2015
Mokgwa wa ga Jeso Keresete wa Selegodimo: Bomolemo
Seetebosigo 2015


Molaetsa wa Thuto ya Ketelo, Seetebosigo 2015

Mokgwa wa ga Jeso Keresete wa Legodimo: Bomolemo

Ka thapelo ithute tiriso e mme o senke go itse gore o ka abelana eng. Go tlhaloganya botshelo le thomo ya Mmoloki go ka oketsa jang tumelo ya gago mo go Ene le go segofatsa ba o ba lebeletseng ka thuto ya ketelo? Go bona molaetsa yo montsi, ya ko reliefsociety.lds.org

Tumelo • Lelwapa • Thuso

“A bomolemo bo kgabise dikakanyo tsa gago bo sa eme; jalo a thokgamo ya gago e gole mo ponalong ya Modimo; mme thuto ya boperesiti e tlaa rotha mo moweng wa gago jaaka monyo go tswa legodimong” (D&C 121:45).

Bomolemo ke eng? Moporesidente James E. Faust (1920–2007) o ne a re: “Bomolemo mo tletseng ka gone go akaretsa yotlhe mekgwa ya tshiamiso eo e re thusang go dira botho jwa rona.”1 Moporesidente Gordon B. Hinckley (1910–2008) a tlalaletsa: “Go rata Modimo ke modi wa jotlhe bomolemo, le bosiami jotlhe, le yotlhe nonofo ya botho.”2

Mo botsalanong ma gareng ga mosadi le bomolemo, Mogolwane D. Todd Christofferson wa Khoramo ya Baaposetole ba ba Lesome le Bobedi a re: “Basadi ba tlisa mo lefatsheng bomolemo bongwe, mpho ya selegodimo eo e ba dirang gore ba nne le kitso ya go dirisa mokgwa oo jaaka tumelo, bopelokgale, mautlwelobotlhoko, le go tlhotlha mo botsalanong le ditso. …

“Bokgaitsadi, jotlhe botsalano, ke botsalano le Modimo, Rara wa gago wa Legodimo, yoo e leng motswedi wa thata ya boitsholo jwa lona, eo tshwanetseng go e baya pele mo matshelong a lona. Gakologelwa gore thata ya ga Jeso e tlile ka tlhaloganyo e e ngwe fela go bodiredi jwa thato ya ga Rara. …Tswelela go nna mongwe wa barutwana ba ga Rara le Morwa, mme tlhotlheletso ya gago ga e kake ya nyelela.”3

Dikwalo tsa tumelo tse di tlaleletsang

Psalms 24:3–5; Philippians 4:8; 2 Peter 1:3–5; Alma 31:5; D&C 38:23–24

Gotsweng Dikwalong tsa Tumelo

Gompieno, basadi ba ba molemo, ba ba tletseng tumelo, ba otlologela go Mmoloki. Mo go Luke 8 re bala ka mosadi yoo a ne a nale seemo sa madi dingwaga tse 12 seo e neng se sa kgone go fodisiwa. O ne a batla go fodisiwa fa a “a tla ko morago ga ga [Keresete], mme a kgoma molelwane wa seaparo sa gagwe: mme ka bonako seemo sa gagwe sa madi sa [ema] …Mme Jeso a re, Mongwe o nkgomile: mme Ke lemoga gore bomolemo4 bo dule mo go nna.” Mosadi yoo boikanyego a le molemo a wela fa pele Gagwe, a bolela “go ene fa pele ga batho botlhe” gore “ke ene a mo kgomileng” mme “o ne a fodisiwa ka bonako. Mme a re go ene, Morwadiake, nna le kgomotso: tumeloya gago e go ntlafaditse” (bona Luke 8:43–48; bona gape 6:17–19).

Ka bomolemo,5 jwa Gagwe Keresete o ka fodisa, a kgonisa, nonotsha, gomotsa, le go itumedisa fa re itlhophela ka bopelokgale le tumelo fa re otlologela go Ene.

Dintlha

  1. James E. Faust, “The Virtues of Righteous Daughters of God,” Liahona, May 2003, 108.

  2. Gordon B. Hinckley, “Excerpts from Recent Addresses of President Gordon B. Hinckley,” Ensign, Apr. 1996, 73.

  3. D. Todd Christofferson, “The Moral Force of Women,” Liahona, Nov. 2013, 29, 31.

  4. Bomolemo bo na le thata (bona Mark 5:30).

  5. Mo Guide to the Scriptures, “Boperesiti” bo tlhalosiwa jaaka: “Taolo le thata eo Modimo a e neelang go monna go dira mo dilong tsotlhe go pholoso ya batho” (D&C 50:26–27).

Akanyetsa Se

Bomolemo bo ka re thatafatsa le go re nonotsha jang?

Gatisa