2015
Ke Tshwaragantswe ka Bosakhutleng le Lelwapa la Me
Seetebosigo 2015


Banana

Ke Tshwaragantswe ka Bosakhutleng le Lelwapa la Me

Mokwadi o tshela kwa Utah, USA.

Fa ke ne ke tsewa ke le dingwaga tse tharo, mme yoo mpelegeng o ne a letlelela pheleletso ya go tsewa ga me fela fa batsadi bame ba dumalana go dira ditlhomo tsa me tsa Kereke morago fa Ke sena go nna 12 O ne a akanya gore Ke tlhoka go nna motona go dira ditshwetso tsa me, mme gone go le thata go leta jalo.

Ee, go ne go le thata go bona bontsi jwa ditsala tsa me di kolobediwa fa ba nna le dingwaga tse di borobabobedi, mme mo go neng go le thata go feta e ne e le go itse gore Ke ka kanwe go batsadi bame ba ba ntsereng le bo nkgonne ba ba tlhano go fitlha Ke nna 12. Ke ne ke tshoga gore gongwe sengwe se tlaa ntiragalela mme go se kgonege go re ke kanwe go bone.

Jaaka fa matsalo a me atumela 12, ra simolola go rulaganyetsa kolobetso yame le go kanwa go lelwapa la me. Batsadi bame ba ntetla gore ke tlhophe tempele eo re tlaa kanwang kwa go yone. Ka metlha ke ne ke akanya gore Tempele ya San Diego Calfonia e ne ele ntle thata, jalo lelwapa la me lotlhe la dumalana go kgweeletsa ko Calfornia go kanwa.

Ke ke ka seka ka leta go nna mo lelwapeng la bosakhutleng le batsadi bame le bo nkgonne. Ka nako ya kano ya me, Ke ne ka utlwa Moya mo go maatla mo go leng thata go tlhalosa. Jaanong ka Ke kannwe go lelwapa la me, maikutlo a go tshwenyega a emesiditswe ke a kgomotso le kagiso, ka Ke itse gore jaanong ke tshwaragantswe le bone ka bosakhutleng.

Gatisa