2016
Rara yo o ko Legodimong o buile le nna ka Puiso ya Khonforense
Moranang 2016


Banana

Rara yo o ko Legodimong o buile le nna ka Puiso ya Khonforense

Mokwadi o nna kwa Sergipe, Brazil.

Ke ne ke sa wela mogopolo ka se ke batlang go se ithuta kwa mmadikolo. Bontsi jwa batho bane ba bua tse di seng molemo ka se ke neng ke batla go se dira, mme Ke ne ka rapela gore Morena a o dumalana le tshwetso e ke e tsereng.

Karabo yame e tlile letsatsi le le latelang fa ke bala puiso ya khonforense ya kakaretso moLiahona. Ke ne ka ikutlwa e kare Rara yo o ko Legodimong o ne a mpolelela gore A ka se ntlhophele— se ene ele tshwetso e ke tshwanela go e dira kele esi. Ke ne ke itse gore se ke se tlhophang, Ke ne ke tshwanelwa ke go dira ka thata gore ke atlege.

Ke a itse gore thapelo yame ene ya arabiwa. Tlhomamiso ya Moya o o Boitshepo e nthusitse go tsaya tshwetso. Ke ithutile go dira ka natla gape kea itse gore Rara yo o ko Legodimong otla nthusa.

Gatisa