2016
Nyalo e segofaditswe ke Modimo
Tlhakole 2016


Molaetsa wa Thuto ya Ketelo, Tlhakole 2016

Nyalo E Segofaditswe ke Modimo

Ka thapelo ithute tiriso e mme o senke go itse gore o ka abelana eng. Go tlhaloganya “ The Family: A Proclamation to the World” go ka godisa tumelo yame mo Modimong jang le go segofatsa bao o ba tlhokometseng ka thuto ya ketelo? Go bona molaetsa yo montsi, ya ko reliefsociety.lds.org.

Tumelo, Lelwapa, Thuso

Baporofiti, baaposetolo, le baeteledipele ba tswelela go “ruta gore nyalo gareng ga monna le mosadi e segofaditswe ke Modimo le gore malwapa ke pinagare ya lenaneo la Mmopi.”1

Elder D. Todd Christofferson wa Lekalana la Baaposetolo ba Lesome le bobedi o ne a re: “Lelwapa le le agetsweng mo lenyalong la monna le mosadi le fa thulaganyo e e siametseng lenaneo la Modimo gore le tswelele. …

“… Rona kgotsa ba bangwe ba senama ba ka se fetole thulaganya ya nyalo.”2

Bonnie L. Oscarson, Young Women general president, one are: “ Mongwe le mongwe, gosa kgathalesege gore seemo sa nyalo ya bone kgotsa palo ya bana, ba ka nna basireletsi ba lenaneo la Morena le le tlhalositsweng mo polelong ya lelwapa. Fa ele lenaneo la Morena, le tshwanetse go nna lenaneo la rona!”3

Mogolwane Christofferson o tswelela a re: “Bangwe ba lona ba ikitsa masego a lenyalo ka mabaka aa akaretsang go tlhoka ponelo pele, go ratana ga bong bole bongwe, bogole, kgotsa go nna le poifo ya go sa atlega … kgotsa oka tswa o kile wa nyala, mme lenyalo la fela. … Bangwe ba lona ba ba nyetseng ga ba kgone go nna le bana. …

“Mme ka jalo, … mongwe le mongwe o ka nna le seabe mo go anamiseng lenaneo le.”4

Dikwalo tsa Tumelo tse di tlaleletsang

Genesis 2:18–24; 1 Corinthians 11:11; Doctrine and Covenants 49:15–17

Dipolelo tsa Batho ba Batshelang

Mokaulengwe Larry M. Gibson, mogakolodi wa pele mo lekalaneng la Young Men, o gakologelwa fa Shirley, yo jaanong e leng mosadi wa gagwe a ne a re:

“‘Ke a go rata ka gore Ke a itse gore o rata Morena go feta kafa o nthatang ka teng.’ …

“Karabo eo e nnile mo pelong yame. …

“… [Le] kene ke batla gore a itse fa ke rata Morena go feta tsotlhe.”5

Mogolwane David A. Bednar wa Khoramo ya Baaposetolo ba ba Lesome le Bobedi o ne a ruta: “Morena Jeso Keresete ke ene boremelelo jwa melawana ya kafa nyalo e tsamaisiwang ka teng. …[Akanya seo] Mmoloki ke ene pinagare [ya] triangle, mosadi ale mo ntlheng e nngwe le monna ale mo ntlheng e nngwe. Jaanong akanya se se ka diregang mo tshedisanong gareng ga monna le mosadi fa mongwe le mongwe wa bone a ‘tla go Keresete’ le go leka go ‘itokafatsa’ (Moroni 10:32). Ka ntlha e le lebaka la Mmoloki, monna le mosadi ba atumalana.”6

Dintlha

  1. “The Family: A Proclamation to the World,” Liahona, Nov. 2010, 129.

  2. D. Todd Christofferson, “Why Marriage, Why Family,” Liahona, May 2015, 52.

  3. Bonnie L. Oscarson, “Defenders of the Family Proclamation,” Liahona, May 2015, 15.

  4. D. Todd Christofferson, “Why Marriage, Why Family,” 52.

  5. Larry M. Gibson, “Fulfilling Our Eternal Destiny,” Ensign, Feb. 2015, 21–22.

  6. David A. Bednar, “Marriage Is Essential to His Eternal Plan,” Liahona, June 2006, 54.

Akanyetsa Se

Nna ka bonosi ke leka jang “gotla gaufi le Keresete”?

Gatisa