2016
Ditiro Tse di Isang Boitumelong
Ferikgong 2016


Banana

Ditiro Tse Di Isang Boitumelong

Moporesidente Eyring o ruta gore “boitumelo jo o re bo batlelang bao re ba ratang bo ikaegile ka go itlhophela ga bone.”

O ka bala ka boleng joo go itlhophela bo ka nna le jone go tswa mo dikaing tsa ga Nifae, Lamene, le Lemuele. Lamene le Lemuele ba ne bangongorega ebile ba sa batle go tshegetsa ditaelo (bona 1 Nifae 2:12). Jaaka maduo, bone le dikokomana tsa bone ba ne ba hutswa le go kgaolwa go tswa mo ponalong ya Morena (bona 2 Nifae 5:20–24). Nifae a itlhophela go obamela ditaelo (bona 1 Nifae 3:7), mme ka ntlha ya seo, ene le batho ba gagwe “ba tshela ka mokgwa wa boitumelo” (2 Nifae 5:27).

O ka itlhophela bosiami le boitumelo. Mme batho ba ba go dikologileng gongwe ba ka tswelela ka go dira ditshwetso tse di bokowa tse di isang go bohutsana kgotsa go sa nneng sentle. Fela jaaka ditshwetso tseo e le tsa bone go di dira, sekai sa gago se ka ba rotloeletsa go itlhophela mo go siameng. Go itlhophela ga gago go ka tsisa jang boitumelo go ba bangwe? Buisana le lelwapa la gago ka ditselana tse di farologanyeng tseo le ka rotloetsang mo go siameng bao ba le dikaganyeditseng le go ba thusa go utlwa boitumelo.

Gatisa