2016
Barwadie Rara wa Bosakhutleng
Moranang 2016


Molaetsa wa Thuto ya Ketelo, Moranang 2016

Barwadie Rara wa Bosakhutleng

Ka thapelo ithute tiriso e mme o senke go itse gore o ka abelana eng. Go tlhaloganya “ The Family: A Proclamation to the World” go ka godisa tumelo yame mo Modimong jang le go segofatsa bao o ba tlhokometseng ka thuto ya ketelo? Go bona molaetsa ka botlalo, etela reliefsociety.lds.org.

Setshwantsho
Kano ya Mokgatlho wa Thuso

Tumelo, Lelwapa, Thuso

Dikwalo tse di boitshepho di re ruta gore “re bana ba Modimo” (Acts 17:29). Modimo o ne a bitsa Emma Smith, mosadi wa ga Moporofita Joseph Smith, “morwadiake” (D&C 25:1). Polelo ya lelwapa e re ruta gore mongwe le mongwe ke “mowa o o rategang … morwadie batsadi ba legodimo.”1

“Pele retla mo lefatsheng, rene ra ithuta ka sebopego sa mosadi sa bosakhutleng,” go bua Carole M. Stephens, mothusi wa ntlha wa boporesideteng jwa Mokgatlho wa Thuso.

“Loeto la rona mo lefatsheng ga le a ka la fetola boammaaruri jo.”2

“Rara yo o ko Legodimong o go itse ka leina le go itse diemo tsa gago,” ga bua Elder Jeffrey R. Holland wa Khoramo ya Baaposetole ba ba Lesome le Bobedi. “O utlwa dithapelo tsa gago. O itse ditsholofelo le ditoro tsa gago, go akaretsa le dipoifo le matshwenyego a gago.”3

“Mongwe le mongwe wa rona oa tlhokega mo lelwapeng lwa Modimo,” ga bua Kgaitsadi Stephens. “Malwapa a mo lefatsheng ga a lebege a tshwana. Jaaka fa re aga ditso tse di nonofileng tsa malwapa, boloko mo lelwapeng lwa Modimo ga bo laolwe ke maemo ape — seemo sa nyalo, gore a o motsadi, seemo sa madi, seemo sa gago mo chabeng, kgotsa le tse di kwalwang mo go tsa maranyane.”4

Dikwalo tsa Tumelo tse di tlaleletsang

Jeremiah 1:5; Romans 8:16; Doctrine and Covenants 76:23–24

Gotsweng mo Ditsong tsa Rona

Mo tiragalong ya Pono ya Ntlha,5 Moporofiti Joseph Smith o netefatsa tse dintsi— tse di akaretsang gore Rara yo o ko Legodimong o itse maina a rona.

Joseph yo mmotlana o ne a sokola go itse gore a nne leloko la kereke efe mme a bona karabo mo James 1:5. Joseph o ne a fetsa ka gore o tlaa botsa Modimo.

Letsatsi lengwe mo mosong ka 1820, o ne a ya mo sekgweng go rapela mme o ne a kgorelediwa ke thata nngwe ya lefifi. Ka se o ne a kwala:

“Fela ka motsotso o ne oo wa poifo, Ke ne ka bona pilara ya lesedi fa godimo ga tlhogo yame, go gaisa kgalalelo ya letsatsi, e e neng e fologela ka iketlo go fitlhela e wela mo go nna.

“Ka bonako gone ga bonala gore ke ipone ke golotswe gotswa mo mmabeng yo a neng a mpofeletse. Fa lesedi le sena go wela mo go nna Ke ne ka bona Batho ba babedi, bao Phatshimo le kgalalelo ya bone e neng e gaisa tlhaloso tsotlhe, ba eme fa godimo game mo phefong. Mongwe wa bone o ne a bua le nna, a mpitsa ka leina mme a re a supa yo mongwe—Yo ke Morwaake yo o Rategang. Mo Utlwe!” (Joseph Smith—History 1:16–17).

Dintlha

  1. “The Family: A Proclamation to the World,” Liahona, Nov. 2010, 129.

  2. Carole M. Stephens, “The Family Is of God,” Liahona, May 2015, 11.

  3. Jeffrey R. Holland, “To Young Women,” Liahona, Nov. 2005, 28.

  4. Carole M. Stephens, “The Family Is of God,” 11.

  5. Bona Thuto ya Efangedi, “First Vision Accounts,” topics.lds.org.

Akanyetsa Se

Go itse gore o ngwana wa Modimo go ama jang ditshwetso tse o di tsayang?

Gatisa