2016
Bokgoni jwa rona go nna Batsadi
Phukwi 2016


Molaetsa wa Thuto ya Ketelo, Phukwi 2016

Bokgoni jwa rona jwa Botsadi

Ka thapelo ithute tiriso e mme o batle go itse gore o ka abelana eng. Go tlhaloganya “The Family: A Proclamation to the World” go ka godisa tumelo yame mo Modimong jang le go segofatsa bao o ba tlhokometseng ka thuto ya ketelo? Go bona molaetsa o montsi, ya ko reliefsociety.lds.org.

Tumelo, Lelwapa, Thuso

“Go ne go tlhokafala gore bana ba semowa ba Modimo ba nne le tsalo ya senama le tshono ya go tswelela go ya kwa botshelong jo bo sa khutleng,” ga ruta Mogolwane Dallin H. Oaks wa Khoramo ya Baaposetolo ba Lesome le Bobedi. Mo phitlhelelong ya lenaneo la thulaganyo ya boitumelo, Ke dumela gore tse di molemo moblefatsheng le kwa legodimong ke bana ba rona le dikokomane tsa rona.”1

Mogolwane Neil L. Andersen wa Khoramo ya Baaposetole ba ba Lesome le Bobedi a re:

“Re dumela mo malwapeng, e bile re dumela mo baneng. …

“‘… Modimo a re go [Adam le Efa], Atang, mme lo ntsifale, lo tlale lefatshe’ [Genesis 1:28]. …

“Taelo e ga ya lebalwa kana ga ya seegelwa fa thoko ke Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo.2

Le fa re sa tle go nna batsadi rotlhe mo botshelong jo, re ka godisa bana ba dingwaga tshotlhe. Re akola ditshegofatso tsa go nna bontlha bongwe jwa lolwapa lwa ga Rara o ko Legodimong, mme ra itemogela monate le dikgwetlho tsa go nna maloka a lolwapa lwa mo lefatsheng Mme ba le bantsi, botsadi bo ba emetse kwa bosakhutleng

Dikwalo tsa tumelo tse di tlaleletsang

Psalm 127:3; Matthew 18:3–5; 1 Nephi 7:1; Moses 5:2–3

Dipolelo tsa Batho ba Batshelang

“Mantswe a mantsi mo lefatsheng segela thoko botlhokwa jwa go nna le bana kgotsa ba dia le go baya seelo sa bana mo lolwapeng,” ga bua Mogolwane Andersen. “Barwadiake malobanyana ba ne ba mpolelela ka bokwadi jwa motsadi wa mokeresete (yo e seng wa tumelo ya rona) yo o nang le bana ba le batlhano. O ne a akgela a re” [Go gola] mo ngwaong e, go thata go tsaya tshwaelo ya baebele ka go nna mme. … Bana ba kwa tlase thata ga sekole Ke dumela gore le go tsamaya mafatshe tota Kwa tlase ga go tsamaya bosigo o ijesa monate Kwa tlase ga itshidilo mmele. Kwa tlase a tiro e o nang nayo kgotsa o solofela go nna nayo O ne a tlatsa a re: Go nna Mme ga se itloso bodutu, ke pitso Ga o selesele bana ka o bona ba le bantlenyane go gaisa ditempe Ga se selo e o se dirang fa o bone nako. “Ke sone se Modimo a se go fetseng nako.”3

Dintlha

  1. Dallin H. Oaks, “The Great Plan of Happiness,” Ensign, Nov. 1993, 72, 75.

  2. Neil L. Anderson, “Bana,” Liahona Ngwanatsele. 2011.28.

  3. Neil L. Andersen, “Bana,” 28.

Akanyetsa Se

Ke ka dife ditsela tse lolwalpa lwa rona lwa mo lefatsheng le tshwanang le la kwa legodimong.

Gatisa