2013
Tla go Nna
Motsheganang 2013


Molaetsa wa Ketelo, Motsheganong 2013.

“Tla go Nna”

Ka mafoko a Gagwe le sekai sa Gagwe, Keresete o re bontshitse gore re ka atumela gaufi le Ene jang.

Ke fa ditebogo go bo ke na le lona mo konferenseng ya Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo. E ke Kereke ya Gagwe. Re tsaya gorona leina la Gagwe jaaka fa re tsena mo bogosing jwa Gagwe. Ke Modimo, Motlhodi, gape o ka botlalo. Re ba selefatshe kafa tlase ga loso le sebe. Le fa go ntse jalo o re rata le ba malwapa a rona, O re laletsa gore re nne gaufi le Ene. Fana ke mafoko a Gagwe: “Atumelang gonna mme Ke tlaa atumela go wena; ntshenkeng ka tlhagafalo mme lo tlaa mpona; botsa, mme o tlaa amogela; kokota, mme go tlaa bolesegela go wena.”1

Ka paka e ya Phaseka re gakololwa gore ke eng re Mo rata gape le ditsholofetso tse a di dirang go barutwana ba Gagwe bao ba ba boikanyego gore ba nne ditsala tsa Gagwe tse di rategang. Mmoloki o dirile tsholofetso eo mme a re bolelela gore, mo tirelong ya rona go Ene, a tle go rona. Nngwe ya sekai se se mo tshenolong go Oliver Cowdery jaaka a ne a direla Morena ka Moporofite Joseph mo go ranoleng Buka ya ga Momone: “Bonang o Oliver, mme Ke buile le wena ka ntlha ya dikeletso tsa gago; ka jalo nna le khumo ya mafoko a mo pelong ya gago. Nnna boikanyego gape o le tlhagafalo mo go tshegetseng melao ya Modimo, mme Ketlaa go dikologa ka matsogo a lorato.”2

Ke nna le maitemogelo a boipelo jwa go tla gaufi le Mmoloki le Ene a tla gaufi le nna gantsi thata ka ditiro tse di motlhofo tsa kobamelo mo melaong.

O nnile le maitemogelo ao. E kanna ya tswa gonngwe ele fa o tsena phuthego ya sakeramente. Go nna ene ele Sabatha fa ke ne ke santse kele monnye. Ka malatsi ao re ne re amogela sakeramente ka sebaka sa phuthego ya bosigo. Kgakologelo ya letsatsi le le lenngwe mo di ngwageng tse di fetang 65 tse di fitileng, jaaka Ke ne ke tshegeditse molao go kgobokana le balelwapa lame le Baitshepi, o ntse o nkatumetsa gaufi le Mmoloki wame.

Go ne gole bosigo gape gole tsididi. Ke gakologelwa ke ikutlwa lesedi le bothitho mo Chapeleng mantsiboeng ao ke na le batsadi bame. Re ne ra a ja sakeramente, eo e neng e diragaditswe ke batshegetsi ba Boperesiti jwa ga Aarone, ke golagana le Rraetsho yo o kwa Legodimong gore ke tlaa gakologelwa ka metlha Morwa wa Gagwe le go tshegetsa melao.

Kwa bofelong jwa phuthego re ne ra opela sefela “Abide with Me;’Tis Eventide,” ka mafoko a a moteng “O Mmoloki, nna le nna bosigo jo na.”3

Ke ne ka ikutlwa lorato la Mmoloki le bo gaufi jwa gagwe mo mantsiboeng ao. Mme ke ne ka utlwa kgomotso ya Moya o o Boitshepo.

Ke ne ke batla go tukisa gape maikutlo a lorato la Mmoloki le bo gaufi joo ke bo utlwileng ka sebaka sa phuthego ya sakeramente ka bonana jwame. Jalo ke ne mo malobeng ka tshegetsa molao o mongwe. Ke ne ka senka mo dikwalong tse di boitshepo. Mo go tsone, Ke ne ke itse fa ke ka boela gape go nna le Moya o o Boitshepo nte ke ikutlwe seo barutwana ba babedi ba Morena o o tsogileng baneng ba se utlwa fa a ne A amogela taletso ya bone go tla mo gaeng la bone go nna le bone.

Ke ne ka bala letsatsi la boraro morago ga Papolo ya Gagwe le phitlho. Basadi ba ba boikanyego le ba bangwe bane ba bona letlapa le kolokototswe go tsweng mo phuphung mme ba bona mmele wa Gagwe o seo. Bane ba tlile ka lorato go Ene go otsa mmele wa Gagwe.

Baengele babedi ba ne ba ema mma ba botsa gore ke eng le tshogile, ba re:

“Ke eng lo senka batshidi gareng ga baswi?

“Ga ayo fa, mme o tsogile: gakologelwa gore o buile lelona fa a ne a na le lona kwa Galalia,

“A re, Morwa motho o tlaa isiwa mo matsogong a banna ba baleofi, mme o tlaa bapolwa, mme letsatsi la boraro o tlaa tsoga gape.”4

Efangele ya ga Mark e tlatsa kaelo go tsweng mongweng wa baengele are: “Mme tsamayang ditseleng tsa lona, lo ye go bolelela barutwana ba gagwe le Petoro gore o ya pele ga lona kwa Galalia: mme koo lo tlaa mmona, jaaka a buile go lona.”5

Baapaosetola le barutwana bane ba kgobokane kwa Jerusalema. Jaaka fa re ka bo re le ntse, ba ne ba tshogile gape ba hakgametse jaaka ba ne ba buisanya mmogo ka ga loso le dipego tsa tsogo ya baswi ya Gagwe gore e raya eng go bone.

Barutwana ba babedi ba ne ba tsamaela kwa Jerusalema mantsiboeng gotsweng kwa Jerusalema mo tseleng e e yang kwa Emmause. Keresete yo o tsogileng o ne a iponagatsa mo tseleng mme a tsamaela kwa go bone. Morena o ne a tlile kwa go bone.

Buka ya ga Luke e re fa monyetla go tsamaya le bone:

“Mme go ne ga tla, gore, fa ba buisanya mmogo mme ba a fanisa mabaka, Jeso keresete ka boene o ne a atumela gaufi, mme a tsamaya le bone.

“Mme matlho a bone a ne a tshwerwe gore ba seka ba mo itse.

“Mme o ne a re go bone, Ke puisanyo e e ntseng jang eo le nang nayo mmogo, jaaka le tsamaya, mme le hutsafetse?

“Mme mongwe wa bone, yo o leina la gagwe eneng ele Cleopase, a araba go ene, A o moeng fela mo Jerusalema, mme ga o ise o itse dilo tseo di diragetseng mo malatsing a?”6

Ba ne ba Mmolelela ka bohutsana jwa gore Jeso o tlhokafetse jaaka ba ne ba tshepile go Ene gore e tlaa nna Morekolodi wa Iseraele.

Go ka bo gone go na le kutlwelobotlhoko mo lentsweng la Morekolodi yo o tsogileng jaaka fa a ne A bua le barutwana bao ba ba hutsafetseng ba babedi ba ba lelang:

“Jaanong o ne are go bone, Ao dieleele, le lona bao le bonya go dumela gotlhe mo baporofiti baneng ba go buile:

“A Keresete o ne a sa tshwanela go bogisegela dilo tsena, le go tsena mo kgalalelong ya gagwe?

“Mme go simolola ka Moshe le baporofiti botlhe, o ne a ba otlolosetsa go bone dikwalo tsotlhe tse di boitshepo dilo tseo mabapi le ene.”7

Jalo go ne gatla motsotso o o thuthafaditseng pelo yame e sale kele mosimanyana:

“Mme bane ba atumela gaufi le motse, koo baneng ba ya teng: mme o nea dira e kare o tlaa ya pele.

“Mme ba ne ba mo gaka, ba re, Nna le rona: go nne go mantsiboa, mme letsatsi le setse le ile. Mme o ne a ya go nna le bone.”8

Mmoloki o ne a amogela bosigo joo taletso go tsena mo ntlong ya barutwana ba Gagwe gaufi le motse wa Emmause.

O ne a nna fa nameng le bone. O ne a tsaya senkgwe, a se segofatsa, a se ngatha, mme a se ba naya. Matlho a bone a ne a bulega mo eleng gore ba ne ba Mo itse. O ne jalo A nyelela go tsweng mo ponong ya bone. Luke o ne a re kwaletse maikutlo a bao barutwana ba ba segofetseng: “Mme ba ne bare ka bo bone, A dipelo tsa rona dine tsa seka tsa tuka mo go rona, fa a ntshe a bua le rona mo tseleng, le fa a re bulela dikwalo tsedi boitshepo?”9

Ka oura e e tshwanang, barutwana ba babedi ba ne ba ragogela go boela kwa Jerusalema go bolelela ba Aposetola ba ba lesome le bongwe ka ga se se diregileng go bone. Ka nako yeo Mmoloki o ne a iponagatsa gape.

O ne a lebelela gape bo porofito jwa Mmishene wa Gagwe go lefelela maleo a bana ba ga Rara wa Gagwe le go roba dithapo tsa loso.

“Mme are go bone, Ka jalo go kwadilwe, mme go utlwisa botlhoko thata Keresete go bogisega, le go tsoga gotsweng baswing letsatsi la boraro:

“Le gore boikwatlhao le phimolo ya maleo e tshwanetse go rerwa mo leineng la gagwe gareng ga ditshaba tsotlhe, go simologa kwa Jerusalema.

“Mme le basupi ba dilo tse.”10

Mafoko a Mmoloki a boammaaruri go rona le gone go bao ba ba neng ele barutwana ba Gagwe nako eo. Re basupi ba dilo tse. Mme taelo ya kgakgamalo e re e amogelang jaaka re kolobetswa mo Kerekeng ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo go ne go beilwe ka tlhamalalo go rona ke moporofiti Alema dingwaga tse di makgolo tse di fitileng kwa metsing a Momone.

“Mme go ne ga diragala gore a ba re ye a re: Bonang, metsi a Momone ke a (gonne jalo a ne a bidiwa) mme jaanong , ka le eletsa go tsena mo sakeng la Modimo, le go bidiwa batho ba gagwe, mme lo rata go thusana merwalo ya mongwe go yo mongwe, gore e ka tla ya nna motlhofo;

Ee, mme lo batla go lela le ba ba lelang; ee, le go gomotsa ba ba tlhokang kgomotso, le go ema lo le basupi ba Modimo ka dinako tsotlhe le mo dilong tsotlhe, le mo mafelong otlhe a lo ka bong lo le mo go one, le go fitlhelela loso, gore lo tle lo rekololwe ke Modimo, mme lo balwe le bao ba tsogo ya ntlha, gore lo tle lo nne le botshelo jo bosakhutleng—

“Jaanong Ka re go lona, fa se ele keletso ya dipelo tsa lona, lona le eng kgatlhanong le go kolobediwa mo leineng la Morena, e le bosupi fa pele ga gagwe gore lo tsene mo kgolaganong le ene, gore lo tlaa mo direla mme lo tshegetse ditaelo tsa gagwe ka bontsi mo go lona?

“Mme jaanong fa batho ba sena go utlwa mafoko a, ba ne ba opa diatla tsa bone ka boipelo, mme ba re: Se ke keletso ya dipelo tsa rona.”11

Re ka fa tlase ga kgolagano gotlhe go tsholetsa bao ba ba tlhokang le go fa bosupi jwa Mmoloki ka sebaka se se lekanang le se re tshelang ka sone.

Re tlaa kgona go dira jalo re sa palelwe fela fa re ikutlwa lorato lwa Mmoloki le lorato lwa Gagwe go rona. Jaaka fa rele boikanyego go ditsholofetso tseo re di dirileng, re tlaa utlwa lorato la rona go Ene. E tlaa oketsega ka gore re tlaa utlwa maatla a gagwe le go atumela ga Gagwe gaufi le rona mo tirelong ya Gagwe.

Moporesidente Thomas S. Monson o re gakolotse ka tsholofetso ya Morena go baikanyego ba barutwana: “Mme ope yo o go amogelang, koo Ketlaa bo kele teng gape, gonne Ketlaa ya kwa pele ga sefatlhego sa gago. Ke tlaa bo ke le mo mojeng le mo molemeng wa lona, le Mowa wame o tlaa bo o le mo dipelong tsa lona, gape baengele bame ba tlaa lo dikaganyetsa, go le tshegetsa.”12

Go na le tsela e nngwe gape eo nna le wena re Mo utlwileng a atumetse gaufi le rona. Jaaka fa re ithapedisa ka tirelo go Ene, o atumela gaufi le bao re ba ratang mo malwapeng a rona. Nako le nako fa Ke sena go bilediwa tirelo ya Morena go sutisa le go tlogela lelwapa lame, Ke tlile ka bona gore Morena o ne a segofatsa mogatsaka le bana bame. O baakantse batlhanka bao ba ba lorato ba Gagwe le ditshono tsa go atumetsa lelwapa lame gaufi le Ene.

O utlwile masego ao a a tshwanang mo matshelong a lona. Bontsi ba lona le na le bao le ba ratang bao ba ba sasankegang mo mebileng ya go isa botshelong jwa bosa khutlheng. O hakgamalela gore o ka dirang se sengwe gape go ba tlisa kwa morago. o ka ikanya Morena gore a go atumetse gaufi le bone jaaka fa o Mo direla ka tumelo.

O tlaa gakologelwa tsholofetso ya Morena go Joseph Smith le Sidney Rigdon fa bane ba ile kgakala gotsweng go ba malwapa a bone mo tirong ya Modimo: “Ditsala tsame Sidney le Joseph, bamalwapa a lona ba siame; ba mo diatleng tsame, mme ke tlaa dira go bone seo ke bonang se ntshiametse; gonne mo go nna go na le maatla otlhe.”13

Jaaka Alema le Kgosi Mosaeya, bangwe ba botsadi jo bo ikanyegang ba ne ba diretse Morena ka sebaka mme ba ne ba na le bana bao ba ba neng ba latlhegile lentswa batsadi ba bone ba ne ba dule setlhabelo go Morena. Bane ba dirile gotlhe mo ba neng ba ka go kgona go se nko e ntshang lemina, le tota gotsweng kwa ditsaleng tsedi lorato tse di boikanyego.

Alema le Baitshepi ba malatsi a gagwe ba ne ba rapelela morwaagwe le barwaagwe Kgosi Mosaeya. Moengele o ne a tla. Dithapelo tsa gago le dithapelo tsa bao ba katisang tumelo ditlaa tlisa batlhanka ba Morena gore ba thuse maloko a malwapa a gago. Batlaa ba thusa gore ba itlhophele tsela go ya gae kwa Modimong, le tota bantse ba tlhasetswe ke Saatane le balatedi ba gagwe, bao maikemisetso a bone eleng go senya malwapa mo botshelong jo, le go isa bosa khutleng.

O tlaa gakologelwa mafoko a a builweng ke moengele go Alema yo Mmotlana le barwa Mosaeya mo butsuoloding jwa bone: “Mme gape, moengele o ne are: Bona, Morena o utlwile dithapelo tsa batho ba gagwe, le gape dithapelo tsa motlhanka wa gagwe, Alema, yo e leng rrago; gonne o rapetse ka tumelo e tona mabapi le wena gore o ka tla wa tlisiwa mo kitsong ya boammaaruri; jalo he, ka maikelelo a ke tlile go go dumedisa ka ga thata le taolo ya Modimo, gore dithapelo tsa batlhanka ba gagwe di ka tla tsa arabiwa go ya ka fa tumelong ya bone.”14

Tsholofetso yame go wena yo o rapelang le go direla Morena ga e ne enna ya gore o tlaa nna le masego otlhe ao o ka a ikeletsang le ba lelwapa la gago. Mme Ke ka go solofetsa gore Mmoloki o tlaa go atumela mme a segofatse wena le bale lwapa la gago ka seo se gaisang. O tlaa nna le kgomotso le lorato la Gagwe le go ikutlwa karabo ya Gagwe e atumela gaufi fa o otlolola matsogo a gago go fa tirelo go ba bangwe. Jaaka fa o bofa dintho tsa bao ba ba tlhokang mme o ofa Tefo ya Gagwe eo e phephafatsang go bao ba ba hutsafelelang mo boleong, maatla a Morena a tlaa go tlamela. Matsogo a Gagwe a otlololesegile go a gago go go thusa le go segofatsa bana ba ga Rraetsho yo o kwa Legodimong.

Go na le kgalalelo ya gotla gae moo re go baakanyediwang. Re tlaa bo jaanong re bona tirego ya tsholofetso ya Morena yo o re mo ratileng. Ke Ene yo a re amogelang mo botshelong jwa bosa khutleng le Ene le Rraetsho yo o kwa Legodimong. Jeso Keresete o ne a e tlhalosa jaana:

“Senka go tlisa pele le go nitamisa Sione. Tshegetsa melao yame mo dilong tsotlhe.

“Mme, fa o tshegetsa melao yame mme o itshokela go ya bo khutlong o tlaa nna le botshelo jo bo sa khutleng, e mpho eleng kgolo go gaisa dimpho tsa Modimo tsotlhe.15

“Go bao ba ba tshelang ba tlaa rua lefatshe, mme go bao ba ba swang ba tlaa ikhutsha mo perekong tsa bone, mme ditiro tsa bone di tlaa ba sala morago; mme ba tlaa amogela korone mo mantlontlong a ga Rara wame, ao Ke ba a baakanyeditseng.”16

Ke fa bopaki jwa gore re ka Moya ra sala taletso ya ga Rraetsho yo o kwa Legodimong: “Yo Ke Morwaaka yo o Rategang. Mo Utlwe!”17

Ka mafoko a Gagwe le sekai sa Gagwe, Keresete o re bontshitse gore re ka ya go Ene jang. Ngwana mongwe le mongwe wa ga Rraetsho yo o kwa Legodimong yo o itlhophetseng go tsena ka kgoro ya kolobetso mo Kerekeng ya Gagwe o tlaa nna le tshono mo botshelong jo go rutiwa efangele ya Gagwe le go utlwa gotsweng mo batlhankeng ba Gagwe bao ba biditsweng, fa A ba laletsa are, “Tlang go nna.”18

Motlhanka mongwe le mongwe wa Gagwe mo teng ga bogosi jwa Gagwe mo lefatsheng le kwa lefatsheng la semowa o tlaa amogela kaelo ya Gagwe ka Moya jaaka fa ba segofatsa ebo ba direla ba bangwe ka Ene. Mme ba tlaa utlwa lorato la Gagwe mme ba bone boipelo mo go gogediweng gaufi le Ene.

Ke mosupi wa Tsogo ya Baswi ya ga Morena ka netefatso e e jaaka e kete ke ne kele teng mo mantsiboeng a barutwana ba babedi mo ntlong ya tsela ko Emmaus. Ke a itse gore O a tshela fela ka netefatso ya ga Joseph Smith fa a ne a bona Rara le Morwa mo leseding la moso o o neng o phatshima mo ditlhatshaneng tsa kwa Palmyra.

Se ke Kereke ya boammaaruri ya ga Jeso Keresete. Ke fela mo dinotlolong tsa boperesiti tseo di tshegediwang ke Moporesidente Thomas S. Monson go nang le maatla go rona a go konotelelwa rele malwapa go tshelela bosenang bokhutlo le Rraetsho yo o kwa Legodimong le Morena Jeso Keresete. Re tlaa re ka Letsatsi la Katlholo re eme fa pele ga Mmoloki, re itebaganye sefatlhego mo sefatlhegong. E tlaa nna nako ya boipelo go bao ba ba ileng gaufi le Ene mo tirelong ya Gagwe mo botshelong joo. Go tla nna boipelo go utlwa mafoko: “O dirile sentle, wena mosiami le motlhanka yo o boikanyego.”19 Ka jalo Kefa a bopaki kele mosupi wa Mmoloki yo o tsogileng gape ele Morekolodi wa rona Jeso Keresete, amene.

Gatisa