2013
Reetsa Ditlhotlheletso
Ferikgong 2013


Bonana

Reetsa Ditlhotlheletso

Bosigo bongwe ntsalake yo monnye o ne a tshaba mo gae, jalo Ke ne ka itlhaganelela go ya go mmatla. Fa Ke ne ke kgweetsa, Ka rapela gore Moya o nthuse. Ke ne ke itse gore Modimo o tlaa nkaraba le go nkaela, mme Ka leka go reetsa ditlhotlheletso tsa Moya.Mme fa Ke ne ke sa utlwe sepe, Ke ne ka simolola go utlwa ke tlhobaela mme ka ikutlwa gore Moya ga o ntlhotlheletse.

Le ntswa Ke ne ke batlile go tsamaya ke ya pele go batla, Ke ne ka ikutlwa gore Ke nne mo lefelong go dikologa legae la ntsalake. Jalo ka swetsa gore ke kgweeletse go dikologa lefelong leo gape. Jaaka Ke ne ka ema kwa makgabaganyong, Ke ne ka bona mo riti wa mosetsa yo monnye a tsamaya. Ke ne ka bona ntsalake!

Fa Ke tswela kwantle ga koloi le go mo tabogela, ka lemoga gore Moya o ne o sale o ntse o nkaela ka go nthusa go utlwa gore Ke nne mo lefelong leo. Ka ntlha ya gore Ke ne ke ntse ke reeditse lentswe le le iketlileng, Ke batlile ke itlhokomolosa ditlhotlheletso tsa Moya. Ke ne ka tlhaloganya jaanong gore ka dinako tse dintsi gare ne re utlwa lentswe, mme re tlaa utlwa ditlhotlheletsego mo dipelong tsa rona.

Ke ne ka lebogela kaelo ya Mowa. Ka boammaaruri O nna ale teng! Jaaka dikwalo tse di boitshepo di bua, “Moya o o Boitshepo o tlaa nna mopati wa gago ka metlha yotlhe” (D&D 121:46).

Fa re itekanetse semoweng ka kaelo ya Moya ebile re le podi matseba, re ka nna didirisiwa mo diatleng tsa Modimo go dira molemo go batho ba bantsi. Le mopati wa metlha yotlhe wa Moya, re tlaa itse tsela e re tshwanetseng go e tsamaya.

Gatisa