2015
Malwapa a Ka Nna Mmogo Ka go Senang Bokhutlo
Seetebosigo 2015


Molaetsa wa Boporesidente jwa Ntlha, Seetebosigo 2015

Malwapa a Ka Nna Mmogo Ka go Senang Bokhutlo

Setshwantsho
Moporesidente Henry B. Eyring

Thata ya boperesiti ya go tshwaraganya malwapa ka bosakhutleng ke nngwe ya dimpho tse dikgolo tsa Modimo. Mongwe le mongwe yoo tlhaloganyang thulaganyo ya pholoso o eletsa tshegofatso eo ya bosafeleng. Fela mo meletlong ya go kana e e dirwang mo ditempeleng tse di tshwaetsweng tsa Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo Modimo o fa tsholofelo gore malwapa a ka tshwaragangwa mmogo ka go senang bokhutlo.

Dilotlele tsa boperesiti tseo di kgonisang se di buseleditswe mo lefatsheng ka moporofiti Elija go Joseph Smith mo Tempelelng ya Kirtland. Dilotlele tseo tsa boperesiti di fitisitswe ka mola yoo sa kgaogeng wa baporofiti ba ba tshelang mo Kerekeng ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi la Bofelo go fitlha gompieno.

Mmoloki mo bodireding jwa Gagwe mo lefatsheng o ne a bua ka thata ya go kana malwapa mo mafokong a Gagwe go Petere, kgosi ya Baapostole ba Gagwe, fa a re, “Ammaaruri Ke a go raya, Sepe fela seo tlaa se bofang mo lefatsheng se tlaa bofiwa kwa legodimong: le sepe fela seo tlaa se bofololang mo lefatsheng se tlaa bofololwa kwa legodimong” (Matthew 18:18).

Ke fela mo bogosing jwa selesetiale koo re ka tshelang re le malwapa ka go senang bokhutlo. Koo re ka nna malwapa mo ponalong ya Rara wa Legodimo le Mmoloki. Moporofiti Joseph Smith o tlhalosa maitemogelo a a gakgamatsang ao ka tsela e mo Doctrine and Covenants:

“Fa Mmoloki a tlhaga re tlaa mmona jaaka a ntse. Re tlaa monna gore ke motho jaaka rona.

“Mme botsalano jo bo tshwanang le jo bo leng teng mo gare ga rona fa bo tlaa nna teng mo gare ga rona koo, fela bo tlaabo bo kopantswe le kgalalelo ya bosakhutleng, kgalalelo e o re sa e akoleng gompieno” (D&C 130:1–2).

Lokwalo le le boitshepo lefa mogopolo wa gore ka thokgamo re ka lebelela seelo sa selegodimo mo botsalanong mo gare ga malwapa a rona. Re ka kgatlhegela maloko a malwapa a rona, bao ba tshelang le ba ba tlhokafetseng, go dira gotlhe mo re ka go kgonang go fa ditlhomo tsa boperesiti tseo di tlaa re bofang kwa legodimong.

Bontsi jwa lona, bana le bagolo, lo dira jalo. Lo batlile maina a baswi bao ba iseng ba amogele ditlhomo tse di ka le kanang mmogo.

Gongwe lotlhe le na le masika a tshelang bao ba iseng ba kanwe mo malwapeng ka thata ya boperesiti. Ba bantsi ba na le masika a a tshelang bao ba amogetseng ditlhomo tsa boperesiti mme ba sa tshegetse dikgolagano tseo ba di dirileng le Modimo. Modimo o tlaa go segofatsa gore o kgone go thusa masika ao otlhe ka tumelo. O nale tsholofetso eo Morena a e dirileng go barutwana ba Gagwe bao ba tsisang ba bangwe go Ene.

“Mme yoo le amogelang, koo Ke tlaa bo ke le teng gape, gonne ke tlaa tsamaya fa pele ga sefatlhego sa gago. Ke tlaa bo ke le mo mojeng le mo molemeng wa lona, le Mowa wame o tlaa bo o le mo dipelong tsa lona, gape baengele bame ba tlaa lo dikaganyetsa, go le tshegetsa” (DD 84:88).

Go tswa fa seokomela bagwe sa ofisi ya me Ke bona banyadi le banyadiwa letsatsi le letsatsi ba tsewa dinepe fa gare ga mabolomo a mantle le metswedi ya metsi a fulang. Monyadi o nna a tshwere monyadiwa ka seatla sa gagwe, gongwe mo dikgatong tse di thata, mo tsaya ditshwantso a tsaya ditshwantsho tsa lenyalo. Nako le nako fa Ke bona se, Ke akanya ka baratani bao ke ba itseng bao mo nakong—tse dingwe ka nako e khutshwane morago ga letsatsi la lenyalo—ba tshwanelwang ke go rwalana ka tsela nngwe fa botshelo bo nna thata. Ditiro di ka latlhega. Bana ba ka tsholwa ka dikgwetlho tse dikgolo. Malwetse a ka tla. Mme jalo, go itlwaetsa go dira go ba bangwe jaaka re ka batla ba dira go rona—fa gone go le mo tlhofo—go ka re dira bagaka mo dinakong tseo tsa diteko fa go tsaya mo go fetang jaaka re ne re akantse.

Re kolota malwapa a rona botsalano jo bo ntseng jalo jo re ka bo isang mo ponalong ya Modimo. Re tshwanetse go leka go sa neele sekgopi kgotsa go tsaya sekgopi. Re ka nitamisa gore re itshwarela kapela ebile go feletse. Re ka leka go batla boitumelo jwa ba bangwe go feta jwa rona. Re ka siamisa puo ya rona. Jaaka fa re le ka go dira tse tsotlhe, re tlaa laletsa Moya o o Boitshepo mo malwapeng a rona le mo matshelong a rona.

Tsholofetso ya me ke gore, ka thuso ya Morena le ka pelo e e ikwatlhaileng, re ka tshwara go tlhaloganya mo go nnye mo botshelong jo botshelo jo re bo batlang jwa bo senang bokhutlo. Rara wa Legodimo wa re rata. Wa re batla gape kwa go Ene. Mmoloki, ka thata ya Tefo ya Gagwe, o kgonegisa go fetoga ga dipelo tsa rona mo re go tlhokang go tsena mo ditempeleng tse di boitshepo, go dira dikgolagano tseo re ka di tshegetsang, mo nakong re tshela le malwapa ka bo senang bokhutlo mo kgalalelong ya selesetiale—kwa lapeng gape.

Go ruta go tswa Molaetseng o

Jaaka o abelana thuto ya malwapa a bosakhutleng, akanyetsa ka seo Mogolwane Richard G. Scott wa Khoramo ya Baaposetole ba ba Lesome le Bobedi a se buileng: “Ka metlha batla go nonotsha malwapa. Ruta ka pono ya botlhokwa jwa malwapa a a kanwang mo tempeleng. … Fa o nale pono ya ditlhomo tsa kano mo temepeleng, o tlaa thusa go aga bogosi jwa Modimo mo lefatsheng” (“I Have Given You an Example,” Liahona, May 2014, 34). O ka thusa jang bao o ba rutang go tokafatsa pono ya botlhokwa jwa go kanwa mo tempeleng? Laletsa bao ba iseng ba kanwe go buisana ka dikgato tseo ba ka di tsayang go ya kwa tlhomong eo. Laletsa bao ba kanweng go buisana ka fa ba ka tshegetsang pono ya malwapa a bone a bosakhutleng le go dira go tokafatsa botsalano jwa bone le ba bangwe.

Gatisa