2016
Boitumelo go Bao Re Ba Ratang
Ferikgong 2016


Molaetsa wa Boporesidente jwa Ntlha, Hirikgong 2016

Boitumelo go Bao Re Baratang

Rotlhe re batlela bao re ba ratang boitumelo, ebile re ba batlela botlhoko jo bonyenyane jaaka fa go ka kgonega. Jaaka fa re bala dipolelo tsa boitumelo—le tsa botlhoko—mo Bukeng ya ga Momone, dipelo tsa rona di a kukega jaaka fa re akanya ka bao re baratang. Fano ke pego ya boammaaruri ya nako ya boitumelo:

“Mme go ne ga diragala gore go ne go sena komano mo lefatsheng, ka ntlha ya lorato lwa Modimo lo lo neng le nna mo dipelong tsa batho.

“Mme go ne go sena mafufa, le fa e le dikgotlhang, le fa e≈le mekubukubu, le fa e le boaka, le fa e le maaka, le fa e le dipolao, le fa e le mokgwa ope wa bofefe; mme ruri go ne go ka seka ga nna batho ba ba itumetseng go feta gareng ga batho botlhe ba ba neng ba bopilwe ka seatla sa Modimo.”

Jalo re bala:

“Mme ba ne ba segofetse jang! Gonne Morena o ne a ba segofatsa mo ditirong tsa bone tsotlhe; ee, le tota ba ne ba segofadiwa le go tsweledisiwa go fitlhelela dingwaga di le lekgolo le lesome di feta; mme tshika ya ntlha go tswa kwa go Keresete e ne ya feta, mme go ne go sena komano mo lefatsheng lotlhe” (4 Nifae 1:15–16, 18).

Barutwana ba ba lorato ba ga Keresete ba rapelela le go direla tshegofatso e e ntseng jalo go ba bangwe le go bone. Go tswa mo pegong mo Bukeng ya ga Momone le, bontsi jwa rona, go tswa mo maitemogelong a rona, re itse gore mpho ya boitumelo e ka amogelesega. Re a itse gore tsela ya boitumelo e supilwe sentle. Re a itse gone gore go nna le boitumelo ga go motlhofo fa ese fela, jaaka Banifae morago ga loeto la Mmoloki, “lorato la Modimo” le nna mo dipelong tsa rona.

Lorato lo o le ne le le mo dipelong tsa Banifae gonne ba tshegeditse molao o o le kgonisang. Khutswafatso ya molao o e bonwa mo thapelong ya sakaramente, eo e simololang ka kopo ya maikutlo a pelo go Rara yoo lorato wa Legodimo. Re rapela ka pelo e tletse tumelo mo go, le ka lorato le le boteng go, Mmoloki wa rona. Re itlama ka maikaelelo a tlhwaafetseng go tsaya go rona Leina la Gagwe, go mo gakologelwa, le go tshegetsa ditaelo tsotlhe tsa Gagwe. La bofelo, re diragatsa tumelo gore Moya o o Boitshepo, leloko la boraro la boModimo-mogolo, ka metlha le ka nna le rona, a paka go dipelo tsa rona ka Rara le Morwae o o Rategang. (Bona D&C 20:77, 79.)

Ka bopati jwa Moya o o Boitshepo, dipelo tsa rona di ka fetoga gore re batle le go amogela lorato la Rara wa rona wa Legodimo le la Morena Jeso Keresete. Tsela ya go amogela lorato la Modimo mo dipelong tsa rona go motlhofo, jaaka tsela ya go latlhegelwa ke maikutlo a lorato lo o mo dipelong tsa rona. Ka sekai, mongwe o ka tlhopha go rapela gole go nyenyane go Rara wa Legodimo kgotsa go sa dueleng tsa bolesome kgotsa go emisa go ja moletlo mo lefokong la Modimo kgotsa go itlhokomolosa bahumanegi le batlhoki.

Tshwetso nngwe ya go sa tshegetseng ditaelo tsa Morena e ka dira gore Moya o ikgogele morago mo dipelong tsa rona. Ka go latlhegelwa moo, boitumelo bonyelele.

Boitumelo jo o re bo batlelang bao re ba ratang bo ikaegile ka go itlhophela ga bone. Jaaka fela re rata ngwana, mo batlisisi, kgotsa ditsala tsa rona, ga re kake ra ba pateletsa go tshegetsa ditaelo gore ba kgone go nna le Moya o o Boitshepo go ba ama le go fetola dipelo tsa bone.

Ka jalo thuso e e botoka eo re ka ba e neelang ke seo se ka isang bao re ba ratang go elatlhoko go itlhophela ga bone. Alema o dirile jalo ka taletso eo o ka e fang:

“Ikokobetse fa pele ga Morena, mme lo bitse leina la gagwe le le boitshepo, mme lo lebelele le go tswelela le rapela, gore lo seka lwa raelesega go feta seo lo ka se kgonang, mme jalo lo etelelwa pele ke Moya o o Boitshepo, lo nna boikokobetso, bonolo, boineelo, bopelotelele, lo tletse lorato le boitshoko jotlhe;

Lo na le tumelo mo Moreneng; lo na le tsholofelo gore lo tlaa amogela botshelo jo bosakhutleng; lo na le lorato lwa Modimo ka nako tsotlhe mo dipelong tsa lona, gore lo ka tsholeletswa godimo ka letsatsi la bofelo mme lo tsene mo boitapolosong jwa gagwe” (Alema 13:28–29).

Ke rapela gore bao o ba ratang ba ka amogela taletso e e tlhotlheleditsweng go tlhopha tsela ya boitumelo jo bosafeleng.

Go ruta go tswa Molaetseng o

Moporesidente Eyring o ruta gore boitumelo joo re bo utlwang mo botshelong bo ikaegile ka ditshwetso tseo re di dirang. Jaaka o abelana molaetsa o, akanyetsa go itebaganya le dilo tseo Moporesidente Eyring a diumakileng re ka itlhophela go di dira (jaaka go rapela, go dira, go diragatsa tumelo, le go itlama ka tlhwaafalo e e tseneletseng) go re isa go tsela ya boitumelo. O ka laletsa bao o ba rutang go kwala fa fatshe ditiro tse pedi kgotsa tse tharo tse ba eletsa go di dira tseo di ka ba kaelang sentle go “tsela ya boitumelo jo bosafeleng.”

Gatisa