2013
Dithuto tsa Nako ya Rona
Motsheganang 2013


Dithuto tsa Nako ya Rona

Boperesiti jwa ga Melekhesedeke le Mokgatlho wa Thuso mo Sontageng wa bone o tlaabo o remeletse mo “Dithutong tsa Nako ya Rona.” Thuto nngwe le nngwe e ka baakanyediwa mo puong e nngwe kgotsa dipuo tsedi ntsi mo khonforenseng ya kakaretso ya bosheng (bona chate fa tlase). Boporesidente jwa Seteiki le jwa kgaolwana bo ka tlhopha dipuisano tse ditla dirisiwang, kgotsa ba ka neela bobishopo le boporesidente ba makalana maikarabelo ao. Baeteledipele ba tshwanetse go gatelela boleng jwa bakaulengwe mo Boperesiting jwa Melekhesedeke le bakaulengwe mo Mokgatlhong wa Thuso go ithuta dipuisano dile dingwe mo Sontageng yo o.

Bao ba ba tsenelelang dithuto tsa Sontaga wa bone ba rotloediwa go ithuta le go tlisa motlung ya borutelo buka ya kgatiso ya khonforense ya kakaretso ya bosheng.

Megopolo go Ipaakanyetsa Thuto go tsweng Dipuisanyong

Rapela gore Mowa o o Boitshepo o nne le wena jaaka o ithuta le go ruta (di)puisanyo. O ka nna wa raelesega go baakanyetsa thuto eo o dirisa didirisiwa di sele, mme dipuisanyo tsa khonforense di mo togamaanong ya thuto e e letleletsweng. Thomo ya gago ke go thusa ba bangwe go ithuta le go tshela efangele e e rutwang mo khonforenseng ya kakaretso ya bosheng ya Kereke.

Lebelela (di)puisanyo, o senka melawana le dithuto tse dikgotsofalelang letlhoko la maloko a tlelase. Gape batla metshameko, kaedi ya dikwalo tsa tumelo, le ditemana go tsweng (di)puisanong tse ditla a go thusang go ruta boammaaruri jo.

Dira metlhale ya gore o tla ruta jaang melawana le dithuto tse. Akanyetsa o balela dipotso tseo di thusang maloko a tlelase:

  • Leba melawana le dithuto mo (di)puisanyong.

  • Akanya ka ditlhaloso tsa tsone.

  • Abelana go tlhaloganya, megopolo, maitemogelo, le bopaki.

  • Diragatsa melawana le dithuto tse mo matshelong a bone.

Dikgwedi tse Dithuto tse Di Rutwang ka Tsone

Di dirisiwa tsa Thuto ya Sontaga wa Bone

Moranang 2013–Phalane 2013

Dipuisano tseo di neetsweng ka Moranang 2013 ka khonforense ya kakaretso*

Phalane 2012–Moranang 2014

Dipuisano tseo di filweng ka Moranang 2013 ka khonforense ya kakaretso*

  • Ka Moranang le Phalane dithuto tsa Sontaga wa Bone, (di)puisano di ka nna tsa tlhotshwa gotsweng mo khonforenseng e e fitileng kgotsa gotsweng mo go e e mo bosheng. Dipuisanyo tse diteng ka (diteme tse difarologanyeng) ko conference.lds.org.

Gatisa