2015
Tsotlhe di siame!
Phukwi 2015


Molaetsa wa Boporesidente jwa Ntlha, Phukwi 2015

Tsotlhe di siame!

Setshwantsho
Ka Moporesidente Dieter F. Utchtdorf

Ga ke akanya ka ditso tsa ba ba tsileng pele, nngwe ya tse di ntlelang mo dikakanyong ke sefela “ Come, Come, Ye Saints” (Hymns, no. 30). Ba ba tsereng leeto le le telele go ya Salt Lake bane ba opela sefela se ga bale mo leetong le.

Kea itse gore tsotlhe dine disa apara tshiamo go badumedi bao. Bane ba tshwenngwa ke malwetsi, mogote, letsapa, serame, letshogo, tlala, ditlhabi le loso.

Le fa gone gona le lebaka la go gowa mafoko, “tsotlhe ga dia siama,” bane ba tlhabolola mokgwa o re o eletsang mo bo gompienong. Bane ba na le ponelo pele ya ditshegofatso tsa bosakhutleng. Bane ba leboga le ntswa bale mo diemong tse di sa iketlang. Le fa gona le bosupi jo bo kgatlhanong, ba ne ba opela ba tiile moko, “gore tsotlhe di tlaa siama!”

Dikgalaletso go bone di ka nna lefela fa re ka se itshekatsheke boteng jwa rona. Ke buile ka tse di mmalwa tse di nkgatlhileng ga ke akanya ka ditlhabelo le maitlamo a bone.

Bopelonomi

Batholobodi ba ne ba kgathala ka ba bangwe ba sa leba diemo tse ba tshelelang mo go tsone kgotsa tsa sepolotiki. Le fa mosepele one o nna bonya, o kgorelediwa, kgotsa mongwe a iketsha setlhabelo, bane ba thusana.

Mo lefatsheng le la dikgwetlho le, maikemisetso a go lebegang ale botlhokwa go fetisa go kgathala ka ba bangwe le go tiisa puso ya Modimo. Mo matsatsing ano, go fitlhelela dikakanyo dingwe go lebega ekare go mosola thata.

Go ipeela maitlhamo e ka nna selo se se siameng. Go fitlhelela maitlhamo mme o ikgatholosa, kgotsana go utlwisa bangwe botlhoko, tlhwatlhwa ya go fitlhelela e ka nna ee ko godimo.

Batholobodi ba ne ba tlhokomelana, mme ba ne ba gopola ba ba tlang ko morago, ba ba lemela dijwalo.

Ba ne ba itse nonofo ya ba lelwapa le ditsala. Ba ne ba ikaegile ka ba bangwe, gore ba nne thata Ditsala tsa nna ba lelwapa

Batholobodi ba re gakolola gore ke eng re tshwanetse go ikgapha mo thaelong, go thusa ba bangwe le go nna le mautlwelo botlhoko mo go ba bangwe.

Tiro

“Tlayang, tlayang, Ee Baitshepi, nnya setshabe pereko kana go boifa mmereko.”

Mafoko a a nna sekao mo mosepeleng wa bone. Go thata go ka akanya ka fa ba berekileng ka teng. Go tsamaya ka maoto nne gole motlhofo mo go tse ba di dirileng. Bane ba berekisana go batla dijo, go baakanya kolotsana tsa bone, go tlamela diruiwa, go tlamela balwetsi, go batla metsi, le go itshireletsa mo diemong tsa bosa le kotsi tse di ka bakwang ke naga.

Bane ba tsoga moso le moso ka maikaelelo a botlhe baneng ba tlhaloganya: go direla Modimo, bakaulengwe le go goroga kwa Salt Lake. Malatsi otlhe bane ba tlhaloganya maikaelelo a bone; bane ba itse se ba tshwanetseng go se dira malatsi otlhe.

Mo nakong tsa rona ga tse re di eletsang sele mo diatleng tsa rona rea raelesega go tlogela tsotlhe tse di kwa pele ka tsela e lebega ele makgwakgwa ele dingalo fa pele ga rona Mo sebakeng seo, go kare gwetlha go akanya ka banna, basadi le bana ba ba neng ba sa letle gore malwetsi, diemo tse di thata, ditlhabi, le loso go ba itsa go tsaya mosepele o bao tlhophileng.

Batholobodi ba ithutile gore go dira ditiro tse di boima go laolwa ke mmele o o nonofileng, tlhaloganyo, le mowa; ga godisa tlhaloganyo tsa bone; le bopelonomi mo go ba bangwe. Mokgwa oo o ne wa tiisa mewa ya bone mme ya nna tshegofatso mo go bone morago ga go tsaya leeto le le leele ba kgabaganya dithaba.

Kakanyo ya tse di molemo

Ga batholobodi ba opela, temana ya boraro: “but with joy wend your way.”

Ke nngwe ya tse di kgolo tsa iron age tse re segofaditsweng ka tsone, mme re sa di itumelele. Dimakatso tsa tswelelopele mo go tsa maranyane di a re sireletsa, dire tlosa bodutu, di a kgotsofatsa, le go ba berekela. Mme tsotlhe tse dire dikaganyeditseng re bona go tlhoka go itumela.

Batholobodi, ba ba iketshetseng setlhabelo, ba tsamaile ba senang ba bolawa ke tlala ba sena le tse di tlhokegang go tshela. Bane ba tlhaloganya gore boitumelo ga botle ka lebaka la lesego kgotsa kotsi. Gase ka nako tsotlhe fa dikeletso di fetogang go nna nnete. Boitumelo go botswe ka kwa ntle. E tswa mo boteng— go sa kgathalesege gore go diragalang gareng ga rona.

Batholobodi ba ne ba itse seo, ka mowa oo ba bona boitumelo mo diemong le diteko— tsotlhe le tseo tse di fitlhang ko boteng jwa metsi a mowa.

Diteko

Nako tse dingwe re leba kwa morago mo go tse di diragaletseng batholobodi mme re bue ka phuthulogo re re, “re leboga go bo re sa tshela ka nako eo.” Mme ke ipotsa gore batholobodi bao, ga bane baka re bona mo malatsing ano, aa bane baka se bue matshwenyego a bone.

Le fa dinako di fetogile, mokgwa wa go lebagana le diteko le go tshela mmogo re kgathala le go tshwelela rele chaba ya tlhase ga Modimo ga go ise go fetoge.

Re ka ithuta mo batholoboding go nna le tumelo le go tshepha mo Modimong. Re ka ithuta go nna le bopelonomi mo go ba bangwe. Reka ithuta gore tiro le madirelo a ka re segofatsa eseng fela ka senama mme le ka semowa. Reka ithuta gore boitumelo boka bonwa gosa kgathalesege gore diemo tsa rona ke dife.

Tsela e reka supang tlotlo mo batholoboding ke go nna le tumelo mo melaong ya Modimong, go rata le go supa mautlwelo botlhoko mo go ba bangwe, mo madirelong, go akanya ka tsedi molemo, le go itumelela se batholobodi ba sere supeditseng ka matshelo a bone.

Ga re dira jalo, re goroga mo dinakong, re tsaya ka letsogo batholobodi, le mantswe a bone ba opela: “tsotlhe di siame! Tsotlhe di siame!

Go ruta go tswa Molaetseng o

O ka batla go opela “Come, Come, Ye Saints” (Hymns, no.30) le ba o ba etelang. O ka abelana kitso ya gago kgotsa ya mongwe yo o mo itseng yo o nnileng le bopelonomi, kgotsa dikakanyo tse di molemo. Ga o gwetlhega, oka fa bopaki ka ditshegofatso tse a tlang ka go tshela ka mekgwa e le go tshepisa ba o ba etelang gore ba ka amogela ditshegofatso tse.

Gatisa