2018
Rapelela Kgaitsadi Mongwe le Mongwe ka Leina
March 2018


Melawana ya Thuto ya Tekolo, Mopitlo 2018

Rapelela Kgaitsadi Mongwe le Mongwe ka Leina

Lorato lwa rona le tlhotlheletso mabapi le bao re ba rutang ka tekolo di tlaa oketsega fa re rapela ka boikokobetso ka ga mme mongwe le mongwe ka leina la gagwe.

Tumelo, Lelwapa, Thuso

Setshwantsho
Kano ya Mokgatlho wa Thuso

Dikwalo tse di boitshepo di abelana dikai tse dintsi tsa banna le basadi ba ba rapeletseng ba bangwe ka maina. Mo gare ga tse di makatsang thata ke rraagwe Alema yo Mmotlana Moengele o buile le Alema yo Mmotlana, a mmolelela gore rraagwe[o] rapetse ka tumelo kgolo mabapi le wena … ; ke gone ka moo, ka maikaelelo a ke tsile go go lemotsha ka thata le taolo ya Modimo, gore dithapelo tsa batlhanka ba gagwe di ka arabiwa go yeng ka fa tumelong ya bone.” (Mosiah 27:14).

Go rapelelana go bula dipelo tsa rona go amogela ditshegofatso tse Morena a eletsang go re di neela. “Maikaelelo a thapelo ga se go fetola go rata ga Modimo, mme ke go ipeela le ba bangwe ditshegofatso tseo Modimo a ntseng a eletsa go di re neela, mme gore re tshwanetse go di kopa go re re tle re amogele”1

Mongwe wa bomme o boletse gore ka motlha wa sebaka se se thata mo botshelong jwa gagwe go lelediwa kana go kwalelwa molaetsa gantsi go ne go tswa mo baruting ba gagwe ba tekolo “segolo jang malatsi a thata.” Ba ne ba lebega ba itse fela fa a tlhoka kgothatso. O ne a itse gore ba mo rapelela, gotlhe ka nako ya ditekolo le nako tsa bone.

“Akanya ka thata ya rona e e kopanyeng fa mme mongwe le mongwe a na le thapelo e e tlhwaafetseng moso mongwe le mongwe le bosigo kgotsa, botoka, ba rapetse ba sa eme jaaka Morena a laotse,” ga bua Julie B. Beck; Poresidente ya pele ya Mokgatlho wa Thuso wa Kakaretso.2 Go rapelela bao ba re ba rutang go a re nonotsha ka bongwe le jaaka bomme ba Baitshepi ba Malatsi a Bofelo.

Poresidente Henry B.Eyring, Mogakolodi wa Ntlha mo Boporesidente jwa Ntlha, o buile: “Rapelela tsela ya go itse dipelo tsa bone. … O tlaa tlhoka go itse se Modimo a ratang o se dira go ba thusa le go dira gotlhe, jaaka o ka kgona, o utlwa lorato lwa Modimo go bone.”3

Dintlha

  1. Guide to the Scriptures, “Thapelo”

  2. Julie B. Beck, “What Latter-day Saint Women Do Best: Stand Strong and Immovable,” Liahona, Nov. 2007, 110.

  3. Henry B. Eyring, “Priesthood and Personal Prayer,” Liahona, May 2015, 85.

Gatisa