2017
Go tshela botshelo jo bo tlhomamisitsweng
August 2017


Molaetsa wa Thuto ya Ketelo, Phatwe 2017

Go tshela botshelo jo bo tlhomamisitsweng

Ka thapelo ithute tiriso e mme o batle tlhotlheletso go itse se o ka se abelanang. Ke ka ga jang go tlhaloganya boikaelelo jwa Mokgatlho wa Thuso go tlaa baakanyetsang bomorwadie Modimo masego a botshelo jo bo sa khutleng?

Setshwantsho
Relief Society seal

Tumelo Lelwapa Thuso

“Go tlhomamisa ke go aroganya kgotsa go abela sengwe se se boitshepo, se lebane le tiriso e e boitshepo,” go bua Mogolwane D. Todd Christofferson wa Quorum of the Twelve Apostles. “Go atlega ga nnete mo botshelong gotla fa re tlhomamisa matshelo a rona—se ke, nako ya rona le se re se tlhophang—se e leng maikaelelo a Modimo.”1

Mogolwane Neal A. Maxwell (1926–2004) wa Quorum of the twelve Apostles o ne are, “Re na le go akanya gore go tlhomamisa go a busetsa, fa re laotswe, go fa tse re nang natso. Mme go tlhomamisa mo go tseneletseng ke go fa botshelo jwa gago Modimo.”2

Fa re tlhomamisa matshelo a rona go diragatsa maikaelelo a Modimo, tumelo ya rona mo go Jeso Keresete le go swela dibe tsa rona e tlaa oketsega. Fa re tshela botshelo jo bo tlhomamisitsweng, re ka dirwa boitshepo ke ditiro tsa rona.

Carole M. Stephens, mogakolodi wa ntlha mo boporesidente jwa Relief society, o ne are: “Mogolwane Robert D. Hales o ne a ruta, ‘fa re dira ebo re tshegetsa dikgolagano, re tswa mo lefatsheng mme re tsene mo Bogosing jwa Modimo.’

“Rea fetoga. Re lebega re farologane, le go dira dilo ka pharologanyo. Dilo tse re di reetsang le tse re di balang le tse re di buang ga di tshwane, le se re se aparang se pharologane ka gore re nna barwadia Modimo re golagane ka dikgolagano.”3

Tlhomamiso ke kgolagano e Modimo a e dirang “le ntlo ya Iseraela; morago ga malatsi ao, go bua Morena, ke tlaa baya molao wame mo boteng jwa bona, le go o kwala mo pelong tsa bona; ke tlaa nna Modimo wa bona, mme ba tlaa nna batho bame” (Jeremiah 31:33). Go tshela botshelo jo bo tlhomamisitsweng go ka fa thulaganyong ya Modimo go rona.

Dikwalo tsa tumelo tse di tlaleletsang

1 Thessalonians 1:3; Dithuto le Dikgolagano 105:5;

reliefsociety.lds.org

Dintlha

  1. D. Todd Christofferson, “setshwantsho sa botshelo jo bo tlhomamisitsweng,” Liahona, May 2010, 16.

  2. Neal A. Maxwell, “Tlhomamisa tirelo ya gago,” Liahona, Phukwi 2002, 39.

  3. Carole M. Stephens, “Go thanyetsa tiro ya gago,” Liahona, Nov 2012, 115–16

Gatisa