2015
Go nna le mokwalo
Phukwi 2015


Banana

Go nna le mokwalo

Moporesidente Uchtdorf o tshwantshanya malatsi a rone le a batholobodi. Le fa o ise o tseye mosepele go kgabaganya lebatla, o tshwana le batholobodi ka tsela nngwe. Le wena o ka supa bopelonomi, go dira ka thata, le go nna le dikakanyo tse di molemo. Le fa re itse gore batholobodi bare supeditse boleng jo ka go kwala ditso, bana ba bana ba rona ba kare itse ka bukana ya ditiragalo tsa rona.

Tsaya metsotso ele mmalwa o kwale bonnye ka wena mo bukaneng ya ditiragalo. O ka kwala ka tsa semowa, jaaka kafa o nnileng le bopaki kgotsa kafa o kgonneng dikgwetlho ka thuso ya Rara yo kwa Legodimong. O ka thusa bana ba bana ba gago (ba ba ka balang bukana ya gago ya ditiragalo tsatsi lengwe!) go itse kafa matshelo a tsatsi le letsatsi a ne a ntse jang. O dira ditiro tsa eng ko sekolong? Ntlwana ya gago e ntse jang? Ke efe tiragalo ka ba lelwapa la gago eo e ratang?

Fao simolola go kwala bonyenyane tsatsi le letsatsi, o tlaabo o bona kafa Rara yo kwa Legodimong a go thusang mo botshelong jwa malatsi otlhe, jaaka ane a supetsa batholobodi, mme o tlaabo o tlogelela bana ba bana sekao.

Gatisa