2016
Boammaaruri mo Tumelong ya Bone
Phukwi 2016


Banana

Nnete mo Tumelong ya Bone

Moporesidente Monson o bolela polelo ka lolwapa longwe lwa baetapele mme a nopola mo mafokong a moporesidente George Albert Smith: A lo tla tshela ka boammaruri mo tumelong ya badimo ba lona? … Lo leke go tshwanelo ya ditlhabelo tsotlhe tse ba lo di diretseng.” A o na le motlhagoledi kana ke wena leloko la ntlha la Kereke, a lo leba dikai tsa tumelo gore go nne le kaedi le nonofo? Tsela e e siameng ya go simolola ke e:

1. Dira mokwalo wa batho ba o ba kgatlhegelang. E ka nna maloko a ba lelwapa lwa gago (ba ba fetileng le ba ba leng teng), ditsala, baeteledi pele ba Kereke, kgotsa batho ba ba mo dikwalong tse di boitshepo

2. Kwala mekgwa e ba nang nayo e o e ratang. A mme mmago o pelotelele? Gongwe tsala ya gago o bonolo mo go ba bangwe. O ka tswa o rata bopelokagle jwa Mokapoteni Moroni

3. Nopola nngwe yamekgwa go tswa moo mme o ipotse, “Ke ka nna jang le mokgwa o? Ke ka dira eng go tlhabolola se mo botshelong jwame?

4. Kwala ditsela di le nne tse o ka di dirisang go aga mokgwa o, mme o beye fa o tla a e bonang kgapetsa kgapetsa, go ikgalola seelo sa gago. Rapelela thuso ya ga Rara yo o kwa Legodimong mme o lekole tswelelopele ya gago. Fa o setse o ikutlwa gore o tlhabolotse mokgwa o, o ka nopola mokgwa o mongwe mme o dire mo go yone.

Gakologelwa gore fa re aga mekgwa e e siameng mo go rona, ga re amogele fela tumelo ya badimo ba rona le ditlhabelo tse ba di drileng, mme re ka nna gape le tlhotlheletso ya se se siameng mo go ba ba re dikologileng

Gatisa