2013
Mpho ya ga Jen
Diphalane 2013


Banana

Mpho ya ga Jen

Mokwadi o tshela kwa Utah, USA.

Ke dirile ditshwetso tse di fosagetseng tse di mmalwa ngwaga wame wa bobedi kwa sekolong se se golwane. Ditshwetso tseo dine tsa nkisa kwa ditla-moragong tse di masisi le bo senang boitumelo, mme Ke ne ka tsaya tshwetso ya gore ke dirise go ikhutsha game ga selemo gore Ke dire diphetogo. E rile sekole se simolola gape, Ke ne ke ja dijo tsa tshokologo mo phapusing ya kamoreng ya botlhapelo kgotsa mo tseleng ya holo go fapoga botsalano jo bo bosula joo boneng bo nkemetse go nkamogela gape.

Ke ne ke ise keke ke ikutlwe kele bodutu.

Jalo he Modimo o ne a mpha mpho: O ne a nthomelela Jen. Ga a ise ake a nkatlholele diphoso tsame mme mo boemong o ne a nthotloetsa go tshegetsa gore ke tsamaele mo tseleng e e siameng. Ka go itse gore o tlaa bo a le teng kwa sekolong go ne ga nthusa gore Ke tshwelele go bala mafoko a tumelo le go otla bopaki jwame. Ka nako ya fa go aloga go goroga, Ke ne ke setse Ke itshupegeditse gore ke na le tlhwaafalo mo go fetogeng.

Ke a ipotsa nako tse dingwe gore Ke kabo kele kae gompieno fa nne Jen a ne a sa otlologelela (letsogo) go nna. A ke kabo Ke ngangatletse melawana yame a seo? Ka lesego, Ke ka seka ka itse ka gore o ne ale teng ka pelo ya gagwe yotlhe, a ipaakantse gape a eletsa go nthusa.

Gatisa