2013
Go obamela Go Tlisa Masego
Motsheganang 2013


Molaetsa wa Boporesidente jwa Ntlha, Motsheganong 2013

Go obamela Go Tlisa Masego

Kitso ya boammaaruri le dikarabo go dipotso tsa rona tse dikgolo ditla go rona fa re obamela melao ya Modimo.

Barwarre le bokgaitsadiaka ba ba rategang, ke ka malebogolo a magolo jang ao ke tlang go lona mo mosong ono. Ke batla keletso ya tumelo ya lona le dithapelo jaaka fa Ke fetogela monyetla wa go buisanya le lona.

Mo dingwageng tse difitileng, banna le basadi bane ba senkile kitso le tlhaloganyo mabapi le go tshela ga selefatshe le karolo ya bone mo maikemisetso a lone, le fela kwa tseleng go isa kagisong le boitumelong. Tshenko e e ntseng jalo e tserwe ke rona.

Kitso e le tlhaloganyo e teng go batho botlhe. E mo boammaaruring jo bo yang bosa khutleng. Mo Dithutong le Dikgolaganong tsetlana 1, temana ya bo 39, re bala jaana, “Bonang, mme bona, Morena ke Modimo, mme Moya o fa pego, mme pego e e boammaaruri, mme boammaaruri bo tlaa nna ka bosenang bokhutlo.”

Mmoki o ne are:

Lentswa legodimo le tsamaya le motswedi wa lefatshe o thubega,

Boammaaruri, tlhakanyo ya botshelo, botlaa tepa loabi go gaisa,

Goisa bosa khutlheng, bosa fetoge, goya goile.1

Bangwe ba ka botsa, “Boammaaruri joo bo ka bonwa kae, mme re ka bo lemoga jang?” Motshenolong e e neng e filwe ka Moporofeti Joseph Smith ko Kirtland, Ohio, ka Motsheganong 1833, Morena o ne a bega:

“Boammaaruri ke kitso ya dilo jaaka fa dintse, le ka fa dileng ka teng, le ka fa ditlaa nnang teng. …

“Moya wa boammaaruri ke wa Modimo. …

“Mme ga go ope motho yo o amogelang ka botlalo fa e se a tshegetsa melao ya gagwe.

“Ope yo o tshegetsang melao ya gagwe o fiwa boammaaruri le lesedi, gofitlhela a galalediwa ka boammaaruri mme a itse sengwe le sengwe.”2

A tsholofelo e e galalelang! “Ope yo o tshegetsang melao ya [Modimo] o fiwa boammaaruri le lesedi, gofitlhela a galalediwa ka boammaaruri mme a itse sengwe le sengwe.”

Ga go tlhokege gore nna le wena mo ngwageng wa tshedimosetso, fa efangele ka botlalo e buseleditswe, gore re tsamaye mo mawatleng a a sa iketlang kgotsa re tseye loeto mo tseleng tse di sa tshwaiwang re senka motswedi wa boammaaruri. Go nne Rraetsho yo o kwa Legodimong yo o lorato o setse a dirile tsela ya rona mme a re fa mmepe yo o sa tlholegeng—kobamelo. Kitso ya boammaaruri le dikarabo tsa rona tse kgolo di e tla go rona fa re obamela melao ya Modimo.

Re ithuta kobamelo botshelo jwa rona jotlhe. Re simolola fa re sale bannye thata, bao ba ba nang le maikarabelo go tlhokomelo ya rona ba tlhoma kwa pele mela ya kaelo le taolo go bona gore re sireletsegile. Botshelo bo ka bo bole motlhofo thata go rona rotlhe fa re ne re obamela ditaolo tseo ka botlalo. Bontsi jwa rona, le fa go ntse jalo, re ithuta ka maitemogelo botlhale jwa go obamela.

E rile Ke gola, selemo sengwe le sengwe gotsweng kwa tshimologong ya Phukwi go fitlhela tshimologo ya Lwetsi, lelwapa lame le ne le nna kwa khabineng kwa Phakeng ya Vivian Canyon mo Utah.

Mongwe wa ditsala tsame tse di tona ka sebaka seo sa malatsi ao a reneng re sa kgathalele mo khanyoneng e ne ele Danny Larsen, yo o le bone ba neng ba na le khabine kwa Phakeng ya Vivian. Letsatsi lengwe le lengwe nna le ene re ne re gwanta mo pharataeseng ya basimane, re tshwara ditlhapi mo megobeng le mo nokeng, re kgobokanya mantswe le matlotlo a mangwe, re ya dithabeng, re pagama, le go ipela ka bomotlhofo motsotso mongwe le mongwe wa oura ya letsatsi lengwe le lengwe.

Moso mongwe Nna le Danny rene ra tsaya tshwetso ya gore re nne le molelo wa kampa mo mantsiboeng ao rena le ditsala tsa rona tsotlhe tsa kwa khanyeneng. Re ne re tlhokana le go sutisa lefelo mo tikologong e e gaufi koo rotlhe re ka kgobokanelang gone. Tlhaga ya Seetebosigo e e neng e apere tikologo eo e omeletse e tlhaba, e dira gore tikologo e seka ya siamela maikemisetso a rona. Re ne ra simolola go komola tlhaga e telele, re rulagantse go sutisa lefelo le legolo, le le dikologang. Re ne re kumola gape re goga ka thata ya rona yotlhe, mme seo reneng re se bona e ne ele mo go nnye ga mhero yo o neng o le dingalo. Re ne re itse fa tiro e e ne e ya go tsaya letsatsi lotlhe, mme fela matsapa a rona le boikaelelo jwa rona bo ne bo setse bo tsamaile.

Mme seo Ke neng ka akanya fa ele karabo ya botlalo e ne ya tla go tlhaloganyo ya yo o dingwaga tse di borobabobedi. Ke ne ka re go Danny, “Se re se tlhokang ke go tlhoma mhero ona mo mo molelong. Re tlaa tshuba sekele mo mherong!” O ne ka potlako a dumalana, mme Ke ne ka tabogela kwa khabening ya rona go ya go tsaya matlhokwa a le mmalwa.

A go seka ga nna le ope wa lona yo o akanyang gore ka ngwaga tseo tse di kalo re ne re dumeletswe go dirisa matlhokwa (a molelo), Ke batla gore ke lo itsise gore rotlhe nna le Danny rene re sa letlelelwe go a dirisa go sena tlhokomelo ya mogolo. Rotlhe re ne re tlhagisitswe gantsi ka kotsi ya molelo. Lentswa go ntse jalo, Ke ne ke itse gore lelwapa lame le baya kae matlhokwa (a molelo), gape re ne re tlhokana le go sutisa lefelo leo. Go sena kakanyo epe ya bobedi, Ke ne ka tabogela kwa khabineng ya rona mme ka tla ka matlhokwa a mmentshisi, ke netefatsa gore ga go ope yo o lebileng. Ke ne ka di fitlha ka pela mo nngweng ya dikgwatlha tsame.

Kwa go Danny Ke ne ka taboga, ke itumeletse gore mo go nna Ke na le karabo ya mathata a rona. Ke gakologelwa gore ke ne ke akanya gore molelo o ya go tukela fela ko bokgakaleng joo re batlang le gore re tlaa bo jalo ka kgonagalo ya masalamose o itima ka bo one.

Ke ne ka kgwarinya mo letlapeng mme ka tshuba tlhaga e e omeletseng ya Seetebosigo ka molelo. E ne ya tlhotlhelesega jaaka e kete e ne e soukilwe mo gaseng. Lwantlha Danny le nna re ne re itumetse thata jaaka fa rene re bona mhero o nyelela, mme ka bonako go ne ga lemosega gore molelo ga o ne o tima ka bo one. Re ne ra akabala fa re lemoga gore ga go sepe seo re ka se dirang go o emisa. Molelo oo o o neng o tshosa wa simolola go tsamaela kwa tlhageng ya naga go ya godimo ga thaba ka fa letlhakoreng, o tshosetsa ditlhare tsa motlhware le sepe fela seo se neng sele mo tseleng ya one.

Lwa bofelo re ne re sena tshwetso epe fa ese go tabogela go ya go kopa thuso. Ka bofefo botlhe banna le basadi bao ba neng bale teng kwa Phakeng ya Vivian bane ba ya kwa pele le kwa morago ka dibeke di omisitswe metsi, ba betsa matlhasedi (a molelo) go leka go o tima. Morago ga dioura tse di mokawana lwa bofelo mogo saletseng gone ga emisiwa. Ditlhare tsa motlhware tsa bogologolo wa dingwaga di ne tsa bolokiwa, jaaka le magae ao molelo o neng o ya go kopana nao.

Danny le nna re ne ra ithuta dithuto tse di thata tse di mokawana mme dile botlhokwa letsatsi leo— e seng mo go nnye mo go leng botlhokwa jwa go obamela.

Go na le ditaelo le melao eo e re thusang gore re nne mo tshireletsegong mo ka senama. Jaaka moo, Morena o re file mela ya kaelo le melao gore thusa gore re nne mo tshireletsegong ya semowa gore re tle re atlege go tsamaela mo botshelong jo gantsi bo nang le diphatsa tsa selefatshe mme re boele kgabagare go Rraetsho yo o kwa Legodimong.

Go losika lo lo neng lo tlwaetse ka ngwao ya setlhabelo sa phologolo, Samuele o ne ka bopelokgale a bega, “Go obamela go botoka mo go feng setlhabelo, le go reetsa gona le go fa mahura a dinku.”3

Mo tebalelong e, Morena o senotse go Moporofiti Joseph Smith gore O batla “pelo le tlhaloganyo e e maikemisetso; mme bao ba ba ikemiseditseng e bile ba obamela batlaa ja bomolemo jwa lefatshe la Sione mo malatsing a a bofelo.”4

Baporofiti botlhe, ba bogologolo le ba segompieno, ba ne ba itsile gore go obamela bo botlhokwatlhokwa mo pholosong ya rona. Nifae o ne a bega, “ Ke tlaa ya go dira dilo tse Morena a di laotseng.”5 Lentswa ba bangwe bane ba tlholwa mo tumelong le kobamelo ya bone, Nifae le fa ele gangwefela ga a ise a palelwe go dira seo Morena a neng a se mo kopa. Dikokomane tseo di sa buiweng di ne tsa segofadiwa ele maduo a seo.

Polelo eo e tlhotlheletsang mowa ya kobamelo ke ya ga Aborehama le Isake. Ka fa go neng go le botlhoko gole thata mo go ka bong go le go Aborehama, go obamela taolo ya Modimo, go tsaya morwaagwe yo o rategang Isake kwa lefatsheng la Morea go mo fa ele setlhabelo. A re ka akanya ka bokete jwa pelo ya ga Aborehama jaaka a ne a sepelela go ya kwa lefelong leo le neng le beilwe? Ka nnete bohutsana bo tshwanetse jwa bo bo ne bo tlhorontshitse mmele le go koofatsa tlhaloganyo ya gagwe jaaka a ne a bofa Isake, a mmeile mo aletareng, mme a tsaya thipa go mmolaya. Ka tumelo eo e neng e sa palelwe le go tshepa gotlhelele Morena, o ne a retologetse kwa taolong ya Modimo. A kgalalelo eo ya go utlwa puisego, le ka kgakgamatso e ne ya amogeselwa fa e tla, “ O seka wa baya letsogo la gago mo mosimanyaneng, le fa ele go dira sepe go ene: go nne jaanong Ke a itse gore o boifa Modimo, ke bona o sa seegela thoko morwaago, morwaago yo o esi gotswa go nna.”6

Aborehama o ne a lekilwe a lekisegile, mme ka tumelo ya gagwe le kobamelo Morena o ne a mo fa tsholofetso e e galalelang e: “Mo peong ya gago ditshaba tsotlhe tsa lefatshe ditlaa segofadiwa; ka gonne o ne o obametse lentswe lame,”7

Lentswa re sa kopiwe go supegetsa kobamelo ya rona ka tsela eo e bofefo ya pelo e e fetolang, kobamelo e a tlhokiwa go rona le rona.

Ga bega Moporesidente Joseph F. Smith ka Phalane 1873, “Kobamelo ke molao wa ntlha wa legodimo.”8

Ga buwa Moporesidente Gordon B. Hinckley, “Boitumelo jwa Baitshepi ba malatsi a Bofelo, kagiso ya Baitshepi ba malatsi a Bofelo, tswelelopele ya Baitshepi ba malatsi a Bofelo, katlego ya Baitshepi ba malatsi a Bofelo le pholoso ya bosa khutleng le kgoleletso godimo ya kgalalelo ya batho ba e ikaegile mo go tsamayeng ka kobamelo mo kgakololong ya … Modimo.” 9

Go obamela ke tshwaelo ya konokono ya baporofiti; e tlisitse thata le kitso go bone gotlhe go kgabaganya dingwaga. Go botlhokwatlhokwa gore re lemoge se gore, le rona, re na le tshwanelo ya motswedi wa thata e le kitso. E teng ka bofefo go mongwe le mongwe wa rona gompieno jaaka fa re obamela melao ya Modimo.

Ka go kgabaganya dingwaga, Ke itsitse batho bao ba sa balweng bao ba neng ba le boikanyego ba na le kobamelo. Ke segofaditswe le go tlhotlheletswa ke bone. Mpe ke abelane le lona bale babedi ba batho bao.

Walter Krause e ne ele leloko leo leneng le itsetsepetse la Kereke yo o, ene le lelwapa la gagwe, ba tshidileng koo go neng ga itsagala ele Jeremane wa Botlhaba go latelela Ntwa ya Bobedi ya Lefatshe. Lentswa a ne a lebaganwa ke makete ka ntlha ya kgololesego e eo eneng e seo mo lefelong leo la lefatshe ka nako eo, Mokaulengwe Krause e ne ele monna yo a neng a ratile e bile a direla Morena. O ne ka boikanyego a na le setswalo a diragatsa thomo epe fela eo a neng a e filwe.

Monna yo mongwe, Johann Denndorfer, matsalwa wa Hungary, o ne a sokologela mo Kerekeng kwa Jeremane mme a kolobediwa koo ka 1911 ale dingwaga tse 17. Mme mo sebakeng se se seng setelele morago ga moo o ne a boela kwa Hungary. Go latelela Ntwa ya Bobedi ya Lefatshe, o ne a iphitlhela tota ele legolegwa kwa lefatsheng la goo boo rraabo, mo Toropokgolong ya Debrecen. Kgololesego ene le yone e tserwe mo bathong ba Hungary.

Mokaulengwe Walter Krause, yo o a neng a sa itse Mokaulengwe Denndorfer, o ne a amogela thomo go nna moruti wa gae wa gagwe le go mo etela makgetho a le mmalwa. Mokaulengwe Krause o ne a bitsa mmata wa gagwe wa moruti wa gae mme are go ene, “ Re amogetse thomo go etela Mokaulengwe Johann Denndorfer. A o tlaa nna teng go tsamaya le nna beke e go ya go mmona le go mo fa molaetsa wa efangele?” Mme a bo a tlatsa, “ Mokaulengwe Denndorfer o tshela ko Hungary.”

Mmata wa gagwe yo a neng a hakgametse o ne a botsa, “Re tlaa tsamaya leng?”

“Ka moso,” ga tla phetolo gotsweng go Mokaulengwe Krause.

“Re tla boela gae leng?” ga botsa mmata.

Mokaulengwe Krause o ne a fetola, “Ao, morago ga beke—fa re kgona go bowa.”

Kebao bommati ba baruti ba gae ba ne ba tsamaya go etela Mokaulengwe Denndorfer, ba sepela ka terena le ka bese gotsweng kwa bokone bo tlhaba jwa kgaolo ya Jeremane go ya ko Debrecen, Hungary— mosepele o motelele tota. Mokaulengwe Denndorfer o ne a sekile a nne le baruti ba gae e sale pele ga ntwa. Jaanong, fa a bona batlhanka ba ba Morena, o ne a hupediwa ke malebogo a gore ba tsile. Lwantlha o ne a gana go ba tshwara matsogo. Mo boemong jwa moo, o ne a ya kwa kamoreng ya marobalo mme a ya go tsaya bokose e nnye ya khabenete e na le tsa bolesome jwa gagwe joo o bo bolokileng ka dingwaga tse dintsi. O ne a baya pele tsa bolesome jwa gagwe go baruti ba gagwe ba gae mme are go bone, “Jaanong ke siamolodisitse le Morena mo bogompienong. Jaanong Ke ikutlwa ke itekanetse semoweng go tshwara matsogo a batlhanka ba Morena!” Mokaulengwe Krause o ne a mpolelela gore morago ga moo o ne a amegile go fitisa mafoko go akanya gore moikanyegi yo wa mokaulengwe, yo o neng a sena kamano le Kereke mo dingwageng tse dintsi, o ne a na le kobamelo mme ka dikgato tsotlhe fela a tsaya lemme la gagwe la tuelo diperesente tse 10 gore a duele tsa bolesome jwa gagwe. O ne a e bolokile a sa itse gore o tlaa e duela leng kgotsa gore a o tlaa nna le tshono ya go e duela.

Mokaulengwe Walter Krause o ne a tlhokafala dingwaga tse di robang bongwe ale dingwaga tse 94. O diretse ka boikanyego le ka kobamelo botshelo jwa gagwe jotlhe e bile o ne ale motlhotlheletsi mo go nna le mo go bao ba ba neng ba moitse. E ne ere a kopiwa go diragatsa thomo, o ne a sa botse, o ne a sa ngongorege, gape o ne a sa fe maipato.

Barwarre le bokgaitsadiaka, teko e tona ya botshelo joo ke kobamelo. “Retlaa ba leka gotsweng fa, “ga bua Morena, “ go bona gore a ba tlaa dira dilo tsotlhe tseo Morena Modimo wa bone a tlaa ba di laelang.”10

Ga bega Mmoloki, “Go botlhe bao ba batlaa nnang le lesego gotswa mo letsogong lame batlaa tshegetsa molao o o beilweng go lesego leo, le diemo tsa teng, jaaka di filwe gotsweng pele ga motheo wa lefatshe.”11

Ga go sekai sepe seo se se tona sa kobamelo se seleng teng gona le sa Mmoloki. Ka ga Ene, Paulo o ne a ela tlhoko:

“Lentswa e ne ele Morwa, mme o ne a ithuta kobamelo ka dilo tseo a di bogisegetseng;

“Mme le go nnisiwa ka botlalo, o ne a nna mokwadi wa pholoso ya bosa khutleng go botlhe bao ba ba mo obamelang.”12

O supile lerato le la mmannete go Modimo ka go tshela botshelo jo botletseng, ka go tlotla mmishene wa Gagwe o o boitshepo. O ne ase ka gope A sa ikgantshe O ne ase ka gope A sa ikgogomotse ka boikgantsho O ne ase ka gope A sa dire mo go sa tshepegeng Goisa bosakhutlheng O ne ale boikokobetso. Goisa bosakhutlheng O ne ana le bopelontle. Goisa bosakhutlheng O ne a na le kobamelo.

Lentswa a ne A reelwa ke mong wa botsietsi, eleng tota saatane; lentswa a ne ka senama a le bokowa mo go itimeng dijo malatsi ale 40 le masigo ale 40 gape “a ne a tshwerwe ke tlala”; mme e ne yare saatane a re o fa Jeso thaelo ya kgogedi le dikakanyo tsa yone, O ne a re fa sekai sa bomodimo sa kobamelo ka go gana go fapogela mo go se A se itseng gore se siame.13

E ne yare a lebaganwe ke botlhoko kwa Gethsemane, ko a ikutlwetseng botlhoko jo bo kalo mo eleng gore mofufutso wa gagawe ene ele marothodi a madi a wela fa fatshe, O ne a fa bokao jwa Morwa o o Obamelang ka gore. Ntate, fa o rata, ntsha kopi e gotswa gonna: le gale e seng thato ya me, mme ya gago e diragale.”1415

Jaaka Mmoloki a ile a fa taelo go Baaposetole ba Gagwe , ka jalo o laela nna le wena, “Ntshaleng morago.”16 A re eletsa go obamela?

Kitso eo e re e senkang, dikarabo tseo re di ngoretsweng, le thata eo re e eletsang gompieno go itepatepana le digwetlho tse di mafaratlhatlha tsa lefatshe la phetogo e kanna ya rona fa re ikemisetsa go obamela melao ya Morena. Ke balolola gape mafoko a Morena: “Ope yo o tshegetsang melao ya [Modimo] o bona boammaaruri le lesedi, go fitlhela a galalediwa ka boammaaruri le kitso ya sengwe le sengwe.”17

Ke thapelo yame ya boikokobetso gore re kanna ra segofadiwa ka khumo ya tuelo eo e solofeditsweng go bao ba ba obamelang. Mo leineng la ga Jeso Keresete, Morena le Mmoloki wa rona, amene.

Gatisa