2016
Motheo wa Bopaki jwame
Tlhakole 2016


Banana

Motheo wa Bopaki jwame

Mokwadi o nna kwa Idaho, USA.

Fa kele dingwaga di le 16, tsala nngwe yame ene ya tla ko lwapeng le baanamisa efangedi. Morago ga kgwedi re rutwa, dipotso tsame tsotlhe dine di arabilwe. Kene ka utlwa bopaki jwa Moya o o Boitshepo ka molaetsa wa Puseletso. Gone gosa tshwane le sepe se nkileng ka se utlwe, kea itse gore tsotlhe ke nnete.

Mme, Kene ka itemogela go ka kgethololwa go fetisa pele. Kene ka ikutlwa kele esi, ke lapile, gape ke tsietsega. Fa kene ke dira se se siameng, ke eng kene ke tla kgatlhanong le mmaba? Kene ke sa tlhaloganye gore dikgwetlho dine di ka ntshiamela jang. Baanamisa efangedi ba nthutile go ka itima dijo le go rapela, le fa re le fa gare ga malatsi a sekolo. Fa dilo disa tlhole di ka kgonagala Kene ke neela pelo yame mme ke ikutlwe ke gomodiwa ke Moya o o Boitshepo.

Beke ye ke neng ke kolobediwa ka yone ene e tletse dikgwetlho. Mogolwane wame o ne a solofetsa go nketsha mo tirong fa kesa tlhole kolobetso go emela mongwe ko tirong, kene ka felela kele kwa kokelong bakeng la bolwetse jwa diphilo, mme le batsadi bame bane bare ketswe mo lwapeng. Ka dilo ka bontsi dine di dule mo taolong yame, selo se ke neng ke ka se dira ke go leba ko Moreneng.

Nngwe le ngwe ya dikgwetlho tseo dine tsa fetoga go mperekela. Dine tsa nthuta dithuto tsa efangedi, tse di agileng bopaki jwame.

Gatisa