2017
Moanamisa efangele yo o senang sesupo
June 2017


Banana

Moanamisa efangele yo o senang sesupo

Kwa sekolong ke na le morutabana yo o nang le botho jo bo ka tshosang motho go abelana dipono tse di ganetsang mo thutong. Nako nngwe re ne ra tsena mo setlhogong sa baanamisa efangele ba Baitshepi ba Malatsi a Bofelo. Ke ne ke itse nkabo ke arabile potso ya gagwe, mme ka ikutlwa ke sa tshwanela . Jalo ka bua fela mo go lekanyeng go mo kgotsofatsa mo nakong eo.

Mo dibekeng tse di latelang ke ne ka se emise go akanya ka ga puisano ya rona. Kwa bofelelong, kakanyo ya tla go nna gore ke mo neye Buka ya ga momone ka mafoko mangwe a segeletswe ka ga tiro ya kanamiso efangele. Kakanyo ya ntshosa, mme ya tswelela fela. Ke ne ke itse fa ele kakanyo e ke tshwanetse go e sala morago.

E ka ne e le ga kgwedi tse pedi morago, ke ne ke na le Buka ya ga Momone e baakantswe. Tsatsi lotlhe ke ne ka utlwa e kare Buka ya ga Momone e bula phatlha mo bekeng ya me. Metsotso e tharo tse di ntsereng go mo e naya jaaka kene ke tloga go ya boitapoloso jwa mariga ene ele motsotso o o tshosang wa botshelo jwa me.

Mo letsatsing la ntlha fa ke bowa, ka feta ntlwana ya gagwe ya borutelo mme ke ne ke tshaba go tsena mo teng. Fong ka mo utlwa a mpitsa, mme a mpha karata. Ka e bala. O ne a kwadile gore o badile “ka boleele” ditemana tse ke neng ke di tshwaile, mme ne a simolola go bona mabaka a tumelo ya me.

Ka itumelela go abelana efangele e jaanong, mme fela ke itumelela thata go direla Rraetsho wa Legodimo mo thomong ka bofefo.

Gatisa