2017
Boitumelo o le morutwana wa ga Jeso Keresete.
August 2017


Banana

Boitumelo o le morutwana wa ga Jeso Keresete.

O kile wa nna le letsatsi le le seng molemo? O ne wa dirang gore o ikutlwe ole botoka? Moporesidente Uchtdorf o itse gore “rotlhe rena le go nna ka pelo tse di botlhoko, go sa itumela, le go nna ka matlhoko. Re ka ikutlwa re nyema moko mme nako tse dingwe re utlwe re tlalelelwa.

Tharabololo ya gagwe ke go tshela se a se bitsang “botshelo jwa morutwana”: “go nna ka tumelo le go tswelela ba gatela pele mo tumelong.” Fa re gatela pele ka tumelo, re kgona go tshepa Modimo, re sala morago ditaelo tsa gagwe, le go direla ba bangwe–mme re nne le boitumelo nako tsotlhe! Jaaka Moporesidente Uchtdorf a buile, “botlhe ba ba tshelang botshelo jwa barutwana … ke ba ditiro tse di potlana di dirang pharologanyo e e kgolo.”

Akanyetsa go dira mokwalo wa tselana ye o ka tshelang botshelo jwa barutwana ka teng. Sekai, o ka kwala leano la tirelo jaaka “go thusa motsadi go baakanya dijo tsa maitseboa” kgotsa leano la go tshegetsa ditaelo jaaka “go rapelela go nna pelo telele mo go bo mmotlana.” Nako e o ikutlwang o na le go kganelwa kgotsa go fekeediwa thata, ntsha tse o di nankotseng, tlhopha leano, mme o le lekeletse!

Gatisa