2016
Go tlhoma sentle mo gareng ga Matsubutsubu
Tlhakole 2016


Molaetsa wa Boporesidente jwa Ntlha, Tlhakole 2016

Go tlhoma sentle gareng ga Matsubutsubu

Setshwantsho
Ka Moporesidente Dieter F. Utchtdorf

Maloba jaana nna le mosadi wame, Harriet, rele ko boemelong difofane re lebile difofane di tlhoma. Gone gole phefo tsatsi leo, phefo e e mashetla e fokela ko difofaneng tse di gorogang, go dira gore e nngwe ya tsone e latlhegelwe ke taolo fa e goroga.

Fa re ntse re lebeletse kgotlhang e magareng ga lobopo le moshine, tlhaloganyo ya boela kwa ikatisong yame ya go kgweetsa difofane le melawana e ke e ithutileng teng— ka bo ka ruta bakgweetsi ba bangwe ba difofane.

“O seka wa lwantsha di diriswa fa o kgweetsa gole matsubutsubu” Ke ne ke tle ke ba reye jalo. “Wela makgwafo; o seka wa gomoga maikutlo.” Matlho a gago a remelele mo moleng oo fa gare fa di tlhomang teng. Fa o ka fapoga mo tseleng e o tla ratang go tsamaya mo go yone, dira tshwetso ya go boela mo tseleng gape. Tshepa bokgoni jwa sefofane sa gago. Kgabaganya matsubutsubu.”

Bakgoetsi ba difofane ba ba nang le kitso ba tlhaloganya gore ga ba kake ba laola diemo tse di ba diragalelang ka dinako tsotlhe. Ba ka seke ba emise matsubutsubu. Ba ka seke ba dira gore pula kgotsa dikgapetlatsa serame di nyelele. Ba ka seke ba emise phefo go foka kgotsa go fetola ko e fokelang teng.

Mme ba tlhaloganya gore ke phoso go tshaba matsubutsubu kgotsa difefo tse di mashetla—bogolo jang go ba tsenyang letshogo. Tsela ya go tlhoma e sireletsegile fa seemo se sa letle gore o ka nna mo tseleng e e siameng le go leka ka bo jotlhe jo o ka bo kgonang go nna mo tseleng.

Fa ke leba sefofane morago ga se sengwe di atamela ke gakologelwa thuto e ke e ithutileng dingwaga tsa ke fofisa difofane, kene ka ipotsa fa go sena thuto e re ka e ithutang mo malatsing a matshelo a rona.

Re ka kgona go laola matsubutsubu a botshelo bo a tsisang mo go rona. Nako tse dingwe dilo ga di tsamae ka fa o batlang di tsamaya ka teng. Re ka ikutlwa re kgatlhameditswe kana re fokilwe ke matsubutsubu a go swaba, go ngosela, letshogo, go sa itumeleng kgotsa maikutlo aa kwa tlase.

Mo dipakeng tseo, go motlhofo go remelela mo go tsotlhe tse di sa tsamaeng sentle le go dira matshwenyego a rona boremelelo jwa dikakanyo tsa rona. Thaelo e ka nna go nitama mo dikgwetlhong tse re lebaganyeng natso bogolo go Mmoloki le bopaki jwa boammaaruri.

E ga se yone tsela ya go ralala dikgwetlho tsa botshelo.

Fela jaaka mokgweetsi wa difofane yo o nang le kitso a sa beye tlhaloganyo mo sefefong mme mo moleng o o fa gare wa fa difofane di tlhomang teng le fa a tla simololang go tlhoma teng, le jalo re tshwanetse ra remelela mo bogareng jwa tumelo ya rona—Mmoloki wa rona, lefoko la gagwe lo lo boitshepo, le lenaneo la ga Rara o ko Legodimong—le mo pitlhelelong ya rona e kgolo—go boele kwa legodimong ka pabalesego. Re tshwanetse ra tshepa Modimo re bo re dire go nna mo tseleng ya bodiredi boremelelo jwa maiteko a rona. Re tshwanetse ra baya matlho a rona, dipelo le tlhaloganyo, di tlhomame mo go tsheleng jaaka re itse re tshwanetse.

Go bontsha tumelo le tshepo mo go Rara yo o kwa Legodimong ka go obamela melawana ya gagwe ka boitumelo go tla re leretse boitumelo le kgalalelo Mme fa re nna mo tseleng, re tla fenya matsubutsubu—go sa kgathalesege gore di lebega di le mashetla go le kae—mme ra boela ka pabalesego kwa legaeng la rona kwa legodimong

Le fa loaping lo lo re dikologileng lo tlhapile kgotsa lo tletse maru a a tshosang, jaaka barutwa ba ga Jeso Keresete, re batla pele bogosi jwa Modimo le tshiamo ya gagwe, re itse gore fa re dira jalo, sengwe le sengwe se re se tlhokang e tla re re go ntse go ya re se neelwe (bona Mataeyo 6:33).

A molaetsa wa botlhokwa wa botshelo!

Fa re rata thata mathata a rona, dikgwetlho tsa rona, go ngosela, le letshogo la rona, ke gone dilo di tla thatafalang thata. Mme fa re remelela mo felong la rona la bofelo la legodimo le boitumelo jwa go sala morago tsela ya barutwa—go rata Modimo, go direla moagisanyi—kgonagalo ya go fenya fa re tsamaya mo gare ga mathata le matsubutsubu e kwa godimo.

Baratwa, gosa kgathalesege gore diphefo tsa matshelo a rona a senama di mashetla gole kae, efangedi ya ga Jeso Keresete e tlaa nna ere fa tsela e e babalesegileng ya go goroga ko bonnong jwa Rara yo o ko Legodimong.

Dithuto go tswa Molaetseng o

Moporesident Uchtdorf o re gakolola go “tshepa Modimo le go dira go nna mo tseleng ya bodiredi boremelelo jwa thata ya rona.” Akanya ka go botsa ba o ba rutang kafa se ba se dirang go nna ba nitame “mo go fitlheleleng loeto lwa bofelo lwa legodimo le boitumelo jwa go sala tsela ya barutwa morago” nako tse dingwe fa ba lebagane le mathata. “O ka nna wa ba laletsa go akanaya ka ditsela tse ba ka di dirisang go remelela mo bopaking jwa bone le mo go Keresete mo dipakeng tse di thata le go dirisa thapelo go atlhola go re ba ka tsena jang mo tirisong mogopolo o le mongwe kgotsa go feta mo matshelong a bone.

Gatisa