2017
Botshelo jwa Barutwana
August 2017


Molaetsa wa Boporesidente jwa Ntlha, Phatwe 2017

Botshelo jwa Barutwana

Dingwaga tse masome mararo tse di fetileng ko Ghana, moithuti yo o bidiwang Doe o ne a tsena mo ntlong ya kobamelo ele lantlha. Tsala e ne e laleditse Doe go tla le ena, mme Doe o ne a batla go itse gore kereke e ntse jang.

Batho ba ne ba siame thata mo a neng a ipotsa, “ke kereke ya mohuta mang e?”

Doe o ne a kgatlhega mo a feletseng a tsaya tshweetso ya go ithuta go le gontsi ka kereke le batho ba yone, ba ba neng ba tletse boitumelo. Mme nne yare a simolola go dira jalo, ba lwapa le ditsala ba nna kgatlhanong ntlha tsotlhe. Ba buwa tse di maswe ka kereke mme ba dira tsotlhe gore a seke a tsena kereke.

Mme Doe o ne a setse a amogetse bopaki.

O ne ana le tumelo, mme a rata efangeli, ye e neng ya tlatsa botshelo jwa gagwe ka boitumelo. Mme ka jalo, a kolobediwa.

Moragonyana, a inaakanya le go ithuta mme a rapela. O ne a itima dijo mme a batla mowa o o boitshepo mo botshelong jwa gagwe. Maduo a teng a nna gore, bopaki le tumelo ya ga Doe tsa gola thata. Kgabagare o ne a tsaya tshweetso ya go direla ele moanamisa efangeli.

Morago ga go anamisa efangeli, o ne a nyalwa ke yo a kileng a anamisang efangeli—yo a mo kolobeditseng ngwaga tse di fetileng—mme ba kopanngwa ko Tempeleng ya Johannesburg Africa Borwa.

Dingwaga tse di ntsi di fetile morago ga gore Doe Kaku a itemogele boitumelo jwa efangeli ya ga Jeso Keresete. Mo nakong eo, botshelo bo ne bo se bonolo mo go ena. O nnile le dikgwetlho tsa go thujwa pelo, go latlhegelwa ke bana ba le babedi—botlhoko jwa maitemogelo ao bo santse bo imela pelo ya gagwe.

Mme ene le monna wa gagwe, Anthony, ba lekile go momagana le go nna gaufi le Rara yo o kwa Legodimong, yo ba mo ratang ka pelo tsa bone tsotlhe.

Tsatsi jeno, dingwaga tse masome mararo morago ga kolobetso, Mokaulengwe Kaku o sa tswa go fetsa tirelo ya go anamisa efangeli—jaanong o ne a patilwe ke monna wa gagwe, yo e neng ele mokamedi wa kanamiso ya efangeli ko Nigeria.

Ba ba itseng Mokaulengwe Kaku bare gona le sengwe se se haphegileng ka ena. Oa galalela. Go thata go nna le ena mme o tlhoke go itumela le wena.

Bopaki jwa gagwe bo tsepame: “Kea itse gore Mmoloki o mpona ke le morwadie le tsala (bona Mosiah 5:7; Ether 3:14),” A rialo. “Mme kea ithuta gape ke leka thata go nna tsala ya gagwe—ese fela ka go buwa mme le ka se ke se dirang.”

Re barutwana

Polelo ka Mokaulengwe Kaku e tshwana le tsa bale bantsi. O ne ana le keletso ya go itse nnete, O dueletse go nna le lesedi la semowa, O supegeditse lorato la gagwe mo Modimong le batho ka ene, mme mo mosepeleng o a nne le dikgwetlho.

Mme go sa kgathelesege ba ba kgatlhanong, go sa kgathelesege gore dikgwetlho ke eng, o ne a gatela pele ka tumelo. Mme jaaka go le botlhokwa, O ne a nna ka boitumelo. O ne a bona tsela e a ka tshelelang mo dikgwetlhong tsa botshelo mme a kgaratlha ntswa dile teng!

Polelo ya gagwe e tshwana le ya gago le yame.

Mosepele wa rona ga o nke o tsamaya ka thelelo kgotsa o sena diteko.

Rotlhe rena le go nna ka pelo tse di botlhoko, go sa itumela , le go nna ka matlhoko.

Re ka ikutlwa re nyema moko mme nako tse dingwe re utlwe re tlalelelwa.

Mme ba ba tshelang botshelo jwa barutwana—ba ba tshelelang mo tumelong; ba ba tshepang Modimo le go tshegetsa ditaelo tsa gagwe;1 ba ba tshelang efangeli tsatsi le letsatsi le oura le oura; ba ba fang tirelo e e tshwanang le ya ga Keresete go ba ba tshelang gaufi le bona, tiro tse di siameng ka bongwe—ke dingwe tsa dilo tse di potlana tse di dirang phetogo e e kgolo.

Bao ba ba nang le tshiamo, ba itshwarela, mme ba le mautlwelo botlhoko ke ba ba mautlwelo botlhoko ba ba tlaa amogelang mautlwelo botlhoko.2 Ba ba dirang lefatshe lefelo le le botoka, mongwe yo o kgathalang o tsaya kgato ka nako, mme a leka go tshela ka tshegofatso, kgotsofatso, le botshelo jwa kagiso jwa barutwana ba ga Jeso keresete ke ba ba tlaa bonang boitumelo.

Ba tlaa itse gore ”lorato la Modimo, lo lo amaneng kwa ntle mo dipelong tsa bana ba batho… Ke se se eletswang go feta dilo tsotlhe… Mme ke se se itumedisang mowa.”3

Gatisa