2017
Go rapelela kagiso
Tlhakole 2017


Banana

Go rapelela kagiso

Mokwadi o nna kwa Arizona, USA.

Batsadi bame gantsi ba ne ba tsenelela dikopano morago ga kereke,mme ke ne ke lebelela bokgantsadiake ba ba botlana ba bararo mme ke ba thuse go dira dijo tsa motshegare- le mororo ba ne gantsi ba le dipelwana ebile ba tshwerwe ke tlala. Gantsi fa ba simolotse go lwa,ke ka lepolola bothatanyana ka bofefo. Mme nako dingwe go ne go le thata go dira kagiso fa ntwa e setse e simolotse gonne ke ne ke huduega.

Motshegare wa maitsebowa mongwe, bokgantsadiake ba ne ba na le nako e thata go gaisa go agisanya. Ka bona fa maiteko ame a go dira kagiso a ne fela a dira dilo maswe gone ke ne ke ikgophola. Jalo ka itirela dijo tsa motshegare mme ka emisa go bua. Kwa bofelong, ka bolela, “ke ya go rapela. Ka tsweetswe a re ka didimala motsotso?” E rile ba kokobela, ka lopa tshegofatso mo dijong. Pele ga ke tswala thapelo, ka oketsa, “mme tsweetswe re thuse go nna ba ba agisanyang.’’

Kwa ntlheng, ba ne e ekete ga ba utlwa mme ba simolola go lwa gape. Ke ne ke tenegile mme ke ne ke itse fa ke tlhoka go nna lorato le go sisibala jaaka ke ka kgona gonne ke ne ke sa tswa go rapelela kagiso. Morago ga motsotso, ka ikutlwa ke sisibetse thata. Ke jele ke sa bue sepe, mme basimane kwa pheletsong ba emisa go lwa. Ke ne ka tlhaloganya fa kagiso e ke neng ke e utlwa e ne e le karabo ya thapelo e bori. Ke ne ke rapeletse go nna yo o agisanyang,mme Rra etsho wa Legodimo o ne a nthusitse go sisibala fa go ne go raela go le kalo go goeletsa. Ke itse fa ka boammaruri A ka re naya kagiso.

Gatisa