2013
Maikarabelo a Rona a go Golola
Diphalane 2013


Molaetsa wa Boporesidente jwa Ntlha, Phalane 2013

Maikarabelo a Rona a go Golola

Setshwantsho
Moporesidente Thomas S. Monson

Go Baitshepi ba Malatsi a Bofelo, letlhoko la go golola barwarre le bokgaitsadiake bao, ka lebaka lengwe kgotsa le lengwe, ba fapogileng go tsa mo tseleng ya gonna tlhaga mo Kerekeng le na le sekaelo se segolo sa bosa khutleng. A re itse batho bao ba ba kileng ba bo ba ipelela efangele? Fa go ntse jalo, maikarabelo a rona ke eng a go ba golola?

Akanyetsa balatlhegi ga reng ga bagodi, batlholagadi, le balwetsi. Bontsi jwa bone gantsi ba fitlhelwa mo lenyoreng le sekgwa se se omeletseng sa kgathololo seo se bidiwang bodutu. Fa banana ba tsamaya, fa botsogo bo fokotsega, fa matlhagatlhaga a fela, fa lesedi la tsholofelo le nyelela thata go tima, ba ka thuswa le go otliwa ka letsogo leo le thusang le pelo eo e itseng kutlwelobotlhoko.

Ee go na, le bao ba bangwe ba ba tlhokang go gololwa. Bangwe ba ngakaletse le sebe fa ba bangwe ba sasankega mo poifong kgotsa basena thata kgotsa ba sena kitso. E katswa ele lebaka lefe fela, ba ikgatholosetsi gotsweng gonneng tlhaga mo Kerekeng. Mme ba tla nna fela thata ka tatlhego fa ese fela go tsoga mo go rona — maloko a Kereke ba ba tlhaga — keletso ya go golola le go pholosa.

Mongwe yo o ka Bontshang Tsela

Nako ngwe bogologolo Ke ne ka amogela lekwalo le kwadilwe ke monna yo a neng a fapogile go tswa mo Kerekeng. Lene le emetse bontsi jwa maloko a rona. Morago ga a sena go tlhalosa gore o nnile jang ka bosenang tlhaga, o ne a kwala:

“Ke ne ke na le gole gontsi jaanong ke na le go le gonnye. Ga ke a itumela e bile ke ikutlwa e kete Ke tlholwa mo sengweng le sengweng. Ke nnile ka gale kena le bopaki jwa Efangele, lentswa tota ke sa tshele ka botlalo melawana ya yone. Ke kopa thapelo tsa gago.

“Ka tsweetswee sa lebale bangwe ka rona ba ba orileng kwa ntle ba — balatlhegi ba Baitshepi ba Malatsi-a Bofelo. Ke itse ko Kereke e leng teng, mme fa gongwe Ke akanya gore Ke tlhoka mongwe gape go mpontsha tsela, go nthotloetsa, go ntsha boifo yame, le go fa bopaki go nna.”

E rile Ke santse ke bala lekwalo le, dikakanyo tsame tsa fetogela go loeto leo Ke le ileng go nngwe ya metlobo ya botaki ya lefatshe — Museamo wa Victoria le Albert ko Lontone, Enyelane. Koo, ka botswerere go betlilwe, petlo e kgolo e pentilwe ka 1831 ke Joseph Mallord William Turner. Mopento o na le maru a mantsho a ikaegileng le tshakgalo ya lewatle le le huduegang le supa kotsi le loso. Lesedi leo le tswang kwa sekepeng se se tlhaetseng le tshuba kgakala. Kwa pele, go na le mokoro wa botshelo, o o kgaramediwang thata ke makhubu a a tlang a metsi a lefulo. Banna ba goga ka thata mo thobane tsa mokoro jaaka fa o nwela mo setsuatsueng. Mo lotshitshing go eme mogatse le bana bale babedi, ba kolobile ele pula ba beditswe ke phefo. Ba leba ka ketsaetsego kwa lewatleng. Mo tlhaloganyong yame Ke ne ka tlhofofatsa leina la mopento oo. Go nna e ne ya nna Go tswa Letsholo go isa Kgololong.1

Gareng ga matsubutsubu a botshela, kotsi e teng. Banna le basadi, basimane le basetsana ba iphitlhela ba tlhaetse ba lebagane le go senngwa. Ke mang yo a yang go kaela mekoro ya botshelo, a tlogela kwa morago matobetobe a gae le a lelwapa, mme a ya kwa kgololong?

Tiro ya rona ga se gore ga e palege. Re mo thomong ya Morena; re na le tshwanelo ya thuso ya Gagwe.

Ka sebaka sa Boruti jwa Mong wa rona, O ne a bitsa batshwara-ditlhapi kwa Galalia gore ba tlogele matlowa a bone mme ba Mo sale morago, “Ke tlaa lo dira batshwari ba batho.”2 A ko re kopanneng moemo a batshwari ba banna le basadi, gore re tle re fe sepe fela ele thuso e re ka e kgonang.

Sa rona ke tiro ya go otlologela go golola bao ba ba tlogetseng tshireletsego ya go nna tlhaga, gore bao batle ba tlisiwe mo tafoleng ya Morena gore ba je mokete wa lefoko la Gagwe, go ipelela bopati jwa Moya wa Gagwe, le gore “ba senne baeng le batswakwa, mme ba nne beng gae mmogo le baitshepi, ele ba ntlo ya Modimo.”3

Molawana wa Lorato

Ke bone gore melao motheo e mebedi ke yone lebaka leo ka gantsi pego ya go bowa botlhageng le go fetoga ga megopolo, mekgwa le ditiro e eleng yone. Sa ntlha, batho ba a bowa ka gore mongwe o ba supegeditse kgonagalo ya bone ya bosa khutleng le gore o ba thusitse gore ba tseye tshwetso ya go bo diragatsa. Yo o seng tlhaga thata ga akake a ikhutsa sebaka a kgatlhegetse se se kwatlase fa a bona gore botswerere bo gaufi bo ka kgonagadiwa.

Sa bobedi, ba bangwe ba a bowa ka gore bao b aba ba ratang kgotsa “ba senne baeng le batswakwa, mme ba nne beng gae mmogo le baitshepi” ba setse morago kgakololo ya Mmoloki, ba ratile baagisanyi nabo jaaka ba ithata,4 le go thusa ba bangwe go ba tlisa mo ditorong tsa bone gore di direge le dikeletso tsa bone gore di kgonagale.

Se se fefosang mo dikgatong tse e nnile — ebile e tlaa tswelela e nna — molawana wa lorato.

Ka mmantota, batho bao ba ba tlhaetseng mo setsuatsueng se lewatle le le kgaramediwang la mopento wa ga Turner ba tshwana le maloko a rona a a seng tlhaga bao ba ba emetseng go gololwa ke bao ba ba ka ba kaelang mo mekorong ya botshelo. Dipelo tsa bone di nyoretswe go thusiwa. Bommaabana le borraabana ba rapelela barwa le barwaetsana ba bone. Banyadiwa ba kopa legodimo gore banyadi ba bone ba otlololelwe. Fa gongwe bana ba rapelela batsadi ba bone.

Ke thapelo yame gore re nne le keletso ya go golola bao ba ba seng tlhaga le go ba tlisa gape kwa boipelong jwa efangele ya ga Jeso Keresete, gore ba tle ba je le rona gotlhe mo bolokong jotlhe bo go fang.

A kore otlologeleng go golola bao ba ba latlhegileng bao ba re dikologileng: bagodi, batlholagadi, balwetsi, bao banang le bokowa, bao ba ba seng tlhaga, le bao ba ba sa tshegetseng melao. A ko re ba feng letsogo leo le thusang le pelo eo e itseng bopelotlhomogi. Ka go dira jalo, re tlaa tlisa boipelo mo dipelong tsa bone, le go nna le maitemogelo a a humileng a a kgotsofatsang ao a atlang fa re thusa yo mongwe mo tseleng e e isang botshelong jwa bosa khutleng.

Go ruta go tswa Molaetseng o

Akanyetsa mogo botseng batho bao o ba etelang gore a ba itse mongwe yo o sokolang ka go tsena kereke. O ka tlhopha mongwe ale mongwe le go buisanya ka ditsela tsa go supa lorato, jaaka go mo laletsa go tsaya karolo mo mantsiboeng a lelwapa a legae kgotsa go tla molaletsong wa sefitlholo.

Gatisa