2016
Tumelo ya Boammaaruri go Bo Rraarona Mogolo
Phukwi 2016


Molaetsa wa Boporesidente jwa Ntlha, Phukwi 2016

Tumelo ya Boammaaruri go bo Rraarona Mogolo

John Linford o ne a le 43 fa ene le mosadi wa gagwe, Maria, le bana ba basimane bale bararo ba tsereng tshwetso ya go tlogela lwapa la bone ko Gravely, England, go tsamaya sekgele se se telele go kopana le baitshepi ko Great Salt Lake. Bane ba tlogela ngwana wa bone wa mosimane, yo a neng ele moanamisa efangedi, ba rekisa dilwana tsa bone, mme ba palama sekepe ko Liverpool Thornton.

Loeto mo lewatleng go ya Toropong ya New York, le go tsamaya ka tsela go ya Iowa, go supile go sena ditiragalo. Mathata a simolotse, morago ga Linfords le baitshepi ba bangwe ba ba neng bale mo sekepeng Thornton go tswa toropong ya Iowa ka Phukwi 15, 1856, ele bangwe ba setlhopha sa kara ya diatla sa ga James G. Willie wa molwetse wa go idibala.

Diemo tsa bosa tse di sa iketlang le ditsela tse di makgwakgwa tsa babalela bale bantsi mo setlhopheng, go akaretsa John. Kgabagare o ne a gatelelwa ke bolwetsi mme a koafala mo a neng a gogwa ka kara ya diatla. Ka nako e setlhopha se gorogileng kwa Wyoming, seemo sa gagwe se ne se wetse tlase thata. Banamodi go tswa Salt Lake City ba gorogile ka Phalane 21, dioura morago ga John a sena go tlhokafala. O tlhokafetse go le pele makuku gaufi le letshitshi la Noka ya Sweetwater.

A John o ne a ikotlhaela gore one a tlogela manobonobo le go sa sokole,

“Nnyaa, Maria,” o ne a bolelela mosadi wa gagwe pele a tlhokafala. “Ke lebogela gore re bo re tsile. Ga ke kake ka tshela go fitlhelela kwa Salt Lake, mme wena le barwa lo tla goroga, mme ga ke ikotlhaele sepe se re kopanyeng naso fela fa barwa ba rona ba ka gola ba godisa malwapa a bone mo Sione1

Marea le barwa ba gagwe ba feleletsa loeto. Fa Marea a tlhokafala morago ga dingwaga di masome a mararo, ene le John ba tlogela letlotlo la tumelo, bodiredi, boineelo, le go tswa setlhabelo.

Go nna Moitshepi wa Malatsi a gompieno ke go nna motlhagoledi, ka tlhaloso ya motlhagoledi e le “ ene yo o etelelang pele go baakanya kgotsa go bulela tsela ba ba tla mo salang morago.2 Mme go nna motlhagoledi ke go nna le botso setlhabelo. Le fa maloko a Kereke a sa tlhole a lopiwa go tlogela malwapa a bone go tsaya loeto go ya Sione, ba tshwanela go tlogela ko morago mekgwa ya segologolo, dingwao tse di tswang goo lowe, le baratwa ba bone. Bangwe ba tsaya tshwetso e ngomolang pelo ya go tlogela ba malwapa a bone ba ba kgatlhanong le boloko jwa bone jwa Kereke Baitshepi ba Malatsi a Bofelo ba tswelela pele, le fa go ntse jalo, ba rapelela gore ba ratwa ba bone ba tlhaloganye mme ba amogele.

Tsela ya motlhobolodi ga e bonolo, mme re tsamaya mo dikgatong tsa Motlhagoledi wa popota, e bong Mmoloki yo o eteletseng pele, a re bontsha tsela e re tshwanetseng go e sala morago.

“Tlaa lo ntshale morago,”3 A laletsa.

“Ke nna tsela, le boammaruri, le botshelo,”4 A rialo.

“Tlaang go nna,”5 A bitsa.

Tsela e kgona go go leka. Bangwe ba bona go le thata go emela go tshegwa le dipuo tse di sa jeseng diwelang ga bao ba ba dieleele bao bao ba ba tshegang boitsheko, bonnete, le go obamela melao ya Modimo. Lefatshe le sale le nyenyefatsa kobamelo ya molawana. E ne ya re Noa a laetswe go aga araka, batho ba ba dimatla bao ba baneng ba le palo e ntsi bane ba lebelela godimo kwa loaping leo le neng le sena leru mme ba tshega mme ba leba bao ba ba boikanyego ka tsela ya tshotlo—go fitlhela pula e tla.

Mo kontinenteng ya Amerika dingwaga ngwaga tse dintsi tse di fetileng, batho ba ne ba sa dumele, ba nganga, ba sa obamele o fitlhelela molelo o ganyaola Zarahemla, lefatshe le khurumetsa Moronihah, le metsi a khurumetsa Moroni. Maikgantsho, go nyofola, boikgogomoso, le sebe tsa fela. Ba ne ba emesediwa ke tidimalo e tseneletseng, lefifi le kitlanyeng Bopelotelele jwa Modimo bo ne jwa fela, ditsholofetso tsa gagwe tsa diragadiwa.

Maria Linford ga ise a latlhegelwe ke tumelo ya gagwe le ntswa a ne a kgokgontshiwa ko Enyelane, dikgwetlho tsa loeto lwa gagwe go ya “lefelong le Modimo … a lebakantseng,”6 kgabagare itshokela dikgwetlho tsa lelwapa lwa gagwe le Kereke.

Ko tirelong ya 1937 ya segopotso sa ga Maria, Mogolwane George Alert Smith (1870–1951) A botsa dikokomane tsa gagwe. “A lo tla tshela ka boammururi go tumelong ya badimo ba lona? … Lo leke go tshwanelo ya ditlhabelo tsotlhe tse ba lo di diretseng.”7

Jaaka fa re batla go aga Sione mo dipelong tsa rona, mo malwapeng a rona, mo boageding jwa rona, le mo mo mafatsheng a rona, a re gakologelweng bopelokgale jo bo tsepameng le go ikokotlela ka tumelo ya ba ba neetseng gotlhe ga bone gore re tle re anywe ditshegofatso tsa efangele e e buseleditsweng, ka tsholofetso le tsholofelo ya go tswa setlhabelo ga ga Jeso Keresete.

Dintlha

  1. Bona Andrew D. Olsen, The Price We Paid (2006), 45–46, 136–37.

  2. The Compact Edition of the Oxford English Dictionary (1971), “pioneer.”

  3. Luke 18:22.

  4. Johane 14:6

  5. John 7:37; bona gape 3 Nephi 9:22.

  6. “Come, Come, Ye Saints,” Sefela, sa bo. 30.

  7. Bona Olsen, The Price We Paid, 203–4.

Go ruta go tswa Molaetseng o

Akanyetsa go botsa ba o ba rutang go akanya ka batho ba ba tsamileng pele ga bone e le batlhagoledi ba bone. O bo o ba botsa gore ba nnile leng le batlhagoledi ba ba baakanyetsa tsela Ba laletse go akanya nako tse ba nnileng le tsone tsa go tswa setlhabelo le gore keeng go ne go le maleba. O ka ba gwetlha go kwala bopaki jwa bone jwa “Motlhagoledi wa konokono,” Mmoloki.

Gatisa