2017
Fela jaaka ke Lo Ratile
Tlhakole 2017


Molaetsa wa Boporesidente jwa Ntlha, Tlhakole 2017

“Fela jaaka ke Lo Ratile”

Dingwa dingwe tse di fitileng tsala e e theilweng leina la Louis o ne a kakanya go nna polelo e e bonolo ka ga mmagwe yo o puo nolo, a le bonolo. E rile a tlhokafala, o ne a sa tlogelela barwa ba gagwe le bo morwadie lesego la madi fa e se bogolo boswa jwa letlotlo mo sekaong, mo setlhabelong, mo khutlong.

Morago ga dipako tsa phitlho di setse di builwe le tsela e e botlhoko go ya kwa mabitleng e setse e dirilwe, lelwapa le le godileng la sekaseka dithoto tse dinye tse mmaabone a ditlogetseng. Mo gare ga tsone, Louis o fitlhetse mokwalo le selotlele. Mokwalo o ne o kaela: “ntlo ya borobalo e e mo kgokgotshong, mo laeng ya kobotlo ya me, go na le letlojana Le tshotse lohumo lwa pelo ya me. Selotlele se se tlaa bula letlole.’’

Botlhe ba gakgamalela gore mmaabone o ne a na leng sa boleng jo bo lekanyeng go bewa mo go lotleletsweng le selotlele.

Letlole le ne la ntshiwa mo felong ja boitapoloso mme la bulwa ka matsetseleko ka thuso ya selotlele. Jaaka Louis le ba bangwe ba keleka diteng tsa letlole, ba fitlhela setshwantsho sa ngwana mongwe le mongwe, se na le leina la ngwana le motlha wa botsalo. Louis a ntsha karata e e itiretsweng mo gae. Mo mokwalong o o makekete wa ngwana,o a o lemogileng jaaka wa gagwe,a bala mafoko a a neng a kwadile dingwa tse masome a marato pele: “mme yo o rategang, ke a go rata,’’

Dipelo di ne di le nolo, mantswe a nolofetse, matlho a seka dikeledi. Lohumo la ga mme e ne e le lelwapa la gagwe la bo sa khutleng. Nonofo ya lone e ikaegile mo motheong wa lentswe le le ikadileng la “ke a go rata.’’

Mo lefatsheng la gompijeno, ga go na gope kwa motheo wa lentswe le le ikadileng wa lorato o tlhokafalang teng go feta mo gae. Mme ga go gope kwa lefatshe le tshwanetseng go bona sekao se se molemo sa motheo oo go na le mo magaeng a Baitshepi ba metlha- Eno ba ba dirileng lorato boteng konokono pinagare ya go tshela ga malwapa a bone.

Go bao ba rona ba re ipolelang go bo barutwana ba Mmoloki Jeso Keresete, O neile taolo e e thata:

“Taolo e ntsha Ke a lo e naya, gore lo ratane fela jaaka ke lo ratile, le gore le lona lo ratane.

“Ka mo batho botlhe ba tlaa itse fa lo le barutwana ba me, fa lo ratana.”1

Fa re ka tshegetsa taolo ya go ratana, re tshwanetse go direlana ka go tlhomogelana pelo le tlotlo, re supa lorato lwa rona mo dikamanong tsa letsatsi le letsatsi. Lorato lo ntsha lefoko la pelonomi,karabo ya bopelotelele,tiro ya go sa itebelele, tsebe e e utlwang, pelo e e boitshwarelo. Mo go tsotlhe dikopano tsa rona, tse le tse dingwe ditiro tse di ntseng jalo di thusa go bonatsa lorato le le mo dipelong tsa rona.

Moporesidente Gordon B. Hinckley (1910–2008) o etse tlhoko: “lorato … ke pitsa ya gauta kwa bo khutlong jwa motshe wa godimo. E tswa e feta bokhutlo jwa motshe wa godimo. Lorato le lone le kwa tshimologong, mme mo go lone go tswela bontle jo bo kokoralang go kgabaganya loapi mo letsatsing le le matsubutsubu. Lorato ke thagamo e bana ba e lelelang, fofomelo ya banana,semanego seo se tshwaraganyang lenyalo, le senosetso seo se dibelang pheretlhego e e senyang mo gae; ke kagiso ya motlha wa bogologolo,marang a tsholofelo a a phatsimang ka loso. Go humile jang bao ba ba ijesang monate mo bokopanong jwa bone le lelwapa,ditsala, kereke, le bankabone.’’2

lorato ke lone konokono ya efangele,bokao bo bo golo jwa mowa wa motho. Lorato ke molemo wa malwapa a a lwalang, baagelani ba ba lwalang, le ditshaba tse di bobolang. Lorato ke monyenyo, ntelo, kakgelo e pelonomi,le poko. Lorato ke setlhabelo,tirelo, le bosaitebeleleng.

Banna, ratang basadi ba lona. Ba direleng ka tlotlo le ka boitumelelo. Bokgaitsadi, ratang banna ba lona. Ba direleng ka tlotlo le kgwathatso.

Batsadi, ratang bana ba lona. Ba rapeleleng, ba ruteng, le go ba pakela. Bana, ratang batsadi ba lona. Ba supetseng tlotlo, tebogo, le kutlo.

Kwa ntle ga lorato lo le itshekileng lwa ga Keresete, Momone o a gakolola, “ga re sepe.’’3 Thapelo ya me ke gore re ka sala morago kgakolo ya ga Momone “go rapela Rra etsho ka yotlhe nonofo ya pelo, gore [re] ka tladiwa ka lorato lo, le a le neileng botlhe ba e leng balatedi ba boammaaruri ba Morwa wa gagwe, Jeso Keresete; gore [re] ka nna bana ba Modimo; gore mogang a bonalang re tle re nne jaaka a ntse.’’4

Go Ruta go tswa mo Molaetseng o

Moporesidente Moson o re ruta botlhokwa jwa go supa lorato lwa boammaruri le le tshwanang le la ga Keresete, bogolo bogolo mo gae. Ela tlhoko go lopa bao o ba etelang go phuthega jaaka lelwapa mme ba buisanye ka ditsela tse ba ka supang go ratana thata ka tsone. O ka ba kgothatsa go tlhopa mongwe wa megopolo eo mme ba dira thulaganyo go o diragatsa jaaka lelwapa. sekai, maloko a lelwapa ba ka batla go isa tiro ya sephiri ya tirelo go yo mongwe wa leloko la lelwapa beke ngwe le ngwe. O ka ba lopa gore morago ba akanye ka fa go latelela maikaelelo a bone go okeditseng lorato mo legaeng la bone.

Gatisa