2017
Go bilediwa Tiro
June 2017


Molaetsa wa Boporesidente jwa Ntlha, Seetebosigo 2017

Go bilediwa Tiro

Setshwantsho
Moporesidente Thomas S. Monson

Fa Moperofeti Joseph Smith a biletsa Mogolwane Heber C. Kimball (1801–68) go “bula kgoro ya poloko” jaaka moanamisa efangele kwa Engelane, Mogolwane Kimball o ne a gapiwa ke maikutlo a go sa itshepa.

“Ao, Morena,”a kwala, “ke monna yo ke kokoetsang, mme gotlhelele ga ke a tshwanela tiro e ntseng jalo.”

Mogolwane Kimball o ne a amogela pitso le fa go ntse jalo, a tlaleletsa: “dikakanyo tse ga di a nkgoreletsa mo tseleng ya tiro; motsotso o ke neng ka tlhaloganya thato ya ga Rraetsho wa Legodimo, ke ne ka ikutlwa ke ikaelela go ya kwa diphatseng tshotlhe, ke dumela gore o ka ntshegetsa ka thata ya gagwe e matla, le go nkhumisa ka phitlhelelo yotlhe e ke e tlhokang.”1

Bakaulengwe ba me ba ba botlana le bo kgaitsadiake ba lo bileditsweng tirelo ya boanamisa efangele ka lobaka lo lo tletseng, lo bileditswe go tiro gonne lona, jaaka Mogolwane Kimball, “le na le dikeletso go direla Modimo” (D&C 4:3) le ka gore lo iketleditse e bile lo tshwanela.

Bobedi jo bogolwane, lo bilediwa tiro ka lebaka le le tshwanang. Lona, le fa gontse jalo, fa lo tlisa fela keletso go dira mme le yone tlhalefo e lo e amogetseng mo dipakeng tsa tshupelo, lorato, le maitemogelo ao Rraetsho yo o kwa legodimong o ka a dirisang go ama dipelo tsa barwa le barwadie ba ba batlang boammaaruri. Go sa belaesege lo ithutile gore ga re ka ke ka gope ra ruta ka boammaaruri Morena go fitlha re mo direla ka go direla ba bangwe.

Go dikeletso tsa lona go dira jaaka baanamisa efangele, lo tlaa oketsa tumelo le tshirelesego, bopelokgale, boikanyo, maitlhomo le bonatla, boikaelelo le boineelo. Baanamisa efangele ba ba ineetseng ba ka tlisa dikgakgamatso mo lefelong la thomo.

Moporesidente John Taylor (1808–87) o ne a soboka maitsholo a botlhokwa a baanamisa efangele ka tsela e: “mohuta wa banna[ le basadi le boobabedi] ba re ba batlang jaaka barongwa ba molaetsa wa efangele ke banna ba ba nang le tumelo mo Modimong; banna ba ba nang le tumelo mo tumelong ya bone; banna ba ba tlotlang boperesiti jwa bone; banna ba mo go bone. … Modimo a nang le boikanyo. … Re batla banna ba ba tletseng ka Mowa o o Boitshepo le thata ya Modimo[,] … Banna ba tlotla, thokgamo, bomolemo le boitsheko.”2

Morena o boletse:

“Gonne bonang tshimo e setse e le tshweu go rojwa; mme bonang, ene yoo a latlhelang sekele ya gagwe ka nonofo, yoo ke ene a ipeelang mo polokelong gore a se nyelele, mme o tlisa poloko go mowa wa gagwe;

“ Mme tumelo, tsholofelo, lorato la Modimo le lorato, ka leitlho bona sentle fela kgalalelo ya Morena, di mo tshwanedisa tiro” (D&C 4:4–5).

Pitso ya gago e tlile ka tlhotlheletso. Ke fa bopaki gore yo Modimo a mmitsang, Modimo o a mo tshwanedisa. O tlaa amogela thuso ya selegodimo jaaka o dira ka thapelo mo tshimong ya mofine ya Morena.

Tsholofetso e ntle e Morena a e neileng go baanamisa efangele ba gale ba tebalebelo e, jaaka go fitlhelwa mo Dithuto le Dikgolagano, e tlaa nna ya lona: “Ke tlaa tsamaya fa pele ga sefatlhego sa lona. Ke tlaa bo ke le mo letsogong la lona la moja le molemoleng wa lona, mme Mowa wa me o tlaa bo o le mo dipelong tsa lona, le baengele ba me ba tlaa lo dikaganyetsa, go le tshegetsa” (D&C 84:88).

Jaaka lo dira, o tlaa aga segopotso sa bo sa khutleng se se humileng le botsalano. Ga ke itse tshimo epe e e ntshang thobo e e ntsi ya boitumelo jaaka lefelo la thomo.

Jaanong, lefoko go bakaulengwe bao, bokgantsadiake le boobabedi, ba ka tharabololo nngwe le nngwe, ba ka se nonofeleng go fetsa nako ya bone e ba e beetsweng mo lefelong la thomo: Morena wa lo rata. O galaletsa le go itumelela setlhabelo sa lona. O itse maswabi a lona. Itseng gore o santse a ana le tiro ya lona gore lo e dire. Se letlelele Saatane go lo bolelela ka go sele. Se yeng tlase; se ngodiegeng; se itlhobogeng.

Jaaka ke etse tlhoko mo khonferense ya kakaretso lobakanyana morago ga pitso ya me ya go etelela pele kereke: “Se boife. Nametsegang. Lobaka lo lo kwa pele le phatsima jaaka tumelo ya gago.”3 Tsholofetso eo e santse e le boammaruri mo go wena. Jalo se latlhegelwe ke tumelo, gonne Morena ga a ise a latlhegelwe ke tumelo mo go wena. Tshegetsa dikgolagano tsa gago mme o gatele pele.

Lefatshe le tlhoka efangele ya ga Jeso Keresete A Morena a segofatse botlhe baitshepi ba gagwe—go sa kgathalesege kwa re direla teng—ka pelo ya moanamisa efangele.

Dintlha

  1. Heber C. Kimball, mo Orson F. Whitney, Botshelo jwa ga Heber C. Kimball3rd ed. (1967), 104.

  2. Dithuto tsa Boporesidente jwa Kereke: John Taylor (2001), 73.

  3. Thomas S. Monson, “Nametsega,” Liahona, Motsheganong 2009, 92.

Gatisa