2017
Tefo ya ga Keresete ke tshupo ya lorato lwa Modimo
Tlhakole 2017


Molaetsa wa Thuto ya Ketelo, Tlhakole 2017

Tefo ya ga Keresete ke tshupo ya lorato lwa Modimo

Ka thapelo ithute tiriso e mme o batle tlhotlheletso go itse se o ka se abelanang.

Setshwantsho
Sekano sa Mokgatlho wa Thuso

Tumelo, Lelwapa, Thuso

Go tlhaloganya fa Rra etsho wa Legodimo a neile Morwa yo o Tshotsweng a le Esi wa gagwe gore re tle re nne le bosasweng le ya botshelo jo bo sa khutleng go re thusa go utlwa lorato lwa Modimo mo go rona le le se nang selekanyo e bile le sa tlhalogasenyege. Mmoloki wa rona le ene o a re rata.

Ke mang yo o tlaa re kgaoganyang le lorato lwa ga keresete? …

“Gonne ke a tlhomamisa, go re, go le loso, go le botshelo, go le baengele, go le magosana, go le dilo di le teng, go le dilo tse di tlaa tlang,

‘go le bogodimo, go le boteng, le fa e ka bo e le sebopiwa sengwe se sele, ga go kitla go nonofa sepe gore kgaoganya le lorato lwa Modimo, lo lo mo go Keresete Jeso Morena wa rona. (Baroma 8:35, 38–39).

Ka Tefo ya ga Jeso Keresete, Mogolwane D. Todd Christofferson wa khoramo ya ba ba lesome le bobedi o rile: “pogisego ya Mmoloki mo Gethsemane le tlalelo e e mahehe ya gagwe mo mokgorong/ sefapanong di re rekolotse mo sebeng ka go thethebatsa ditopo tseo tshiamo e nang le tsone mo go rona. O anamisa mautlwelo-botlhoko le go itshwarela bao ba ba ikwatlhayang. Tefo ya ga Jeso Keresete le yone e thethebatsa molato o tshiamo e re o kolotang ka go fodisa le go re duelela pogisego epe e re itshokelang ka go senang molato. ‘Gonne bonang, o sotlegela matlhoko a batho botlhe, ee, matlhoko a dibopiwa tse di tshelang tsotlhe, gotlhe banna, basadi, le bana, ba e leng ba lelwapa la ga Atamo’ (2 Nephi 9:21; bona gape Alema 7:11–12).”1

Keresete o “[re] setile ka fa teng ga diatla [tsa] gagwe’’ isaia 49:16). Linda K. Burton, Moporesidente wa kakaretso wa Mokgatlho wa Thuso, a re: “tiro e kgolo ya lorato e tshwanetse go isa mongwe le mongwe wa rona go mangole a rona mo thapelong e e bonolo go leboga Rra etsho wa Legodimo go re rata mo go lekanyeng gore a be a rometse Morwa o o Tshotsweng a le Esi wa Gagwe le Morwa o o boitekanelo go bogela dibe tsa rona, matlhotlhapelo a rona, le tsotlhe tseo eketeng ga di a re siamela mo matshelong a rona ka bongwe.”2

Dikwalo tse di Boitshepo tsa tlalaletso le Polelo

Johane 3:16; 2 Nifae 2:6–7, 9; reliefsociety.lds.org

Dintlha

  1. D. Todd Christofferson, “Thekololo,” Liahona, May 2013, 110.

  2. Linda K. Burton, “A Tumelo mo Tefong ya ga Jeso Keresete e kwadile mo Dipelong tsa Rona?” Liahona, Nov. 2012, 114.

Ela tlhoko Se

Re ka itsise jang malebogo a rona le lorato go Modimo le go Jeso Keresete ka ga mpho ya Tefo ya Mmoloki?

Gatisa