2013
Tiro ya Kanamiso efangele
Ferikgong 2013


Molaetsa wa Thuto ya Ketelo, Hirikgong 2013

Tiro ya Kanamiso efangele

Bala sedirisiwa se ka thapelo mme, fa go tlhokega, buisanya le bakaulengwe bao o ba etelang. Dirisa dipotso go thusa gore o nonotshe, bakaulengwe mme o dire Mokgatlho wa Thuso gore e nne ntlha nngwe ya botshelo jwa gago e e tlhaga.Go bona molaetsa yo montsi, ya ko www.reliefsociety.lds.org

Setshwantsho
Kano ya Mokgatlho wa Thuso

Tumelo, Lelwapa, Thuso

Baitshepi ba Malatsi-Bofelo ba romelwa go ya pele “go bereka mo tshimong ya mofine ya [Morena] go pholosa mewa ya batho” (D&D 138:56), e e akaretsang tiro ya kanamiso efangele. Ga re tlhoke pitso ya kanamiso ya efangele go abelana efangele. Ba bangwe ba ba tshelang ba tlaa segofadiwa ke efangele e e re dikaganyeditseng, mme jaaka re ipaakanya, Morena o tlaa re dirisa.Baruti ba Ketelo ba ka tlamparela maikarabelo a bone a semowa me ba thuse “go tlisa go diragatsa bosasweng le botshelo jo bo sa khutleng jwa motho” (Moshe 1:39).

Fa Moporofiti Joseph Smith a rulaganya Mokgatlho wa Thuso ka 1842, o ne a re basadi bane ba sa tlhokomele bahumanegi fela mme gape bane ba pholosa batho.1 Se e ntse ke maikaelelo a rona.

“Morena … o file bopaki jwa boammaaruri go bao ba tlaa bo abelanang le ba bangwe,” ga bua Moporesidente Dieter F. Uchtdorf, Mogakolodi wa Bobedi mo Boporesidente jwa Ntlha. “Mo godimo ga moo, Morena o solofetse gore maloko a Kereke ya Gagwe ba bule [melomo ya bone] ka dinako tsotlhe, ba bege efangele ya [Gagwe] ka modumo wa go ipela (D&D 28:16)… Nako tse dingwe ntlha nngwe ya bopaki e ka dira tsamayo ya ditiragalo tse di ka amang botshelo jwa motho ka bosakhutleng.”2

Gotsweng Dikwalong tse di Boitshepo

Dithuto le Dikgolagano 1:20–23; 18:15; 123:12

Gotsweng mo Ditsong tsa Rona

Polelo ya ga Olga Kovářová wa Czechoslovakia wa pele ke sekai sa tiro ya kanamiso ya efangele ya leloko go tswa mo ditsong tsa Mokgatlho wa Thuso. Ka dingwaga tsabo 1970, Olga ene e le moithuti wa bongaka ebile a ngoreletswe botshelo jwa kwa boteng jwa semowa. O ne a lemoga Otakar Vojkůvka wa dingwaga tse 75, wa Moitshepi wa Malatsi a Bofelo. “O ne a bonala mo go nna a le dingwaga tse di masome a supa le botlhano mme mo pelong ya gagwe a le gaufi le lesome le boroba-bobedi ebile a tletse boipelo,” o ne a bolela. “Se sene se sa tlwaelesega mo Czechoslovakia ka nako eo e batho ba neneng ba dumela mo maitshwarong a a seng bopelontle.”

Olga a botsa Otakar le lelwapa lwa gagwe ka fa ba boneng boipelo ka teng. Ba mo itsise maloko a mangwe a Kereke mme ba mo neela Buka ya ga Momone. O ne a e bala a sena bopelotelele mme ka bofefo a kolobediwa le go tlhomamisiwa. E sale nako eo Olga o ne a nna yo o tlhotlheletsang bomolemo mo lefatsheng la kgatelelo ya sepolotiki le kgeriso ya sedumedi. O dirile ele moporesidente wa Mokgatlho wa Thuso mo lekalaneng le lennye le go thusa go pholosa mewa ya ba bangwe ka go ba tlisa go Keresete.3

Ke ka dirang?

  1. A ke sala morago ditlhotlheletso ya Moya o o Boitshepo fa Ke abelana bopaki jwame le bakaulengwe ba Ke ba etelang?

  2. Ke ka thusa jang bakaulengwe ba Ke ba tlhokometseng go ithuta efangele?

Dintlha

  1. Bona Teachings of Presidents of the Church: Joseph Smith (2007), 453.

  2. Dieter F. Uchtdorf, “Waiting on the Road to Damascus,” Liahona, Moranang 2011, 76–77.

  3. Bona Daughters in My Kingdom: The History and Work of Relief Society (2011), 92–95.

Gatisa