2015
Dikai tsa ga Jeso Keresete: maitshwarelo le kutlwelo botlhoko
Phukwi 2015


Molaetsa wa Thuto ya Ketelo, Phukwi 2015

Dikai tsa ga Jeso Keresete: Maitshwarelo le Kutlwelo botlhoko

Ka thapelo ithute tiriso e mme o senke go itse gore o ka abelana eng. Go tlhaloganya botshelo le thomo ya Mmoloki go ka oketsa jang tumelo ya gago mo go Ene le go segofatsa ba o ba lebeletseng ka thuto ya ketelo? Go bona molaetsa yo montsi, ya ko reliefsociety.lds.org

Tumelo • Lelwapa • Thuso

Go tlhaloganya gore Jeso Keresete o re itshwaretse ana le mautlwelo botlhoko mo go rona goka re thusa go itshwarela le go nna le mautlwelo botlhoko mo go ba bangwe. “Jeso Keresete ke sekai sa rona,” go buwa Moporesidente Thomas S. Monson. Botshelo jwa gagwe ke mpho ya lorato. Balwetse O ba fodisitse; ba ba gatakilweng O ba tsholeditse; baleofi O ba bolokile. Kwa pheletsong ditsuulodi tse di galefileng tsa tsaya botshelo jwa Gagwe. Mme jalo ga utlwala go tswa lentsweng la Gologota mafoko: “Rara, baitshwarele; gonne ga baitse se ba se dirang”4—sekao se segolobogolo mo senameng sa bopelotlhomogi le lorato.1

Fa re itshwarela ba bangwe melato ya bone, rraetsho yo ko legodimong o tlaa re itshwarela. Jeso ore kopa gore “re nne mautlwelo botlhoko, jaaka rraetsho ale mautlwelo botlhoko (Luke 6:36). Maitshwarelo a dibe tsa rona a tla ka melawana.” Go bua Moporesidente Dieter F. Uchtdorf, Mogakolodi wa Bobedi wa Boporesidente jwa Ntlha. “Re tshwanetse ra ikopa maitshwarelo a dibe. … Aa ga re ise rotlhe, ere ka nako nngwe, re atamele setilo sa maitshwarelo re kope go itshwarelwa? A ga re ise re eletse ka pelo yotlhe go nna mautlwelo botlhoko— le itshwarelwa dibe le diphoso tse re di dirileng? … Letla gore Tefo ya ga Keresete se go fetole le go fodisa pelo ya gago. Ratanang. Itshwarelaneng.”2

Dikwalo tsa Tumelo tse di tlaleletsang

Matthew 6:14–15; Luke 6:36–37; Alema 34:14–16

Gotsweng Dikwalong tsa Tumelo

“Re tshwanetse ra itshwarela jaaka ga re itshwaretswe,” go buwa Mogolwane Jeffrey R. Holland wa Quorum of the Twelve Apostles.3 Polelo ya morwa sesinyi ere supetsa ntlha tsotlhe tsa maitshwarelo: morwa ale mongwe o itshwaretswe mme yo mongwe ga a kgone go itshwarela.

Yo mmotlana one a tsaya boswa jwa gagwe, a bo tshamekisa, ga leoba le tlhagoga, one a bereka aa fa dikolobe. Dikwalo tse di boitshepo tsare “erile ga a itharabologalwa,” one a boela gae mme a re go rraagwe ga ke a itekanela goka nna mora wa gago. Mme rraagwe one a mo itshwarela a tlhaba kgomo ee nonneng a dira moletlo. Fa morwa wa gagwe yo mogolwane a bowa go bereka mo tshimong a seka a itumela. A gokolola rraagwe gore o mo diretse dingwaga dile di ntsi, a obamela melao ya gagwe, mme “ga a ise amo tlhabele potsane, gore le ene a itumele.” Rraagwe a fetola are, “o morwa waaka, o nna lenna, tsotlhe tse kenang le tsone ke tsa gago. Gone go tshwanela gore re itumele, le go thama: go nne yo abuti wa gago one a sule, jaanong waa tshela gape; one a latlhegile, mme re mmone” (bona Luke 15:11–32).

Dintlha

  1. Thomas S. Monson, “Love, the essence of the Gospel,” Liahona, May 2014, 91.

  2. Dieter F. Uchtdorf, “The merciful obtain mercy,” Liahona, May 2012, 70, 75, 77; emphasis in original.

  3. Jeffrey R. Holland, “the peaceable things of the kingdom,” Ensign Nov. 1996, 83.

Akanyetsa Se

Go itshwarela goka thusa jang yo itshwarelang?

Gatisa