2013
Lentswe la Morena
Ferikgong 2013


Molaetsa wa Boporesidente jwa Ntlha, Hirikgong 2013

Lentswe laMorena

Setshwantsho
Moporesidente Henry B. Eyring

Dithuto le Dikgolagano di laletsa batho botlhe gongwe le gongwe go reetsa lentswe la Morena Jeso Keresete (bona D&D 1:2, 4, 11, 34; 25:16). Di tletse ka melaetsa ya Gagwe, ditlhagiso, le thotloetso ya dikgakololo tse di neetsweng ka tshenolo go baporofiti ba ba tlhophilweng. Mo di tshenolong tse re ka bona ka fa Modimo a arabang di thapelo tsa rona tsa tumelo ka melaetsa ya kaelo, kagiso, le tlhagiso.

Mo dithapelong tsa rona re batla go itse gore Modimo o batla re dirang eng, le gore re tshwanetse go dirang go bona kagiso le boitumelo mo botshelong jo le bo bo latelang, le gore go na le eng kwa pele ga rona. Dithuto le Dikgolagano di tletse ka dikarabo go dipotso tseo di boditsweng ke batho fela le ka thapelo ya boikokobetso ya baporofiti. Di ka nna kaedi e ntle go re ruta gore re ka amogela dikarabo go dipotso ka boitekodiso jwa rona le pholoso ya bosakhutleng.

Boikokobetso le tumelo mo Moreneng Jeso Keresete ke selotlele. Oliver Cowdery o amogela karabo go tswa go Morena mabapi le keletso ya gagwe ya go thusa mo go ranoleng ga Buka ya ga Momone: “Gakologelwa gore fa o sena tumelo o ka se dire sepe; ka jalo kopa ka tumelo. Se tlontlolole dilo tse; se kope seo o sa se tlhokeng” (D&C 8:10).

Gangwe le gape mo Dithutong le Dikgolaganong, Morena o batla tumelo le boikokobetso pele ga A neela thuso ya gagwe. Lebaka lengwe la se ke gore dikarabo tsa Gagwe di kanna tsa tla ka tsela e re sa e solofelang. Kante ka metlha di ka nna motlhofo go amogelesega.

Ditso tsa Kereke le maitemogelo a baswi ba rona di supa boammaaruri jo. Ntatemogolwa-go-lwane wame Henry Eyring o ne a rapelela ka tlhagafalo go itse gore o ka dira eng fa a ne a utlwa efangele e buseleditswe e rutiwa ka 1855. Karabo ene ya tla mo torong.

O ne a lora a ntse fa fatshe kwa tafoleng le Mogolwane Erastus Snow wa Khoramo ya Baaposetole ba ba Lesome le bobedi le mogolwane yo o bidiwang William Brown. Mogolwane Snow o ne a ruta melawana ya efangele mo o e ka nnang oura.Jalo Mogolwane Snow o ne a re, “Mo leineng la ga Jeso Kereste Ke go laela go kolobediwa mme monna yo [Mogolwane Brown] … o tlaa go kolobetsa.”1 Lelwapa la me le lebogela gore Henry Eyring o ne a na le tumelo le boikokobetso go kolobediwa ka 7:30 mo maphakeleng mo letangwaneng la metsi a pula mo St. Louis, Missouri, USA, ke Mogolwane Brown.

Karabo ya thapelo ya gagwe ga ya ka ya tla ka lentswe le le utlwalang go tswa go Morena. E tlile ka pono le ka toro mo bosigong, jaaka go diragaletse Lihae (bona 1 Nifae 8:2).

Morena o re rutile gape gore dikarabo di ka tla jaaka maikutlo. Mo Dithutong le Dikgolaganong, O rutile Oliver Cowdery, “Bona, Ke tla a go bolelela mo tlhaloganyong ya gago le mo pelong ya gago, ka Mowa o o Boitshepo, o o tla a tlang mo go wena le go nna mo pelong ya gago.” (D&D 8:2).

Mme o ne a rotloetsa Oliver ka tsela e: “A ga Ke a bua kagiso mo tlhaloganyong ya gago mabapi le selo se? O ka nna le bosupi bofe jo bogolo go feta jo bo tswang kwa Modimong?” (D&D 6:23).

Dithuto le Dikgolagano, Ditso tsa Kereke, le ditso tse di tshegeditsweng ke Henry Eyring mo thomong ya gagwe ya efangele morago ga kolobetso ya gagwe e nthutile gore dikarabo di ka utlwiwa jaaka ditlhagiso fela jaaka kagiso.

Ka Moranang 1857, Mogolwane Parley P. Pratt wa Khoramo ya Baaposetole ba ba Lesome le Bobedi a tseneletse khonforense ko jaanong e leng Oklahoma, USA. Henry Eyring o ne a gatisa gore “tlhaloganyo ya ga Mogolwane Pratt ene e tletse ka maikutlo a gore selo se se bosula se tloga se diragala … , a sa kgone go lemoga isago kgotsa tsela nngwe ya go falola.”2 Henry o ne a gatisa dikgang tse di botlhoko ka ponyo ya leitlho morago ga moo tsa polao ya Moaposetole. Mogolwane Pratt o ne a tsamaya go ya pele mo loetong la gagwe kgatlhanong le maikutlo a kotsi, fela jaaka Moporofiti Joseph a dirile mo go yeng kwa Carthage.

Ke bopaki jwa me gore Morena ka metlha o araba thapelo ya boikokobetso ya tumelo. Dithuto le Dikgolagano le maitemogelo a rona a re ruta go lemoga dikarabo tseo le go di amogela ka tumelo, gongwe e le tsa kaelo, tlhomamiso ya boammaaruri, kgotsa tlhagiso.Ke rapela gore ka metlha re reetse le go lemoga lentswe la lorato la Morena.

Dintlha

  1. “The Journal of Henry Eyring: 1835–1902” (mokwalo o o sa anamisiwang mo tlhokomelong ya mokwadi).

  2. “The Journal of Henry Eyring: 1835–1902.”

Go ruta go tswa Molaetseng o

1. Akanyetsa go bala mmogo ditselana ka thapelo mo molaetseng o. Jaaka o bala, kopa maloko a lelwapa go reetsa ka kelotlhoko ka fa Modimo a arabang dithapelo ka teng. Akanyetsa go fa bopaki ka botlhokwa jwa thapelo.

2. Dithuto le Dikgolagano di tletse ka dikarabo mo dipotsong tse di boditsweng ke batho mo thapelong. Fa ele gore dikarabo tsa dipotso tsa bone (ditshenolo) di ne di sa kwalwa? Rotloetsa lelwapa go ithuta go lemoga le go sala morago thotloetso ya Mowa. Ba ka batla go gatisa dikakanyo tsa bone mabapi le thapelo mo dijenaleng tsa bone.

Gatisa