.

Lelwapa Le Le Kgaoganeng

Ntate mongwe o ne a sa kgone go itshwarela morwaagwe mo go tlogeleng tsela eo a e rutilweng. Mosimane o ne a na le ditsala tseo rraagwe a neng a sa di batle, mme o ne a dira dilo tse dintsi tseo di neng di fetogetse tseo rraagwe a neng a akanya gore a ka di dira. Se se ne sa tlisa photlha gareng ga rraagwe le morwaagwe, mme ka bonako joo bo neng morwa a kgona, a tlogela legae mme a seka a tlhola a bowa. Bane ba sa bue thata gape.

A rraagwe o ne a ikutlwa a le ka fa tshiamong? Gongwe.

A morwa o ne a ikutlwa a le ka fa tshiamong? Gongwe.

Sotlhe seo ke se itseng ke gore lelwapa lena le ne le kgaogane le sena boitumelo ka gore rragwe kana morwaagwe ba ne ba sa kake ba itshwarelana. Bane ba sa kgone go seegela fa thoko dikgakologelo tsa bone tsa go betwa ga pelo moo ba nnileng nago ka bone. Bane ba tlatsa dipelo tsa bone ka tenego mo boemong jwa lerato le boitshwarelo. Mongwe le mongwe wa bone o ne a ikutswela tshono ya go tlhotlheletsa botshelo jwa yo mongwe ka molemo. Kgaogano gareng ga bone e ne e lebega ele boteng gape ele bophara mo eleng gore mongwe le mongwe wa bone o ne a nna legolegwa la semowa mo setlhaketlhakeng sa maikutlo a bone.

Ka masego, Rara wa Bosakhutlheng yo o kwa Legodimong yo o botlhale a le lorato o re file ditsompelo go fenya photlha e ya boikgogomoso. Tefo e kgolo ya bosa feleng ke ya tiro e e godimo ya boitshwarelo le tetlanyo. Bogolo jwa yone bo feta go tlhaloganya game, mme Ke fa bopaki ka pelo yame yotlhe le mowa ka boteng le maatla a botlhokwa jwa yone. Mmoloki o iphile Ele morekolodi wa dibe tsa rona. Ka Ene re bona boitshwarelo.

Ga Go Na Lelwapa Le Le Botlalo

Ga go ope wa rona yo a senang sebe. Mongwe le mongwe wa rona o dira diphoso, go balelwa nna le wena. Rotlhe re golafetse. Rotlhe re golafisitse ba bangwe.

Ke ka setlhabelo sa Mmoloki seo re ka nnang le kgoleletso godimo ya kgalalelo le botshelo jwa bosa khutlheng. Jaaka fa re amogela ditsela tsa Gagwe le go fenya boikgogomoso jwa rona ka go nnisa dipelo tsa rona boleta, re ka tlisa tetlanyo le boitshwarelo mo malwapeng a rona le matshelo a rona a borona. Modimo o tlaa re thusa go nna le boitshwarelo jo montsi, go nna re eletsa thata go tsamaya mmaele wa bobedi, go nna bantlha go kopa maitshwarelo le fa ele gore selo e ne e se phoso ya rona, go seegela fa thoko go tshwara ka pelo dilo tsa bogologolo le go sa dinoseletsa gape. Malebo a nne go Modimo, yo o a fileng Morwa wa Gagwe Ka Esi, mme go Morwa, yo o fileng Botshelo jwa Gagwe go rona.

Re ka ikutlwa lorato la Modimo go rona malatsi otlhe. A ga re a tshwanela gore re fe mo go ntsinyana ka borona go bangwe ka rona jaaka go rutwa mo sefeleng sa mma moratwa “Ka gore Ke Filwe Mogontsi”? Morena o butse kgoro go rona gore re itshwarelwe. A ga goke go siama fela go seegela thoko bopelo tshetlha le boikgogomoso jwa rona mme re simolole go bula kgoro eo ya masego go itshwarela bao re ngakalalang nabo — bogolo jang go botlhe ba lelwapa la rona?

Mo pheletsong, boitumelo ga e nne motswedi yo o tswang mo go nneng ka botlalo mme fa ese mo go diragatseng melawana ya selegodimo, le tota ka dikgato tse di nnye. Boporesidente jwa Ntlha le Khwaramo ya Baaposetole ba ba Lesome le Bobedi ba begile: “Boitumelo mo botshelong jwa lelwapa bo ka bonwa thata fa bo theilwe godimo ga dithuto tsa Morena Jeso Keresete. Manyalo le malwapa a a itsetsepetseng a thailwe e bile a otliwa mo melawaneng ya tumelo, thapelo, boikotlhao, boitshwarelo, tlotlo, lorato, bopelotlhomogi, tiro, le ikentsho bodutu e e siameng.”3

Boitshwarelo bo beilwe fa gare ga boammaaruri jo bo motlhofo jo, bo thailweng mo thulaganyong ya ga Rraetsho yo o kwa Legodimong ya boitumelo. Ka gore boitshwarelo bo lomaganya melawana, bo lomaganya batho. Ke senotlolo, se bula dikgoro tse di lotletsweng, ke tshimologo ya tsela ya nnete, gape ke tsholofelo ya rona e e gaisang go nna le lelwapa le le boitumelo.

A Modimo a re thuse gore re nne ka boitshwarelo jo bontsinyana mo malwapeng a rona, re itshwarele thata mongwe le mongwe wa rona, le gongwe go nna re itshwarela borona. Ke rapela gore re nne le maitemogelo a boitshwarelo ele nngwe ya tsela e e gakgamatsang eo malwapa ao a a itumetseng ka bontsi a leng ka teng.

Dintlha

  1. Leo Tolstoy, Anna Karenina, trans. Constance Garnett (2008), 2.

  2. “Because I Have Been Given Much,” Hymns, no. 219.

  3. “The Family: A Proclamation to the World,” Liahona, Nov. 2010, 129; kgatelelo e tlhaditswe.

Go ruta go tswa Molaetseng o

“Jaaka o baakanyetsa thuto nngwe le nngwe, Ipotse gore molawana o tshwana le sengwe sefe se maloko a lelwapa a nnileng le maitemogelo mo matshelong a bone” (Teaching, No Greater Call [1999], 171). Akanyetsa go laletsa maloko a malwapa go abelana maitemogelo ao a a botoka a ba nnileng nao kgotsa ba a lemogile ka boitshwarelo. Buisanya maitemogelo a, o gatelela masego a boitshwarelo. Swetsa ka go fa bopaki jwa botlhokwa jwa go itshwarelana.

Gatisa