2017
Thata ya boperisiti ka go Tshegetsa Dikgolagano
June 2017


Molaetsa wa Thuto ya Ketelo, Seetebosigo 2017

Thata ya boperisiti ka go Tshegetsa Dikgolagano

Ka thapelo ithute tiriso e mme o batle tlhotlheletso go itse se o ka se abelanang. Ke ka ga jang go tlhaloganya boikaelelo jwa Mokgatlho wa Thuso go tlaa baakanyetsang bomorwadie Modimo masego a botshelo jo bo sa khutleng?

Setshwantsho
Relief Society seal

Tumelo Lelwapa Thuso

“Molaetsa wa me go … botlhe ke gore re ka tshela oura ngwe le ngwe ‘re segofaditswe ka thata ya maatla a boperesiti,’ le fa seemo sa rona e kabo e le sefe,” go buile Mogolwane Neil L Andersen wa Khoramo ya ba ba Lesome le Bobedi.

“… Jaaka o nna le seabe ka tshwanelo ditlhomo tsa boperesiti, Morena o tlaa go naya thata e kgolo, kagiso, le katlego ya bo sa khutleng. Le fa seemo sa gago e kabo e le sefe, lwapa la gago le tlaa ‘segofadiwa ka thata ya boperesiti.’”1

Re ka bitsa jang thata ya boperesiti mo matshelong a rona? Mogolwane M. Russell Ballard wa Khoramo ya ba ba Lesome le Bobedi o re gakolola gore “bao ba ba tseneng mo metsing a kolobetso mme morago ba amogela khumiso ya bone mo ntlong ya Morena ba tlhaolegela khumo le masego a a gakgamatsang. Khumiso ke fela mpho ya thata … [mme] Rraetsho yo o kwa Legodimong pelo ka thata ya gagwe.” O re gakolola gore banna le basadi “bobabedi ba humisitswe ka thata e e tshwanang” mo tempeleng, “e ka tlhaloso e leng thata ya boperesiti.”2

Linda K. Burton, Moporesidente wa Mokgatlho wa Thuso, o rile: “e re ka thata ya boperesiti e le sengwe se rotlhe re eletsang go nna le sone mo malwapeng a rona le magae, re tlhoka go dira eng go nna le thata eo mo matshelong a rona? Tshiamo ya sebele e botlhokwa mo go nneng le thata ya boperesiti.”3

“Fa re ka itshupa ka boikokobetso fa pele ga Morena mme ra mo kopa gore a re rute, O tlaa re supegetsa gore re ka ioketsega jang jwa rona botseno gothata ya gagwe,” ga bua Moporesidente Russell M. Nelson, Moporesidente wa Khoramo ya ba ba lesome le bobedi.4

Dikwalo tse di Boitshepo tsa tlalaletso le Polelo

1 Nifae 14:14; Dithuto le Dikgolagano 121:36; 132:20; reliefsociety.lds.org

Dintlha

  1. Neil L. Andersen, “Thata ya Boperesiti,” Liahona, Ngwanatsele. 2013, 92, 95.

  2. M. Russell Ballard, “Banna le Basadi le Thata ya Boperesiti,” Liahona, Lwetse 2014, 36.

  3. Linda K. Burton, “Thata ya Boperesiti—A le teng go botlhe,” Ensign, Seetebosigo 2014, 21.

  4. Russell M.Nelson, “Tlhwatlhwa ya maatla a boperesiti,” Liahona, Motsheganong 2016, 69.

Gatisa