2013
Mmishene wa Selegodimo waga Jeso Keresete: Motlhodi (wa dilo)
Diphalane 2013


Molaetsa wa Thuto ya Ketelo, Phalane 2013

Mmishene wa Selegodimo waga Jeso Keresete: Motlhodi (wa dilo)

Bala sedirisiwa se ka thapelo mme, fa go tlhokega, buisanya le bakaulengwe bao o ba etelang. Dirisa dipotso go thusa gore o thatafatse bakaulengwe mme o dire Mokgatlho wa Thuso gore e nne ntlha nngwe ya botshelo jwa gago e e tlhaga. Go bona molaetsa yo o montsi, ya ko reliefsociety.lds.org

Tumelo, Lelwapa, Thuso

Jeso Keresete “o tlhodile legodimo le lefatshe” (3 Nifae 9:15). O dirile jalo ka maatla a boperesiti, ka fatlase ga kaelo ya ga Rraetsho yo o kwa Legodimong (bona Moshe 1:33).

“Ke ka malebogo a a kae a re tshwanetseng go nna nao a gore Motlhodi yo o botlhale o ne a bopa lefatshe mme a re baya mo go lone, “ga bua Moporesidente Thomas S. Monson, “… gore re ka nna le maitemogelo a nako ya go lekwa, le tshono ya go itshupa gore re kgone go bona otlhe masego a Modimo a a re baakanyeditseng gore re a amogele.”1 Fa re dirisa go itlhophela ga rona go obamela melao ya Modimo le go ikwatlhaya, re itekanela semoyeng go boela go tshela le Ene.

Ka Tlholego, Moporesidente Dieter F. Uchtdorf, Mogakolodi wa Bobedi mo Boporesidenteng jwa Ntlha, o ne are:

“Re lebaka leo A tlhodileng lebopo! …

“Se ke pharatokese ya motho: a bapisiwa le Modimo, motho ga se sepe; mme gape re sengwe le sengwe go Modimo.”2 Ka go itse fa Jeso Keresete a tlhodile lefatshe go ka oketsa lorato lwa rona go Bone.

Gotsweng Dikwalong tse di boitshepo

Johane 1:3; Baheberwa 1:1–2; Mosaeya 3:8; Moshe 1:30–33, 35–39; Abrahama 3:24–25

Gotsweng mo Ditsong tsa Rona

Re tlhodilwe mo setshwanong sa Modimo (bona Moshe 2:26–27), e bile re nale go goroga kwa phitlhelelong ya bone ya selegodimo. Moporofiti Joseph Smith o ne a gakolola ka thata go bakaulengwe (ba bomme) ba Mokgatlho wa Thuso gore “ba tshelele ditshono [tsa] bone.”3 Ka thotloetso eo ele motheo, bakaulengwe (ba bomme) mo Kerekeng ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo ba rutilwe gore ba tshelele go goroga kwa phitlhelelong ya bone ya selegodimo go diragatsa maikaelelo a Modimo ka bone. “Jaaka bane ba tla go tlhaloganya gore ke tota bo mang — barwaetsana ba Modimo, bana le boteng jo ka matsalo a jwa go fa lorato le go otla — ba goroga kwa phitlhelelong ya bone ya basadi ba ba boitshepo.”4

“Jaanong o beilwe mo seemong seo o ka dirang go ya ka kgomotsego e Modimo a e jwetseng mo mpeng ya gago,” ga buwa Moporofiti Joseph Smith. “Fa o tshele melawana e go gogolo ebile go galalela jang! — fa o tshelela ditshono tsa gago, baengele ga bane ba kganelwa gore e nne bo mmata ba gago.”5

Dintlha

  1. Thomas S. Monson, “The Race of Life,” Liahona, May 2012, 91.

  2. Dieter F. Uchtdorf, “You Matter to Him,” Liahona, Nov. 2011, 20.

  3. Joseph Smith, mo Daughters in My Kingdom: The History and Work of Relief Society (2011), 171.

  4. Daughters in My Kingdom, 71.

  5. Bona Joseph Smith, mo Daughters in My Kingdom,169.

Ke ka dirang?

  1. Ke ka jang gore go senka go tlhaloganya tlholego ya selegodimo e oketsang lorato la rona go Mmoloki?

  2. Re ka supa jang ditebogo tsa rona go dibopiwa tsa Modimo?

Gatisa