2016
Lelwapa: Kanamiso go Lefatshe
Ferikgong 2016


Molaetsa wa Thuto ya Ketelo, Hirikgong 2016

Lelwapa: Kanamiso go Lefatshe

Ka thapelo ithute tiriso e mme o senke go itse gore o ka abelana eng. Go tlhaloganya thuto ya lelwapa go ka segofatsa jang bao o ba tlhokometseng ka thuto ya ketelo? Go bona molaetsa yo montsi, ya ko reliefsociety.lds.org.

Tumelo, Lelwapa, Thuso

Go phuthego ya kakaretso ya Mokgatlho wa Thuso ka 1995, fa Moporesidente Gordon B. Hinckley (1910–2008) lantlha a bala “Lelwapa: Kanamiso go Lefatshe,” Bonnie L. Oscarson, moporesidente wa kakaretso wa Bomme ba ba Botlana, a re: Re ne re itumeletse le boleng jo bo tlhamaletseng, jo bo motlhofo, le boammaaruri jwa mokwalo o wa tshenolo. … Kanamiso go lelwapa e nnile seelo go atlhola botsipa jwa lefatshe, mme Ke fa bopaki gore melawana e e beilweng pele … e boammaaruri gompieno jaaka ene e ntse fa re ne re e neelwa ke moporofiti wa Modimo gaufi le dingwaga tse di 20.”1

“Go tswa mo kanamisong ya lelwapa,” go tlaleletsa Carole M. Stephens, mogakolodi wa ntlha mo boporesidenteng jwa kakaretso jwa Mokgatlho wa Thuso, “re ithuta, Mo lefatsheng la botshelo jwa pele, mewa ya barwa le barwadie ba itse le go obamela Modimo jaaka Rara wa bone wa Bosakhutleng’2 …

“… Monngwe le mongwe wa rona ke wa le gore o a batlega mo lelwapeng la Modimo.”3

Re tshela mo nakong eo batsadi ba tshwanelwang ke go sireletsa malapa a bone le malwapa a bone. “Lelwapa: Kanamiso go Lefatshe” e ka re kaela.

Dikwalo tsa tumelo tse di tlaleletsang

Mosaeya 8:16–17; Doctrine and Covenants 1:38

Dipolelo tsa Batho ba Batshelang

“Lee Mei Chen Ho go tswa go Wate ya Boraro ya Tao Yuan, ya Seteiki sa Tao Yuan Taiwan, a bua gore kanamiso e rutile ba lelwapa la gagwe gore botsalano bo thusa go tlhabolola maitsholo a selegodimo jaaka tumelo, bopelotelele, le lorato. ‘Fa Ke leka go itokafatsa go yeng ya kanamiso, Ke ka nna le maitemogelo a boitumelo tota,’ a bua .”4

Barbara Thompson, yoo a neng a le teng fa kanamiso eo e balwa nako ya ntlha mme morago a direla jaaka mogakolodi mo boporesidenteng jwa kakaretso jwa Mokgatlho wa Thuso, a re: “Ke ne ka akanya ka nakwana gore [kanamiso ya lelwapa] tota e ne e sa nkame ka Ke ne ke sa nyalwa ebile ke sena bana. Mme ka pele Ke ne ka akanya, ‘Mme e a nkama. Ke leloko la lelwapa. Ke morwadie, ke mokaulengwe, ke mmangwane, ke ntsalae, ke setlogolo, gape ke ngwana ngwana morwadie. … Le ntswa Ke ne ke le leloko le le lengwe la lelwapa le le tshelang, Ke santse ke le leloko la lelwapa la Modimo.’”5

Dintlha

  1. Bonnie L. Oscarson, “Defenders of the Family Proclamation,” Liahona, May 2015, 14–15.

  2. “The Family: A Proclamation to the World,” Liahona, Nov. 2010, 129.

  3. Carole M. Stephens, “The Family Is of God,” Liahona, May 2015, 11.

  4. Nicole Seymour, “‘The Family: A Proclamation to the World’ reaches 10-Year Milestone, Liahona, Nov. 2005, 127.

  5. Barbara Thompson, mo Daughters in My Kingdom: The History and Work of Relief Society (2011), 148.

Akanyetsa Se

Ke ka ga jang “Lelwapa: Kanamiso go Lefatshe” mokwalo wa matsatsi a rona?

Gatisa