2016
Boporofiti le Tshenolo ya Mong
Moranang 2016


Molaetsa wa Boporesidente Jwa Ntlha, Moranang 2016

Boporofiti le Tshenolo ya Mong

Kereke ya boammaaruri ya ga Jeso Keresete e buseleditswe mo lefatsheng mo malatsing ano. Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo e eteletswe pele ke baporofiti ba ba tshelang le baaposetole, ba ba amogelang kaelo ka metlha gotswa kwa legodimong.

Mokgwa o wa selegodimo o ne o le boammaaruri le mo metlheng e e fetileng. Re ithuta mo Baebeleng: “Ammaaruri Morena Modimo o tlaabo a sa dire sepe, mme o senolela sephiri sa gagwe go batlhanka ba gagwe baporofiti” (Amos 3:7).

Modimo o buile gape mo metlheng ya rona, ka Moporofiti Joseph Smith. O senotse ka Moporofiti Joseph Smith efangele ya ga Jeso Keresete ka botlalo. O ne a busetsa boperesiti jo bo boitshepo le dilotlolo le ditetla tsotlhe, dithata, le ditirelo tsa thata e e boitshepo ya boperesiti.

Mo matsatsing ano, baporofiti le baaposetole ba filwe taolo go bua, go ruta, le go kaela ka taolo gotswa go Modimo Rara le Morena Jeso Keresete. Mmoloki o ne a raya Moporofiti, “Se Nna Morena ke se buileng, ke se buile, mme e bile ga ke ipate, le fa legodimo le lefatshe diraya ka feta, mafoko ame ga a ka ke a feta, mme a tlaa diragadiwa otlhe, e ka tswa ele ka lentswe lame kgotsa ka lentswe la batlhanka bame, go tshwana fela.” (D&C 1:38).

Mo khonforenseng ya kakaretso ya bobedi mo ngwageng, re segofadiwa ka tshono ya go utlwa lefoko la Morena mo go rona gotswa mo batlhankeng ba Gagwe. Seo ke monyetla o o fitileng tlhwatlhwa. Mme boleng jwa tshono eo bo ikaegile ka gore a re amogela mafoko ka tlhotlheletso ya Moya o o tshwanang le o o neetsweng batlhanka bao (bona D&C 50:19–22). Jaaka fa ba amogela kaelo go tswa kwa legodimong, le rona re tshwanetse ra e amogela. Seo se tlhoka maatla a semoya.

“Dira Tiro ya Gago”

Dingwaga tse di fitileng mongwe wa leloko la Khoramo ya Baaposetole ba ba Lesome le bobedi o ne a nkopa go bala puiso ya khonforense e a neng a e baakanyetsa khonforense ya kakaretso. Ke ne ke le yo mmotlana wa leloko la khoramo. Ke ne ka tlotlomadiwa ke tshepho ya gagwe gore Nka mo thusa go batla mafoko a Morena a batlang a bua. O ne a nthaya a re ka monyenyo, “Oh, o ke mokwalo wa bo 22 wa puiso e.”

Ke gakologelwa kgakololo ya ga Moporesidente Harold B. Lee (1899–1973) e a neng a e neetse go le pele ka kgathelelo e kgolo: “Hal, fa o batla go amogela tshenolo, dira tiro ya gago.”

Ke ne ka bala, ka tlhatlhanya, le go rapela ka mokwalo wa bo 22. Ke ne ka bala kafa ke kgonang ka teng Ka tlhotlheletso ya Moya o o boitshepo. Ka nako, e leloko la khoramo le bua, ke ne ke dirile tiro yame. Ga ke itse gore a ke ne ke thusitse, mme ke a itse gore ke ne ka fetoga fa ke utlwa puiso eo e neelwa. Melaetsa e tlile mo go nna ka mafoko aa kgakala le se ke se badileng le se a se buileng. Mafoko ao a nnile le bokao gona le a ke a badileng pele. Molaetsa o ne o lebanye nna, o akaretsa tse ke di tlhokang.

Batlhanka ba Modimo ba itima dijo le go rapela go amogela molaetsa gore ba ofe ba ba tlhokang tshenolo le tlhotlheletso. Se ke se ithutileng mo maitemogelong a, le a mangwe a tshwanang le ao, ke gore go amogela dipoelo tse di leng teng go utlwa baporofiti ba ba tshelang le baaposetole, re tshwanetse ra duela tlhwatlhwa ya go amogela tshenolo.

Morena o rata mongwe le mongwe yoo ka utlwang molaetsa wa gagwe, e bile O itse dipelo le diemo tsa mongwe le mongwe. O itse paakanyo, kgothatso, le boammaaruri jwa efangele jo bo ka thusang mongwe le mongwe go tlhopha tsela e e ka mo isang ko botshelo jo bosakhutleng.

Rona ba re reetsang le go lebelela molaetsa wa khonforense ya kakaretso nako dingwe re akanya morago, “Ke gakologelwa eng thata?” Tsholofelo ya Morena mo go mongwe le mongwe wa rona ke gore karabo e nne: “Ga nkitla ke lebala nako e ke utlwileng lentswe la Moya mo tlhaloganyong le pelong le mpolelela se nka se dirang go itumedisa Rara yo o ko Legodimong le Mmoloki.”

Re ka amogela tshenolo fa re reetsa baporofiti le baaposetole le jaaka fa re dira ka tumelo go amogela se, jaaka Moporesidente Lee a rile re ka dira. Ke a itse gore se ke boammaaruri go tswa mo maitemogelong le ka bosupi jwa Moya o o boitshepho.

Go ruta go tswa Molaetseng o

Akanya ka go balela kwa godimo polelo ya ga Mopresidente Eyring ka go bala mokwalo wa puiso ya khonforense ya leloko la khoramo. O ka botsa, “Tlhwatlhwa ya go amogela tshenolo ke eng?” Morago ga go buisana, o ka laletsa ba oba etelang go tlhatlhanya le go diragatsa thulaganyo ya go amogela melaetsa ya khonforense ya kakaretso e e tlang “ka tlhotlheletso ya Moya o bao filweng ke batlhanka ba [Modimo].”

Gatisa